Letsha la Bangweulu

Letsha la Bangweulu ('moo metsi a kopanang le loapi'[1]) ke letsha la metsi a a foreshe kwa lefatsheng la Zambia bokone. Bangweulu ke nngwe ya ditikwatikwe tse dikgolo tsa lefatshe tsa mafatshe a a bongola, e e akaretsang Letsha la Bangweulu, Mafatshe a a bongola a Bangweulu le dipoa tsa Bangweulu kgotsa dipoa tsa merwalela. [2]E e leng mo karolong e e kwa godimo ya noka ya Congo kwa Zambia, thulaganyo ya Bangweulu e akaretsa lefelo le le sephaphathi le le batlang le lekana le Connecticut kgotsa East Anglia, kwa bogodimong jwa 1,140 m go kgabaganya metsana ya Zambia ya Luapula le porofense ya Bokone. E botlhokwa thata mo ikonoming le ditshedi tse di farologaneng tsa kwa Zambia bokone, le mo dinonyaneng tsa kgaolo e kgolo thata, mme e lebane le mathata a tikologo le mathata a tshomarelo.[3]
Letšha la Bangweulu le le boleele jwa dikilometara di le masome a supa le botlhano le bophara jwa dikilometara di le masome a mane (40), le na le metsi a a bulegileng a a ka nnang dikilometara di le 3.000 mme le a oketsega fa mafelo a lone a a tletseng ka merwalela le a a nang le merwalela a nna le metsi a mantsi kwa bofelong jwa paka ya dipula ka Motsheganong. Lefelo le le kopaneng la letsha le mafelo a a nang le metsi le fitlha go 15 000 km2. Letsha le na le boteng jwa bone (4 m) fela, [4][5]mme boteng jo bo kwa godimo ke lesome (10 m). [6]
Tsamaiso ya Bangweulu e fepiwa ke dinoka tse di ka nnang lesome le bosupa tse Chambeshi (e leng motswedi wa Noka ya Congo) e leng yone e kgolo go di feta tsotlhe, mme e nosediwa ke Noka ya Luapula.[3]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "Lake Bangweulu". www.zambia.travel. Retrieved 2024-11-19.
- ↑ Camerapix: Spectrum Guide to Zambia. Camerapix International Publishing, Nairobi, 1996.
- 1 2 Halls, A.J. (ed.), 1997. "Wetlands, Biodiversity and the Ramsar Convention: The Role of the Convention on Wetlands in the Conservation and Wise Use of Biodiversity". Ramsar Convention Bureau, Gland, Switzerland
- ↑ Google Earth (http://earth.google.com) accessed 31 January 2007.
- ↑ ILEC Data Summary: Lake Bangweulu. Website accessed 30 January 2007
- ↑ Lake Profile: Bangweulu. Accessed 8 September 2021