Jump to content

Letsha la Chilwa

Go tswa ko Wikipedia

Letsha la Chilwa ke letsha la bobedi ka bogolo kwa Malawi le sala morago letsha la Malawi. Le kwa kgaolong e e kwa botlhaba ya Zomba, gaufi le molelwane le lefatshe la Mozambique. Le dikhilomithara di le masome a marataro ka boleele le bophara jwa dikhilomithara di le masome a mane, letsha le dikaganyeditswe ke makgobokgobo. Go na le setlhaketlhake fa gare ga letsha, se se bidiwang setlhaketlhake sa Chisi. Letsha ga le tsholole metsi, seelo sa metsi se laowa thata ke dipula tsa dipaka tse di farologaneng le go tsewa ke phefo le letsatsi ka paka ya selemo. Ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe, masome a marataro le borobabobedi, letsha le ne la nyelela ka seemo sa bosa se se neng se omeletse thata. Fa David Livingstone a etela letsha ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabobedi, masome a matlhano le borobabongwe,[1] o ne a bega gore molelwane wa lone o o kwa borwa o goroga kwa Mulanje Massif, mo go neng go tlaa dira letsha boleele jwa dikhilomithara di le masome a mararo le bobedi (dimithara di le lesome) go gaisa jaaka le ntse gompieno.

Lekgotla la Danish International Development Agency, le bereka le puso ya Malawi le ntse le berekago netefatsa tshomarelo ya letsha la makgobokgobo. Lenaneo la Lake Chilwa Basin Climate Change Adaptation Programme le simolotswe go leka go somarela kgaolo e, e e seng makgobokgobo a a botlhokwa fela, mme gape e le motswedi o mogolo wa ditlhapi mo kgaolong.[2]

Diphologolo tsa naga

[fetola | Fetola Motswedi]

Mefuta ya ditlhapi e e tlwaelesegileng ya letsha la Chiwa ke Barbus paludinosus, Oreochromis, Clarias gariepuinus, Brycinus imberi le gnathonemus.[3] Letsha le na le dinonyane di ka nna sedikadike le dikete di le makgolo a matlhano ka mefuta e le lekgolo le masome a marataro. Dingwe tsa tsone di fuduga mo tseleng ya phefo ya Asia - Botlhaba jwa Aforika go tswa Siberia ngwaga le ngwaga. Ka mefuta ya dinonyane e le lesome le bobedi, palo e feta 1% wa dinonyane tse di mo tseleng e ya phefo. Palo ya batho ba ba gaufi le letsha le e kwa tlase mme e a gola, dinonyane tsa metsi di tsomelwa go jewa fa metsi a le kwa tlase go tshwara ditlhapi go se motlhofo. Maiteko a a diriwa a go netefatsa gore go tsoma go diriwa ka tsela e e siameng.[4]

Itsholelo

[fetola | Fetola Motswedi]

Metse e ka nna makgolo a mararo, masome a mararo le botlhano e na le banni ba le dikete di le masome a marataro[5] , ba ba tsayang karolo mo go tshwareng ditlhapi mo letsheng le, go tshwarwa ditlhapi di ka nna bokete jwa dikete di le lesome le bosupa ka ngwaga, 20% wa ditlhapi tsotlhe tse di tshwarwang kwa Malawi.[6]

  1. Chisholm, Hugh, ed. (1911). "Chilwa" . Encyclopædia Britannica. Vol. 6 (11th ed.). Cambridge University Press. p. 164.
  2. "Lake Chilwa Basin Climate Change Adaptation Programme". Archived from the original on 2016-03-05. Retrieved 2026-06-29.
  3. Njaya, Friday J. (2001). "Management options for Lake Chilwa, Malawi" (PDF). UNU Fisheries Training Programme. United Nations.
  4. Boere, G. C.; Galbraith, Colin A.; Stroud, David A. (2006). Waterbirds around the world: a global overview of the conservation, management and research of the world's waterbird flyways. The Stationery Office. p. 255. ISBN 0-11-497333-4.
  5. Kalinga, Owen J. M. (2012-01-01). Historical Dictionary of Malawi. Rowman & Littlefield. ISBN 9780810859616.
  6. "Livelihoods Drying Up on Malawi's Lake Chilwa | Inter Press Service". www.ipsnews.net. 17 August 2012. Retrieved 2026-06-29