Jump to content

Letsha la Mai-Ndombe

Go tswa ko Wikipedia
Letsha la Mai-Ndombe kwa nokeng ya Fimi, ka bohibidu

Letšha la Mai-Ndombe (ka seFora: Lac Mai-Ndombe, ka puo ya Dutch: Mai-Ndombemmer) ke letsha le le kwa kgaolong ya Mai-Ndombe kwa bophirima jwa Democratic Republic of the Congo. Letsha le mo lefelong la Tumba-Ngiri-Maindombe, lefelo la makgobokgobo le letona ka botlhokwa le lemogiwa ke bokopano jwa Ramsar mo lefatsheng ka bophara.[1]

Letsha le tshologela kwa borwa le raletse noka ya Fimo go ya kwa dinokeng tsa kwah le Congo. Go fitlhelela ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le masome a supa le bobedi le ne le itsiwe e le letsha la Leopold II, kgosi wa batho ba Belgium. Mai-Ndombe ke lefoko le le rayang "metsi a mantsho" ka puo ya Kikongo. Letsha le bopegile ka mo go sa tlwaelesegang le farologana ka boteng go tswa dimithara di le tlhano fela go tsena di le lesome. Le apesitse lefelo la dikhilomithara di le dikete pedi, makgolo a mararo, le itsege ka go oketsega gabedi kgotsa ga raro ka paka ya pula. Metsi a lone a na le okisejene mo boteng jwa one otlhe. Matshitshi a a kwa tlase a a dikgwa a dikologile letsha ka ditlhare tsa pula kwa bokone le sekgwa kwa borwa.

Ditshekatsheko di upolotse mefutafuta ya ditshedi mo nokeng le go e dikologa, ka diphologolo di tshwana le mefuta e mebedi ya otter, bokgano, dinonyane tsa metsi, dikwena le dikhudu.[2]

Letsha la Mai-Ndombe le na le metsi a mantsho a a nang le asiti, ditlhapi tsa letsha le ga go a kwalwa ka tsone thata, fa go tshwantshanngwa le dikgaolo ste dingwe kwa kgampung ya noka ya Congo.[2] Le ntswa le tshwana ka popego le letsha la Tumba gape le kopane le lone ka mesele le makgobokgobo, go na le dipharologanyo mo ditlhaping tse di mo matsheng a mabedi a, le mefuta e mengwe e e tshwanang.[2][3] Ditshekatsheko tsa pele di dirilwe ke George Albert Boulenger sedikadike sa dingwaga se se fitileng, go nnile le dipatlisiso di se kae tsa ditlhapi tsa letsha le. [2]Sekai, tshekatsheko ya ntlha ya bontlha jo bo kwa bokone e dirilwe ka ngwaga wa dikete tse pedi le bobedi .[4] Mefuta e le masome mararo ya ditlhapi e a itsiwe, mme palo e a akanyediwa gore e feta eo.[2] Go na le mefuta e metlhano ya ditlhapi tse di fitlhelwang mo nokeng e fela: catfish Amphilius le cichid Hemichromis di tlhalositswe ke Boulenger.[2] Tse di setseng ke tse di bonweng mo bosheng : ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le masome a robabobedi le bone , mofuta o mosha wa cichid o ne wa bonwa mo letsheng.[5] Ka ngwaga wa dikete tse pedi le borataro, mofuta o mongwe wa chichi o ne wa bonwa,[4] ka ngwaga wa dikete tse pedi le masome a robabobedi mofuta wa catsfish o ne wa kwalwa.[3]

Ditirelo tsa itsholelo

[fetola | Fetola Motswedi]

Mangwe a mafelo a kompone ya boroko ya Sodefor a kwa bokone le borwa jwa letsha la Mai-Ndombe.[6] Ka kgwedi ya Ngwanatsele a le masome mabedi le borobabobedi ngwaga wa dikete tse pedi le masome a robabongwe, mekoro e le mebedi e ne ya nwela ya baka tatlhegelo ya matshelo a le masome a supa le boraro. Mokoro o ne o sa letlelelwa go pega bapagami, mme go ne go dumelwa o ne o pegile batho ba le makgolo a mabedi le masome a supa ka nako eo.[7]

Letsha la Mai-Ndombe le mafaratlhatlha a noka a dirisiwa gantsi go pega batho go kgabaganya lefatshe ka mafaratlhatlha a tsela a sa lekana. Bontsi jwa mekoro e pega batho ba le makgolo letsatsi le letsatsi. Bontsi jwa mekoro e e megologolo ebile ga e tlhokomelwe. Ka letsatsi la Matlhatso , malatsi a le masome mabedi le botlhano ka kgwedi ya Motsheganong ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le borobabongwe , sekepe sa bapagami se pegile bapagami ba le makgolo a mararo, le masome a matlhano o ne wa nwela ka ntlha ya diphefo. Bapagami ba feta masome a mane le botlhano ba ne ba tlhomamisiwa fa ba tlhokafetse ka letsatsi la ntlha, ba feta lekgolo ba ne ba santse ba sa bonwe. Fa e tsiboga puso e ne ya re e tlaa kganela mekoro ya bapagami ya logong e e dingwaga di tlhano le go feta go tsamay mo letsheng.[8]

  1. "Logging concession different periods" (PDF). Institute for Environmental Security. Archived from the original (PDF) on 2016-03-04. Retrieved 2026-06-25
  2. 1 2 3 4 5 6 Peck, E. (2013, updated 2015). Mai Ndombe Archived 2017-01-16 at the Wayback Machine. Freshwater Ecoregions of the World. Retrieved 25 June 2026
  3. 1 2 Michael Hardman; Melanie L.J. Stiassny. "A sexually dimorphic species of Chrysichthys (Siluriformes: Claroteidae) from Lac Mai-Ndombe, Democratic Republic of the Congo". Ichthyol. Explor. Freshwaters. 19 (2): 175–184 – via ResearchGate.
  4. 1 2 Ulrich K. Schliewen; Melanie L. J. Stiassny (April 10, 2006). "A new species of Nanochromis (Teleostei: Cichlidae) from Lake Mai Ndombe, central Congo Basin, Democratic Republic of Congo". Zootaxa. 1169 (33) – via ResearchGate.
  5. Donald J. Stewart; Tyson R. Roberts (February 23, 1984). "A New Species of Dwarf Cichilid Fish with Reversed Sexual Dichromatism from Lac Mai-Ndombe, Zaïre". Copeia. 1984 (1): 82–86. doi:10.2307/1445037. JSTOR 1445037.
  6. "Carte Illustrative Actions Sociales". SODEFOR. Archived from the original on 2016-03-04. Retrieved 2026 -06-25
  7. BBC News article reporting the boat sinking
  8. "30 dead, more than 150 missing after boat sinks on Congo lake". CNN. 2019-05-27. Archived from the original on 2019-07-12.