Letsha la Ngami
Letsha la Ngami ke letsha le le senang tsela ya metsi go ya lewatleng mo Botswana, kwa bokone jwa sekaka sa Kalahari. Le tladiwa ka dipaka ke Noka ya Taughe, motswedi wa Noka ya Okavango yo tswang mo tsamaisong ya noka ya Okavango mo letlhakoreng la bophirima la Okavango Delta. Ke nngwe ya masalela a a kgaoganeng a Letsha la bogologolo la Makgadikgadi. Le fa letsha le le ngotlegile thata go simolola ka ngwaga wa sekete, makgolo a le boferababobedi le masome a le borobabongwe (1890), le sa ntse e le lefelo le go nnang dinonyane le diphologolo tsa naga, segolobogolo mo dingwageng tsa morwalela.[1]
Maeto
[fetola | Fetola Motswedi]Letsha la Ngami le ne le na le baeng ba le bantsi ba ba tumileng mo lekgolong la bolesome le boferabongwe (le go tsena mo lekgolong la bomasome mabedi) la dingwaga. Ka 1849 David Livingstone o ne a e tlhalosa e le "letsha le le phatsimang, le le boleele jwa dikilometara di ka nna lekgolo le masome a mararo (130m) le bophara jwa dikilometara di le masome a mararo". Livingstone gape o ne a dira dintlha di le mmalwa tsa setso ka batho ba ba nnang mo lefelong leo; o ne a lemoga gore ba na le polelo e e tshwanang le ya Tora ya Babele, ntle le gore ditlhogo tsa baagi di ne di "phatlogile ka ntlha ya go wa ga didirisiwa tsa kago " (Missionary Travels, kgaolo ya masome a mabedi le borataro).
Sengwe sa ditshwantsho se itsege se dirilwe mo motheong wa go tshwantsha wa ga Rre Alfred Ryder (1825-1850), morwa wa motaki William Mills Rider (1795 - 1841), lekawana la letso la sekgoa le le neng le etetse Letsha la Ngami dikgwedi di le mmalwa fela pele Livingstone a goroga koo. O ile a tlhokafala fa a le mo tseleng a boa. Ryder o ne a dirile setshwantsho sa letsha mme le fa se ne se tlogetswe se sa felelediwa, Livingstone o ne a dira gore Mme Ryder a dumalane go se mo adima go dira tshupegetso mo bukeng ya gagwe.Kwa ntle ga go kopolola pono ya letsha ka kelotlhoko, motaki yo o thapilweng ke Murray o ne a kopiwa go tsenya balelapa mo setshwantshong go se dira maleba thata go tsamaelana le maikaelelo a ga Livingstone .[2][3][4]
Charles John Andersson (yo o gatisitseng Lake Ngami; or, Explorations and Discoveries during Four Years' Wanderings in the Wilds of Southwestern Africa ka 1856) le Frederick Thomas Green le bone ba ne ba etela lefelo le mo tshimologong ya dingwaga tsa bo1850. Frederick Lugard o ne a etelelela pele letsholo la Maborithane go ya kwa letsheng le ka ngwaga wa sekete makgolo a le boferabobedi, masome a le borobabongwe le borataro (1896). Arnold Weinholt Hodson o ne a feta mo lefelong le mo loetong lwa gagwe go tswa kwa Serowe go ya kwa Victoria Falls ka ngwaga wa sekete lemakgolo a le borobabongwe le borataro (1906).
Ngami Lacuna, e leng letsha la gase ya methane le le mo ngweding wa Saturn e leng Titan, le biditswe ka letsha le.
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "Okavango Flood Update - June 04". www.wilderness-safaris.com. 1 June 2004. Archived from the original on 6 June 2004.
- ↑ 8 Letter from Livingstone to J. J. Freeman, Kolobeng, 24 Aug 1850 quoted in Livingstone’s Missionary Correspondence 1961: 153, note 4. Also see Livigstone’s letter to John Murray, 4 Feb [1857], National Library of Scotland, David Livingstone Papers, Ms 10779/12a.
- ↑ Travels And Researches In South Africa By David Livingstone 1857: “Missionary travels and Researches in South Africa Including a Sketch of Sixteen Years Residence in the Interior of Africa, and a Journey from cape of Good Hope to Loanda on the West Coast; Thence across the Continent, Down the River Zambezi, to the Eastern Ocean”. By David Livingstone, L.L.D..D.C.L., Fellow of the faculty of Physicians and Surgeons, Glasgow; Corresponding Member of the Geographical and Statistical Society of New York; Gold medallist and Corresponding Member of the Royal geographical Societies of London and Paris F.S.A., Etc, Etc
- ↑ Tait's Edinburgh magazine - Volume 24 - Page 727: "The missionary travelled 60 miles to administer relief, but he arrived after Mr Alfred Rider a young artist to at penetrated Africa to Sketch its scenery had perished. The volume contains a sketch of Ngami engraved from his drawing, which was unfinished at his death.
1.Dikgang tsa Morwalela wa Okavango - Seetebosigo a le malatsi a le mane. http://www.wilderness-safaris.com. Seetebosigo a le letsatsi, 2004. E bolokilwe go tswa mo go ya ntlha ka Seetebosigo a le malatsi a le borataro, 2004.
2.Lekwalo le le tswang go Livingstone go ya go J. J. Freeman, Kolobeng, Phatwe a le malatsi a le masome a mabedi le bone, 1850 le nopotswe mo go Livingstone’s Missionary Correspondence 1961: leqephana 153, ntlha ya bone. Bona gape lekwalo la ga Livingstone go John Murray, Tlhakole a le malatsi a le mane, Motlobo wa Lefatshe la Scotland,dipampiri tsa ga David Livingstone , Ms 10779/12a._[1857]
3.Maeto le Dipatlisiso mo Aforika Borwa ka David Livingstone 1857: Maeto a Moruti le Dipatlisiso mo Aforika Borwa Go Akaretsa Setshwantsho sa Dingwaga di le lesome le borataro tsa Go Nna mo Gare ga Aforika, le Leeto go tswa kwa Kapa wa Good Hope go ya Loanda kwa lebopong la lewatle la Bophirima; Fa go tswa gone go ralala lefatshe, go ya kwa tlase ga noka ya Zambezi, go fitlha kwa lewatleng la Botlhabatsatsi.
4. Bukana ya ditshwantsho ya ga Tait ya Edinburgh - Buka ya masome a mabedi- Tsebe 727: Moruti yo o ne a tsamaile dikilometara di le masome a le boferabongwe le borataro go thusa batho, mme o ne a fitlha morago ga Rre Alfred Rider motaki wa monana yo o neng a tsene mo Aforika go taka mafelo a lone a neng a nyeletse. Buka e na le setshwantsho sa Ngami go tswa mo ditshwantshong tsa gagwe, se se neng se sa fela ka nako ya loso lwa gagwe.
Tsa kwa ntle
[fetola | Fetola Motswedi]- Bala dikgang tsa beke le beke tsa selegae mo The Ngami Times.
- Chisholm, Hugh, ed. (1911). "Ngami" . Encyclopædia Britannica (11th ed.). Kgatiso ya Cambridge University .