Jump to content

Letsha la Rukwa

Go tswa ko Wikipedia

Letsha la Rukwa ke letsha le le sa tsheleng metsi kwa metsweding e mengwe kwa mokgatsheng wa wa Rukwa kwa Songwe, kgaolo ya Katavi kwa borwa bophirima jwa Tanzania. Letsha le, ke la boraro ka botona mo lefatsheng leo.

Letsha le le botlha la Rukwa le kwa gare ga letsha la Tanganyika le letsha la Malawi kwa dimithareng di le makgolo a robabobedi kwa godimo. Sephatlho sa letsha se kwa Uwanda Game Reserve.[1]

Modikologo wa metsi

[fetola | Fetola Motswedi]

Letsha le itemogetse dipharologanyo tse ditona mo dingwageng, ka ntlha ya ya gofarologana ga metsi a a tsenang. Gompieno le boleele jwa dikhilomithara di lekgolo le masome a robabobedi le bophara jwa dikhilomithara di le masome a mararo le bobedi, mo raya gore le dikhilomithara di le dikete di le tlhano, makgolo a supa le masome a marataro ka selekanyo.[2] Ka ngwaga wa 1929 le ne le le boleele jwa dikhilomithara di le masome a mane le borobabobedi, mme ka 1939 le ne le le dikhilomithara di le lekgolo, masome a mabedi le borobabobedi ka boleele le bophara jwa dikhilomithara di le masome mane.[3] Ka nako ya go phatloga ga bontlha jo jwa Aforika ga ntlha, kgampu ya letsha la Rukwa le ka tswa ka dinako tse dingwe le ne le le bontlha jwa kgampu e tona e e neng e akaretsa dikgampu tsa matsha a Tanganyika le Malawi, matshitshi a bogologolo a supa letsatsi la go tshologela kwa letsheng la Tanganyika ga 33,000 BP.[4] Gore go nne le tshologo gape, go tsholetsega ga letsha go tlaa tshwanelwa ke go nna dimithara dil makgolo a robabongwe. Go tshologela kwa letsheng la Malawi go ka se kgonege gone jaana, ka tselana e e fa gare ga dikgampu e le kwa godimo ka dimithara di le dikete pedi.[5] (Letsha laTanganyika le la Malawi a ka tshologela kwa letsheng la Rukwa ka a setse a tshologela kwa lewatleng la Atlantic le Indian).

Go na la kokoano ya ditshipi di tshwabna le Zinc, mercury, copper, lead, chromium le nickel mo seretseng, metsi le ditlhapi tsa Clarius gariepinus kwa letsheng la Rukwa.[6]

Go epololwa ga Helium

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka ngwaga wa 2016, dimithara di le bilone e le nngwe tsa gase ya helium di ne tsa bonwa kwa letsheng la Rukwa tsa tlhwatlhwa ya dibilone tse tharo le botlhano.[7]

  1. "Rukwa Uwanda Game Reserve". Utalii Travel and Safari. Archived from the original on 22 November 2011. Retrieved 19 June 2026
  2. Google Earth accessed 19 June 2026
  3. Encyclopædia Britannica Online/Lake Rukwa
  4. Lévêque, Christian (1997). Biodiversity Dynamics and Conservation: The Freshwater Fish of Tropical Africa. Cambridge University Press. p. 110.
  5. Google Maps
  6. Mapenzi, Levinus Leonard; Shimba, Moses Joel; Moto, Edward Angelo; Maghembe, Reuben Silas; Mmochi, Aviti John (January 2020). "Heavy metals bio-accumulation in tilapia and catfish species in Lake Rukwa ecosystem Tanzania". Journal of Geochemical Exploration. 208 106413. doi:10.1016/j.gexplo.2019.106413. ISSN 0375-6742.
  7. "Helium 'could earn Tanzania $3.5bn'". www.thecitizen.co.tz. July 8, 2016. Archived from the original on August 28, 2016. Retrieved 19 June 2026