Jump to content

Letsha la Rweru

Go tswa ko Wikipedia
Letsha la Rweru

Letsha la Rweru ke letsha le le gaufi le ntlha e e kwa bokone thata ya Burundi kwa bogareng jwa Afrika. Losi lwa bokone lwa letsha leno ke karolo ya molelwane wa Burundi le Rwanda. Ke lefelo le le kgakala thata la tshimologo ya Noka ya Nile. Noka ya Kagera, e batho ba le bantsi ba e tsayang e le kwa Nile e simololang gone, e tlhatlogela kwa karolong e e kwa bokone jwa letsha leno, e e kwa Rwanda .

Thutafatshe

[fetola | Fetola Motswedi]

Letsha leno le na le bogolo jwa dikilometara di le lekgolo fa gare ga mafatshe a mabedi, e leng Burundi (dikhilomitara di le 80) le Rwanda (dikhilomitara di le 20). Letsha le na le lebopo le le ka nnang dikhilomitara di le masome a supa le borataro Letsha le le boteng thata mo dikarolong tse dintsi mme le na le boteng jo bo magareng jwa 2.1 m ka boteng jwa lone jo bo kwa godimo ga dikhilomitara di le tharo jo bo fitlhelwang kwa Burundi. Noka ya Kagera e elela go tswa mo letsheng le le kwa Burundi mme e elela kwa botlhaba go bapa le molelwane wa Rwanda go fitlha e kopana le Noka ya Ruvubu.[1]

Kganetsano

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka kgwedi ya Phatwe ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le bone batshwaraditlhapi kwa Burundi ba ba nnang go dikologa letsha leno kwa Porofenseng ya Muyinga ba ne ba bona ditopo di feta masome a mane tse di sa itsiweng tse di kokobetseng mo letsheng leno. Bontsi jwa ditopo di ne di phuthetswe ka polasetiki. Ditopo tse di bonweng di ne di le mo dikgatong tse di kwa pele tsa go bola, mme seno se ne sa tshosa batho ba motse wa selegae ka ntlha ya matshwenyego a botsogo.[2]Burundi e bolela gore ditopo tsotlhe tse di bonweng e ne e le tsa Rwanda ka bosetšhaba mme ga go na diphetso tse di ka ikanngwang tsa gore ditopo di bolailwe jang. Mafatshe ano ka bobedi a ganetsa gore ditopo tseno ke tsa baagi ba one.[3]Biro ya Dipatlisiso ya Bosetšhaba go tswa kwa United States e ne ya dumela go tsaya kgetse eno morago ga gore mafatshe ano ka bobedi a bontshe go tlhoka kgatlhego ya go sekaseka kgang eno.[4]

  1. "Lake Rweru - Fortune of Africa Rwanda". fortuneofafrica.com. Archived from the original on 2017-03-09. Retrieved 2017-03-05.
  2. "Burundi investigates 'Rwandan bodies' in Lake Rweru". BBC News. 2014-08-26. Retrieved 2016-10-14.
  3. "Burundi says 40 corpses found in lake were Rwandans". Reuters. 2016-10-14. Retrieved 2016-10-14.
  4. "Mystery over bodies found in Lake Rweru". Daily Nation. Retrieved 2016-10-14.