Letsha la Togo

Letsha la Togo (ka seFora: Lac Togo) ke letsha le letona thata kwa Togo, le le kgaoganngwang le lewatle la Atlantic ke mosele o mosesane wa lotshitshi. Ke lefelo le le seng boteng le tlwaelesegile ka metshameko ya metsi. Ditoropo tse di mo lotshitshing lwa letsha di akaretsa Agbodrafo le Togoville.[1] Motsamao mo letsheng gantsi ke ka mokoro.[2]
Tlholego ya letsha la Togo
[fetola | Fetola Motswedi]Letsha la Togo le ka nna dikhilomithara di le lesome le botlhano ka boleele, di le thataro ka bophara le di le masome a marataro le bone ka go atologa ga lone. Le amogela metsi go tswa kwa nokeng ya Sio kwa borwa-bophirima le melatswana e mengwe e mennye kwa bophirima le botlhaba, noka ya Haho e tsena e tswa kwa bokone. Letsha le kgaogantswe le lewatle ke mosele wa motlhaba o o bophraa jwa khimothara e le nngwe. Metsi a tswela kwa botlhaba ka mosele o le o dirisang go amogela metsi go tswa mo letsheng le le botlana la Vogan, o tswelela mo lotshitshing.[3]
Tsela e kgolo e feta ka lotshitshi go ya kwa borwa jwa letsha, ditsela tsa mo gae di dikologa letsha, di kopanaya metse. Lefelo le ga le na batho ba bantsi gape bojanala bo kwa tlase. Itsholelo e ikaegile ka temothuo e e tseneletseng le go tshwara ditlhapi, go dirisiwa matloa a seine ditlhapi di rekisiwe mo ditoropong tsa mo gae. Dikhokhonate di lemilwe fa gare ga letsha le lotshitshi lwa lone, go na le masimo a khokhonate le ditlhare tsa makolane mo dikgampung tse di kwa bokone jwa letsha.[4]
Diphologolo tsa naga
[fetola | Fetola Motswedi]Letsha la Togo, ga mmogo le letsha le lebotlana la Vogan le a mangwe a a mo lotshitshing,a dira lefelo le le botlhokwa la dinonyane. A dikaganyeditswe ke dikgampu tse di apesitsweng ke ditlhaga, lotlhaka lo nna teng kwa mafelong a a bongola thata. Ga go na ditlhare tsa mangrove ka matsha a a sena makhubu. Ka dinako tse dingwe fa metsi a morwalela a le teng mo matsheng, khabetshe e e golang ka pele ya metsi e a bonala.[3]
Letsha, makgobokgobo, makadiba le mmu wa lotshitshi tsa kgaolo e di dira lefelo la boikhutso la dinonyane tsa metsi tse di mo loetong go ya kwa bophirima jwa Aforika.[4] Ditlhaphi tse di mo letsheng ke tse di tlholegang kwa lewatleng le dinoka, mefuta e e tlwaelesegileng thata ke ya Tilapia le carfish. [3]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ Room, Adrian (1997). Placenames of the World. McFarland & Company. p. 360. ISBN 0-7864-1814-1.
- ↑ "Togoville". Togo Tourism. Retrieved 25 June 2026
- 1 2 3 Hughes, R.H. (1992). A Directory of African Wetlands. IUCN. p. 443. ISBN 978-2-88032-949-5.
- 1 2 "Togo: Important Bird Areas". African Bird Club. 25 January 2015. Archived from the original on 28 August 2017. Retrieved 25 June 2026