Jump to content

Letsha la Tshangalele

Go tswa ko Wikipedia

Letsha la Tshangalele, le le itsegeng gape ka leina la letsha la Lufira kgotsa lekadiba la Mwadingusha, ke letsha le le iteretsweng kwa borwa-botlhaba jwa Democratic Republic of the Congo. Le dikhilomithara di le masome mabedi kwa botlhaba jwa toropokgolo ya likasi kwa kgaolong e kgologolo ya Katanga. Le dimithara di le sekete le lekgolo kwa godimo ga seelo sa lewatle mo lefelong le le dikaganyeditseng ke dithaba tse di kwa tlase. Le tlhamilwe ke go agiwa ga letamo kwa nokeng ya Lufira gaufi le Mwadingusha ka 1926 go fetlha motlakase wa metsi. Lefelo la metsi a a bulegileng le dikhilomithara di le makgolo a mararo, masome a marataro le bobedi. Ka dikgwedi tsa pula tsa Tlhakole le Mopitlo, lefelo le le apesitsweng ke metsi le nna dikhilomithara di le makgolo a mane, le masome a mane. Letsha ga le boteng, boteng jwa lone ke dimithara di le pedi le borataro fela.

Letsha le na le mefuta ya ditlhapi e akaretsa longfin tilapia, redbelly tilapia, thinface cichlid le North African catfish. Le eme nokeng lefelo la thekiso ya ditlhapi tilapia e le yone tlhapi e e tshwarwang thata. Go dikologa letsha go na le makgobokgobo kwa go tlhogang Typha le Cyperus. Lefelo le humile dinonyane di tshwana le weaver e e bonwang koo fela. letsha le ne la tlhomiwa lefelo la botlhokwa ka 1982 ke ba Birdlife International.