Jump to content

Letsha la Tumba

Go tswa ko Wikipedia
Letsha la Ntomba, ka bohibidu

Letšha la Ntomba (kgotsa Tumba) ke letsha le le seng boteng kwa ntlheng e e kwa bokone-bophirima jwa Democratic Republic of the Congo kwa kgaolong ya Bikoro kwa Equateur.[1] Leina Tumba le tswa mo go tlhokeng go bitsa leina le sentle ga beng gae.

Letsha le bophara jwa dikhilomithara di le makgolo a supa, masome a marataro le botlhano go tswa mo pakeng, le kopantswe le noka ya Congo ke mosele wa Irebu. Metsi a ka elela go tswa kgotsa go tsena mo letsheng ka mosele o go tswa ka paka le merwalela. Letsha la Ntomba le na le mefuta e le lekgolo, lesome le bone ya ditlhaphi ebile le eme nokeng marekisetso a ditlhaphi a a botlhokwa.[2] Letsha le kwa legareng la kgaolo ya Ntomba-Ngiri-Maindombe ke lefelo la makgobokgobo le le botlhokwa go ya ka bokopano jwa Ramsar ka 2008.[3]

Letsha la Ntomba le sekasekilwe ka 1883 ke Henry Morton Stanley. Sekgwa se se dikaganyeditseng letsha se nniwa ke batho ba morafe wa Mongo ba mo kgaolong e ba kgaoganeng gabedi: ba Oto ba ba lemang ba rua, le ba Twa, ba ba tshwarang ditlhapi.

  1. Blaes, X. (October 2008). "Découpage administratif de la République Démocratique du Congo" (PDF). PNUD-SIG. Archived from the original (PDF) on 2010-04-01. Retrieved 2026-06-25
  2. "INFORMATION ON FISHERIES MANAGEMENT IN THE DEMOCRATIC REPUBLIC OF THE CONGO". Food and Agriculture Organization of the United Nations. January 2001. Archived from the original on 2008-03-14. Retrieved 2026-06-25
  3. "DR Congo Announces World's Largest Protected Wetland". Environment News Service. July 24, 2008. Retrieved 2026-06-25