Jump to content

Letsha la Wamala

Go tswa ko Wikipedia
Letsha la Wamala

Letsha la Wamala ke letsha la metsi a a foreshe kwa Uganda. [1]Mafelo a yone a a nang le metsi a na le mefuta ya dinonyane le diphologolo tse di mo kotsing ya go nyelela go akaretsa sitatunga ("enjobe" ka Se-Luganda). [2]Letsha leno le botlhokwa thata mo ngwaong le mo setsong sa batho ba kwa Buganda kwa Bogare jwa Uganda. [3]

Letsha leno le kgaogantswe ke dikgaolo tsa Kassanda, Mityana, le Gomba mo Kgaolong ya Buganda ya Uganda. Sekgala sa tsela magareng ga bogare jwa Mityana le Kalyankoko, Kimuli, Kgaolo ya Mityana, mo lotshitshing lo lo kwa botlhaba jwa Letsha la Wamala ke dikilometara di ka nna lesome le bosupa .[4] Mafelo a letsha la Wamala ke 0°20'44.0"N, 31°53'16.0"E (Latitude:0.345545; Longitude:31.887778).[5]

Kakaretso

[fetola | Fetola Motswedi]

Letsha la Wamala le na le botona jwa square kilometres tse makgolo a mabedi le botlhano (97 mi2).[ 3] E na le ditlhaketlhake di le dintsi, go akaretsa Lwanju Island, Mabo Island, le Bagwe Island, Kiraza, Kazinga, gareng ga tse dingwe. Dinoka di le mmalwa di elela mo letsheng leno, go akaretsa Noka ya Nyanzi, Noka ya Kitenga, Noka ya Kaabasuma, Noka ya Mpamujugu le Noka ya Bbimbye. Letsha leno le elela ka Noka ya Kibimba go tsena mo Nokaneng ya Katonga, e le yone e elelang mo Letsha la Victoria. Le fa go ntse jalo, Noka ya Kibimba e nna e ntse e elela ka dinako tse di farologaneng mme gantsi e nna e ntse e sa elele. Letsha la Wamala le botlhokwa mo ikonoming le mo setsong mme le tsamaisiwa mmogo ke dikgaolo tsa Mubende, Mityana le Mpigi, tseo nngwe le nngwe ya tsone e nang le karolo ya letsha le le mo melelwaneng e e tshwanang. [2]

Mo e ka nnang dingwaga di le dikete tse nne tse di fetileng, Letsha la Wamala e ne e le karolo ya Letsha la Victoria, mme fa e sa le ka nako eo le ne la fokotsega go nna jaaka le ntse gompieno. Kgang nngwe e e seng boammaaruri e bolela gore Letsha la Wamala le tserwe leina la lone go tswa go Kgosi Wamala, kgosi ya bofelo ya bogosi jwa Bachwezi le gore Kgosi Wamala o ne a nyelela mo letsheng mo lefelong le le gaufi le motse wa batshwari ba ditlhapi wa Lubajja o o bidiwang Nakyegalika mme moya wa gagwe o nna mo letsheng. [3]

Dimela le diphologolo

[fetola | Fetola Motswedi]

Dimela tse di dikologileng Letsha la Wamala di tletse ka papirase, dilo tse dingwe tse di phaphaselang le dimela tse di nnang mo metsing. Gape go na le ditlhare tse di jaaka Raphia le ditlhare tse dingwe tsa mokolane. Mefuta e e farologaneng ya diphologolo tse di jaaka sitatunga, dikolobe tsa naga, dipitse tsa naga, dikgama tsa naga, dikgama tsa metsi, ditshwene tsa vervet, di-baboon, dikgogo tsa kwa Guinea le turaco di nna gaufi le letsha leno. Mefuta ya ditlhapi e e leng teng e akaretsa tilapia, catfish le lungfish. [3]

Mekgwa ya go tshwara ditlhapi

[fetola | Fetola Motswedi]
Tiro ya go tshwara ditlhapi e dirilwe kwa Letsheng la Wamala.

Ka dingwaga tsa bo sekete,makgolo a robabongwe le masome a marataro le tsa bo sekete,makgolo a robabongwe le masome a supa, Letsha la Wamala e ne e le motswedi o mogolo wa ditlhapi tse di foreshe le tse di tshubilweng tse di neng di rekisiwa mo lefelong leo le mo ditoropong tse dikgolo tsa Buganda. Ka ntlha ya tsamaiso e e sa siamang le go sa laolesege, go sa laolesege go thaya ditlhapi mo letsheng, ditlhapi di ne tsa felelwa ke metsi mo bogareng jwa dingwaga tsa bosekete,makgolo a robabongwe le masome a supa.[1] Phetogo ya tlelaemete gape e dirile gore maemo a letsha a nne maswe le go feta, mme seno se utlwisitse batshwaraditlhapi ba lefelo leo le ba malapa a bone botlhoko. [6] Lengwe la matsha a a phepa go a gaisa otlhe mo Uganda le le nang le metsi a a ritibetseng (Researched by Ariiho Robert Kahiigi).

  1. 1 2 Lanyero, Flavia (20 September 2013). "Lake Wamala in danger as boundaries are sold off". Daily Monitor. Kampala. Retrieved 29 October 2016.
  2. 1 2 Tenywa, Gerald (2 May 2005). "Local green sites to get global status". New Vision. Kampala. Retrieved 29 October 2016.
  3. 1 2 3 GNF (29 October 2016). "Global Nature Fund: Lake Wamala - Uganda". Global Nature Fund (GNF). Archived from the original on 17 July 2018. Retrieved 29 October 2016.
  4. Globefeed.com (29 October 2016). "Distance between Mityana, Central Region, Uganda and Kalyankoko, Kimuli, Central Region, Uganda". Globefeed.com. Retrieved 29 October 2016
  5. "Location of Lake Wamala, Central Region, Uganda" (Map). Google Maps. Retrieved 29 October 2016.
  6. Musinguzi, Laban; Efitre, Jackson; Odongkara, Konstantine; Ogutu-Ohwayo, Richard; Muyodi, Fredrick; Natugonza, Vianny; Olokotum, Mark; Namboowa, Sharon; Naigaga, Shamim (2016). "Fishers' perceptions of climate change, impacts on their livelihoods and adaptation strategies in environmental change hotspots: A case of Lake Wamala, Uganda". Environment, Development and Sustainability. 18 (4): 1255–1273. doi:10.1007/s10668-015-9690-6. S2CID 154576359.