Letty Chiwara
Letty Chiwara (yo o tshotsweng ka Tlhakole wa 1967 )[1] ke modiredi wa Lekgotla la Ditshaba wa kwa Zimbabwe. Ke Moemedi wa Basadi wa UN kwa Malawi,[2] Khomišene ya Kopano ya Aforika, le Khomišene ya Itsholelo ya UN ya Aforika, e leng maemo a a neng a a tsaya ka Motsheganong 2013.[3] Pele o ne a direla jaaka Moemedi wa Basadi wa UN kwa Ethiopia. E ne e le Kgosi ya Basadi ya UNIFEM le ya UN ya Aforika dingwaga di le lesome le bobedi, a le kwa New York City, kwa United States. Chiwara o ne a etelela pele ka katlego tirisanommogo ya togamaano ya Basadi ba UN le mekgatlho e le mmalwa, go akaretsa le Khomišene ya Yuropa, Banka ya Lefatshe, OECD DAG Gender Net, FEMNET, YWCA, Khomišene ya Kopano ya Aforika, UNECA, le Banka ya Ditlhabololo ya Aforika .[4]
Botshelo jwa pele le thuto
[fetola | Fetola Motswedi]Letty Chiwara o goletse mo lefelong la temothuo kwa Zimbabwe le barwarre ba robabobedi, kwa basetsana ka tlwaelo ba neng ba sa bone tshono e ntsi ya thuto le go tshwarwa ka tsela e e kgethegileng. Le fa go ntse jalo, batsadi ba gagwe ba ne ba gana melao eo mme ba mo romela kwa sekolong se se nang le marobalo.[4] Chiwara ke mongwe wa bana ba robabobedi: basetsana ba le batlhano le basimane ba le bararo.[5] Batsadi ba gagwe e ne e le balemibarui ba kwa magaeng ba ba neng ba gana tlwaelo ya selegae ya go ruta basimane fela, mme ba romela bana ba bone botlhe kwa sekolong.[6] O ne a tsena sekolo se se turang sa Roma se se nang le marobalo se a reng ke sone se se dirileng gore a nne le motheo o o nonofileng wa tiro ya gagwe.[7] Dithuto tsa gagwe tsa Bachelor of Arts le Masters wa Philosophy ka bobedi e ne e le tsa Kgopolo ya Loago le Sepolotiki, go tswa kwa Yunibesithing ya Kwa-Zulu Natal le kwa Yunibesithing ya Cambridge ka go latelana[8] Kwa Yunibesithing ya London, o ne a tsaya thuto ya bong e e neng e rutwa ke mokanoki wa basadi e bong Caroline Moser e e neng ya “mpula matlho” mme ya dira gore a tsene mo mokgatlhong wa go fetola mekgwa ya ngwao le ya setso e e thibelelang basadi le basetsana kwa morago.[9]
Tiro
[fetola | Fetola Motswedi]Chiwara o ne a dira kwa lefatsheg la gaabo la Zimbabwe e le modiredi wa thulaganyo ya toropo kwa Matabeleland Borwa kwa Harare dingwaga di le nne. Fa a ntse a dira tiro eo, o ne a newa thuso ya madi a go ithuta go dira thuto ya masters ya Thulaganyo ya Tlhabololo ya Ditoropo kwa Yunibesithing ya Lontone. Thuto ya bong ka nako ya dithuto tsa gagwe e ne ya mo tlhotlheletsa go rarabolola go sa lekalekane.[4]
Fa a boela gae go ya go diragatsa tlhokego ya tirelo ya gagwe ya thuso ya madi a sekolo, Chiwara o ne a rola tiro ya gagwe ya puso. Morago ga dikgwedi di robabobedi, o ne a thapiwa go nna mogakolodi kwa UNIFEM kwa Harare. Porojekete eno ya ntlha e ne e akaretsa go tlisa basadi go tswa kwa Southern African Development Community kwa ditshupong tsa kgwebisano. Jaanong o na le maemo a boeteledipele le UN Women kwa Ethiopia, kwa a dirisanang mmogo le Khomišene ya Kopano ya Aforika le Khomišene ya Itsholelo ya UN ya Aforika.[10][11] O ne a etelela pele Letsholo la Africa Unite kgatlhanong le tirisodikgoka kgatlhanong le basadi le basetsana mme ga jaana o etelela pele maiteko a go tlhama letsholo le le lebileng mo go fediseng ditiro tse di kotsi le lenyalo la bana mo Aforika.[4]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "Letty Chiwara". Gov.uk. Retrieved 30 March 2024.
- ↑ "UN Women Representative in Malawi". UN Women. Retrieved 30 March 2024.
- ↑ "3 Leadership Journeys ONE Story". letty.3leadershipjourneysonestory.com. Retrieved 2024-03-29.
- 1 2 3 4 "ATLAS: Letty Chiwara". ATLAS (in American English). 2020-01-07. Retrieved 2024-03-28.
- ↑ "ATLAS: Letty Chiwara". ATLAS. Retrieved 14 April 2026.
- ↑ "ATLAS: Letty Chiwara". ATLAS. Retrieved 14 April 2026.
- ↑ "ATLAS: Letty Chiwara". ATLAS. Retrieved 14 April 2026.
- ↑ "Fiona Lortan". African Transition Mission in Somalia (ATMIS). Retrieved 14 April 2026.
- ↑ "ATLAS: Letty Chiwara". ATLAS. Retrieved 14 April 2026.
- ↑ "Our Team in Malawi". malawi.un.org. Archived from the original on 2026-04-26. Retrieved 2026-08-05.
- ↑ "Women, Peace and Security in Africa" (PDF). policycenter.ma.