Jump to content

Liberia

Go tswa ko Wikipedia
Republic of Liberia

Flag of Liberia
Folaga
Coat of arms of Liberia
Coat of arms
Motto: "The Love of Liberty Brought Us Here"
Mošate
and largest city
Monrovia
6°19′N 10°48′W / 6.317°N 10.800°W / 6.317; -10.800
Diteme tsa semmusôEnglish
Merafe ya Batho
2008[1]
Sedumedi
(2018)[2]
  • 12.2% Islam
  • 1.4% no religion
  • 1.3% other
Demonym(s)Liberian
GovernmentUnitary presidential republic
• President
Joseph Boakai
Jeremiah Koung
• [List of speakers of the House of Representatives of Liberia|House Speaker]]
Jonathan F. Koffa
[Sie-A-Nyene Yuoh]]
LegislatureLegislature of Liberia
Senate
House of Representatives
Fatshe
• Land
Tempolete:Convinfobox/sec2
• Water (%)
13.514
Batho
• 2024 estimate
5,437,249[3] (120th)
GDP (PPP)2023 estimate
• Total
Increase $9.718 billion[4] (167th)
• Per capita
Increase $1,789[4] (184th)
GDP (nominal)2023 estimate
• Total
Increase $4.347 billion[4] (171st)
• Per capita
Increase $800[4]
MadiUnited States dollar (USD)
Liberian dollar (LRD)[5]
Time zoneGMT
Date formatmm/dd/yyyy
Driving sideright
Calling code+231

Lefatshe la Liberia le le itsegeng semmuso ka leina la Republic of Liberia, ke lefatshe le le kwa lotshitshing lwa bophirima jwa Aforika. Le tlhakanetse molelwane le mafatshe a Sierra Leone kwa bokone-bophirima, Guinea kwa bokone, Ivory Coast kwa botlhaba le lewatle la Atlantic kwa borwa le borwa-bophirima. E na le palo ya batho ba ka nna di milone di le tlhano, mme le bophara jwa dikete di le masome a mane le boraro. Teme ya semmuso ke sekgoa. Diteme di feta masome a mabedi di a buiwa, se se supa ka fa merafe le ditso tsa lefatshe le di farologaneng ka teng. Toropokgolo ya lone ebile ele yone toropo e tona go fetisa ke Monrovia.

Lefatshe la Liberia le simologile ka century ya bo lesome le boferabongwe e le tiro ya American Colonization Society (ACS), e e neng e dumela gore batho-bantsho ba tla nna mo maemong a go phuthuloga le go atlega fa ba le mo Aforika go na le ba le kwa United States.[6] Fa gare ga ngwaga ya 1822 le ntwa ya kwa America ka ngwaga wa 1861, batho ba le dikete di le lesome le botlhano ba lotso lwa African American le ba le makgolo a mararo, lekgolo le masome a ferabongwe le boferabobedi ba kwa Carribean ba bantsho ba ne ba fudugela kwa Liberia.[7] Batho ba ba neng ba fuduga ba ne ba tla ka ditso tsa bone mme ba etelela pele ba ba bafitlhelang mo gae.[8] Lefatshe la Liberia le ne la tsaya boipuso ka ngwaga wa 1847, Phukwi a le masome a mabedi le borataro, mme ba United States ba ne ba sa lemoge boipuso jo go fitlhela ka 1862, kgwedi ya Tlhakole e le malatsi a le matlhano.

Lefatshe la Liberia ke lone la ntlha mo Aforika go bolela boipuso jwa lone, mme ebile ke lone lefatshe le legologolo lantlha mo Aforika. Lone le la Ethiopia, ke one mafatshe a ntlha a Aforika go tswelela ka boipuso ka nako e mafatshe a Yuropa a neng a etelela pele mafatshe a Aforika. Ka ntwa ya lefatshe ya bobedi, lefatshe la Liberia le ne la ema nokeng lefatshe la United States kgatlhanong le la Germany ka jalo le ne la amogela dithuso tsa madi go tswa kwa Amerika, golo mo go ne ga thusa khumo le tlhabololo ya lefatshe le.[9] Tautona William Tubman o ne a rotloetsa phetogo ya itsholelo le polotiki mo go neng ga oketsa tswelelopele ya lefatshe; lefatshe la Liberia ke lengwe la a a simolotseng makgotla a League of Nations, United Nations le la Organisation of African Unity.

Batho ba ditso tsa Americo-Liberia ba ne ba sa utlwane sentle le beng gae.

Ka ngwaga wa 1980, go ne ga nna le kgotlhang ya sepolotiki fa William R. Tolbert a ne a busa, mme se se ne sa baka gore puso e thankgolwe ke ba sesole, se se fedisa botsalano jwa America le Liberia, mme Samuel Doe yo o neng e le moeteledi wa ntlha wa mo gae o ne a etelela pele lefatshe. Doe o o neng a busa ka go gobelela o ne a bolawa ka ngwaga wa 1990 ka ntwa ya ntlha ya mo Liberia e e simolotseng ka ngwaga wa 1989 go tsena ka 1997 fa go tlhophiwa moeteledipele wa batsuolodi ebong Charles Taylor go nna tautona. Ka ngwaga wa 1998, ntwa ya bobedi ya mo gae e ne ya simolola mme Taylor a thankgolwa fa ntwa e fela ka ngwaga wa 2003. Dintwa tse pedi tse di ne tsa gapa matshelo a batho ba le dikete di le makgolo a mabedi, le masome a matlhano, mme ba bangwe ba tshaba mo lefatsheng, fa itsholelo e ne ya a tlase ka 90%. [10]

Lefatshe la Liberia le kwa bophirima jwa Aforika, le tlhakanetse molelwane le lewatle la Atlantic kwa borwa-bophirima.

  1. 1.0 1.1 "Liberia". The Central Intelligence Agency side for Liberia. Central Intelligence Agency. 2021. Archived from the original on March 19, 2021. Retrieved June 8, 2021.
  2. "The Major Religions Practised In Liberia". WorldAtlas (in American English). 2018-03-26. Archived from the original on November 1, 2023. Retrieved 2023-11-01.
  3. Tempolete:Cite CIA World Factbook
  4. 4.0 4.1 4.2 4.3 "World Economic Outlook Database, October 2023 Edition. (Liberia)". IMF.org. International Monetary Fund. 10 October 2023. Archived from the original on November 1, 2023. Retrieved 20 October 2023.
  5. "Currency". Central Bank of Liberia. Archived from the original on January 15, 2023. Retrieved January 15, 2023.
  6. "Background on conflict in Liberia" Archived February 14, 2007, at the Wayback Machine, Friends Committee on National Legislation, Retrieved 3 March 2025
  7. "July 26, 1847 Liberian independence proclaimed" Archived June 14, 2021, at the Wayback Machine, This Day In History, History website
  8. Liberia: History, Geography, Government, and Culture Archived May 15, 2013, at the Wayback Machine, Infoplease.com
  9. "Global Connections . Liberia . Timeline | PBS". www.pbs.org. Archived from the original on November 29, 2022. Retrieved March 04,2025.
  10. "Praise for the woman who put Liberia back on its feet". The Economist. October 5, 2017. Archived from the original on May 15, 2018. Retrieved March 04, 2025.