Lilian Ngoyi
Lilian Masediba Matabane Ngoyi, "Ma Ngoyi", OMSG (25 Lwetse 1911 – 13 Mopitlwe 1980) e ne e le molweladitshwanelo tsa tlhaolele wa Aforika Borwa.[1][2][3][4]E ne e le mosadi wa ntlha go tlhophiwa mo komiting ya khuduthamaga ya African National Congress, mme o thusitse go thankgolola Mokgatlho wa Basadi ba Aforika Borwa.
Pele ga a nna modiri wa metšhini kwa madirelong a matsela, kwa a neng a thapilwe teng go simolola ka 1945 go fitlha ka 1956, Ngoyi o ne a ikwadisa go nna mooki.[5] Ka 1962, o ne a newa taelo ya gagwe ya ntlha ya go thibela mme o ne a ka se letlelelwe go tswa mo ntlong ya gagwe kwa Orlando, Soweto botshelo jwa gagwe jotlhe, kwa ntle ga paka ya dingwaga di le tharo go simolola ka 1972-1975.
Botshelo jwa bogologolo
[fetola | Fetola Motswedi]
Ngoyi o tsholetswe kwa Mmileng wa Bleared, kwa Pretoria.[6] E ne e le ngwana wa mosetsana a le nosi wa ga Annie le Isaac Matabane, le bomorwarraagwe ba bararo, Lawrence, George le Percy. Rraagwemogolo, mo letlhakoreng la ga mmaagwe, e ne e le Johannes Mphahlele, leloko la ntlo ya segosi ya ga Mphahlele, yo o neng a nna moefangele wa Methodist, a dira mmogo le Samuel Mathabathe. Mmaagwe Ngoyi o ne a dira tiro ya go tlhatswa diaparo mme rraagwe e ne e le modiri wa moepong.[7][8]Ngoyi o tsene Sekolo se se Potlana sa Kilnerton[7] go fitlha ka Mophato wa Bobedi.
Ka 1928, o ne a fudugela kwa Johannesburg go ya go katisiwa jaaka mooki kwa Bookelong jwa City Deep Mine, mme a wetsa dingwaga di le tharo tsa katiso ya booki ka kakaretso.[9] Ka nako e, o ne a kopana le go nyala mokgweetsi wa van, John Gerard Ngoyi, ka 1934.[6] Ba ne ba na le ngwana wa mosetsana, Edith Ngoyi.[9] Monna wa ga Lilian o ne a tlhokafala mo kotsing ya koloi ka 1937, morago ga moo o ne a nna moroki, a bereka kwa gae le kwa madirelong a diaparo ka dinako tse di farologaneng.[9] Go tloga ka dingwaga tsa bo 1950 go ya pele, o ne a nna kwa Orlando, Soweto, le mmaagwe le bana ba gagwe.[9]
Bolweladipolotiki
[fetola | Fetola Motswedi]Ka a ne a gogelwa mo dipolotiking ka tiro ya gagwe mo Mokgatlhong wa Badiri ba Diaparo wa Aforika Borwa ka dingwaga tsa bo 1940,[9] Ngoyi o ne a tsenela African National Congress (ANC) la ntlha jaaka leloko le le dirisanang le ene ka nako ya Letsholo la go Ganetsa la 1950, mme o ne a tla tshwarelwa go dirisa dikago tsa poso tse di neng di beetswe batho basweu.[10] Ngoyi o ne a tla katisiwa mo maanong a boipelaetso a a senang tirisodikgoka a Satyagraha go ganana le Molao wa Lefelo la Toropo, le tsamaiso e e atolositsweng ya go feta ya Molao wa Baagi[4] Ngoyi o tsenetse Liki ya Basadi ya ANC ka 1952; ka nako eo o ne a le motlholagadi yo o nang le bana le mme yo o godileng yo o neng a tshwanetse go mo tshegetsa, mme o ne a dira jaaka moroki.[9]Morago ga ngwaga o ne a tlhophiwa go nna tautona wa Lekgotla la Basadi. Ka 1954, o thusitse go tlhoma Mokgatlho wa Basadi ba Aforika Borwa (FEDSAW) mme a tlhophiwa go nna mokhuduthamaga wa bosetšhaba wa ANC; e ne e le mosadi wa ntlha go tlhophiwa go nna mo maemong a bosetšhaba mo mokgatlhong.[9]
Ka Phatwe a tlhola malatsi ale borobabongwe ka 1956, Ngoyi o ne a etelela pele mogwanto wa basadi mmogo le Helen Joseph, Rahima Moosa, Sophia De Bruyn, Motlalepula Chabaku, Bertha Gxowa le Albertina Sisulu wa basadi ba le 20 000 go fetisa molao wa Union Buildings of Pretoria jaaka boipelaetso kgatlhanong le puso ya tlhaolele e e neng e batla gore basadi ba tshole dibuka tsa go feta jaaka karolo ya melao ya go feta. Ngoyi o ne a tla laela boidiidi gore bo didimale gotlhelele metsotso e le 30. Mogwanto o e santse e le ditshupetso tse dikgolo go gaisa tsotlhe tsa basadi mo hisitoring ya Aforika Borwa.[4]
Lilian Ngoyi gape e ne e le motho wa boditšhabatšhaba yo o neng a lemoga tlhotlheletso e e ka nnang teng ya tshegetso ya boditšhabatšhaba mo kgaratlhong kgatlhanong le tlhaolele le kgololosego ya basadi ba bantsho. Ka go akanya ka seno o ne a, ka 1955, a simolotse loeto lo lo seng ka fa molaong go ya kwa Lausanne, Switzerland, gore a kgone go tsaya karolo mo Khonkereseng ya Lefatshe Lotlhe ya Bomme e e neng e tshwerwe ke Mokgatlho wa Boditšhabatšhaba wa Temokerasi wa Basadi (WIDF). A patilwe ke molweladitshwanelo-ka-ene Dora Tamana, mme jaaka moemedi wa semmuso wa FEDSAW, o ne a simolola loeto lo lo neng lo tla bona maiteko a go iphitlha mo mokorong o o tswang kwa Cape Town ka fa tlase ga "maina a masweu",[7]go gana (ka thuso ya mokgweetsi wa sefofane yo o kutlwelobotlhoko) go nna mo sekepeng se se neng se kgaogane go ya kwa lontone mme a tsenela Boritane ka seipato sa go wetsa dithuto tsa gagwe tsa Baebele.O ne a tla etela Engelane, Jeremane, Switzerland, Romania, China le Russia, a kopana le baeteledipele ba basadi ba gantsi ba neng ba tshwaragane le dipolotiki tsa letlhakore la molema, pele a goroga gape mo Aforika Borwa e le mosadi yo o batliwang.[11]
Ngoyi o ne a etelela pele dikopano tsa ANC kgatlhanong le go fetisa makwalo a mosepele le go dira ditshupetso tse dikgolo kwa Pretoria. Ngoyi o ne a tla tswelela go kopanya basadi, a etelela pelebokopano jwa boraro yjwa FSW ka 1961, a bolelela basadi gore "Kgololesego ga e tle e tsamaya e lebile kwa go wena - e tshwanetse go fenngwa. Jaaka basadi re tshwanetse go tswelela go tshameka karolo ya rona."[4]

Ngoyi o ne a itsege jaaka sebui se se nonofileng le tlhotlheletso e kgolo mo go ba le bantsi ba badirimmogo le ene mo ANC. E ne e le mongwe wa ba le 156 ba ba neng ba tshwerwe ka lebaka la Batshwaramarapo ba ba Sekang Boepapuso ka Sedimonthole wa 1956,[7][9][12]mme kwa bofelong o ne a gololwa mo ditatofatsong tse a neng a latofadiwa ka tsone ka 1960. O ne a tshwarwa gape go feta gangwe mo tshimologong ya bo1960, mme a fetsa malatsi a le 71 a tswaletswe a le nosi ka 1963. [12]Ngoyi o feditse dingwaga di le lesome le botlhano a tshela ka fa tlase ga ditaelo tse tharo tsa dingwaga di le tlhano tsa go mo thibela,[12]tse di neng di akaretsa dithibelo tse di neng di mo tswalela kwa legaeng la gagwe kwa Orlando, Soweto, mme di mo thibela go kopana le batho ba bangwe ba ba neng ba thibetswe.[12] Maemo a tlaleletso a ditaolo tsa thibelo a ne a akaretsa go thibelwa go tsenela dikokoano tsa setšhaba, go bua kgotsa go nopolwa; le kwa legaeng la gagwe, o ne a sa letlelelwa go nna le batho ba ba fetang bongwe ka nako e le nngwe.[9]Ditaelo tsa thibelo tse pedi tsa ntlha di ne tsa bewa ka 1962 le 1967, mme fa taelo ya bobedi ya thibelo e fela ka 1972, o ne a kgona go kopana le badirimmogo le ditsala gape, mme a ya kwa Durban le Cape Town.[9] O ne a ya kwa Robben Island go etela Nelson Mandela wa ANC yo o neng a le kwa kgolegelong, kwa Mandela a neng a mo akgola ka boeteledipele jwa gagwe mo mekgatlhong e e farologaneng.[13] Ka 1975, taelo ya thibelo kgatlhanong le ene e ne ya bewa gape; le fa go ntse jalo, mo nakong eno maemo a yone a ne a mo letla go buisana le lefatshe la kwa ntle. [9]Mo dingwageng tse di lesome tsa bofelo tsa botshelo jwa ga Ngoyi, o ne a tshwanelwa ke go ikaega ka dimpho tsa ditsala le batho ba ba neng ba tshela ka nako ya gagwe gore a kgone go tshela. [14]
Dikgakololo le ditlotla
[fetola | Fetola Motswedi]kokelwana ya Koos Beukes kwa bookelong jwa Chris Hani Baragwanath kwa Soweto e ne ya rewa leina la kokelo ya Lilian Ngoyi Community go mo tlotla.
Ka 16 Ngwanatsele 2004, Lephata la Tikologo la Aforika Borwa le ne la simolola sekepe se se eteletseng pele mo setlhopheng sa dikepe tsa paterole ya tikologo se se neng sa bidiwa Lillian Ngoyi go mo tlotlomatsa.[2][3]
Ka 9 Phatwe 2006, segopotso sa bo 50 sa mogwanto kwa Pretoria, Strijdom Square e basadi ba neng ba gwanta go tswa mo go yona e ne ya bidiwa Lilian Ngoyi Square.[15]9 Phatwe e ketekwa mo Afrika Borwa jaaka Letsatsi la Basadi.
Ka 2009, ntlolehalahala yla bonno kwa mmadikolo wa Rhodes e ne ya reelediwa leina la gagwe. [16]
Ka 2012, Van der Walt Street kwa Pretoria e ne ya bidiwa Lilian Ngoyi Street. Ditsela tse dingwe kwa Cape Town, Thembisa, Berea, Durban, le Hartbeesfontein di reeletswe ka leina la gagwe.
Toropokgolo ya Johannesburg e etsere tshwetso ya go tlotla Mme Lilian Masediba Ngoyi ka go fetola leina la Bree Street kwa Johannesburg ka ene ka 2014 - mmila o o bidiwang Lilian Ngoyi Street.
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ Chris Van Wyk (2006). Lilian Ngoyi. Awareness Publishing. p. 7. ISBN 978-1-77008-160-4. Retrieved 29-11-25
- 1 2 Richard Davies (16 November 2004). "SA christens first new environmental vessel". Independent Online. Archived from the original on 10 May 2013. Retrieved 29-11-25.
A sprinkling of holy water and a spray of champagne marked the naming of the first of South Africa's four new environmental protection vessels, the Lilian Ngoyi, in Cape Town harbour on Tuesday.
- 1 2 "SA's marine protection vessels". SAinfo. 20 May 2005. Archived from the original on 30 November 2010. Retrieved 29-11-25.
Lilian Ngoyi rose to prominence during the defiance campaigns of the 1950s and 1960s. She was one of the leaders of the 20 0000-women march to the Union Buildings in 1956 in protest against the pass laws.
- 1 2 3 4 Cathy LaVerne Freeman (10 August 2009). "Relays in Rebellion: The Power in Lilian Ngoyi and Fannie Lou Hame". Georgia State University. ISBN 9781770081604. Retrieved 29-11-25
- ↑ "Lilian Masediba Ngoyi". South African History Online. 1 August 2013. Retrieved 29-11-25
- 1 2 Bickford-Smith, Vivian; Nasson, Bill (1 September 2018). Illuminating Lives: Biographies of Fascinating People from South African History. Penguin Random House South Africa. ISBN 978-1-77609-265-9.
- 1 2 3 4 Stewart, Dianne (1996). Lilian Ngoyi. Cape Town: Maskew Miller Longman. ISBN 0-636-02256-0. OCLC 37464653.
- ↑ Evans, Martha (8 August 2022). "Lilian Ngoyi: a heroic South African woman whose story hasn't been fully told". The Conversation. Retrieved 29-11-25
- 1 2 3 4 5 6 7 8 9 10 Everyday matters : selected letters of Dora Taylor, Bessie Head & Lilian Ngoyi. M. J. Daymond, Dora Taylor. Auckland Park, South Africa. 2015. ISBN 978-1-4314-0948-8. OCLC 910085786.
- ↑ "Lilian Masediba Ngoyi | South African History Online". www.sahistory.org.za. Retrieved 29-11-25
- ↑ "Black History Month: Lilian Masediba Ngoyi (1911–1980)". Women's History Network. 17 October 2010. Archived from the original on 2 September 2011. Retrieved 29-11-25
- 1 2 3 4 Evans, Martha (8 August 2022). "Lilian Ngoyi: an heroic South African woman whose story hasn't been fully told". The Conversation. Retrieved 29-11-25
- ↑ Ngoyi, Lillian (1973–75). "The Private Letters (of Lillian Ngoyi) 1973-75". Sunday Times Heritage Project.
- ↑ "SAHA / Sunday Times Heritage Project - Memorials". sthp.saha.org.za. Retrieved 29-11-25
- ↑ Kyle G. Brown (28 May 2010). "South Africa's street signs, place names lead to more struggle". Toronto Star. Archived from the original on 22 April 2016. Retrieved 5 December 2011.
The square now bears the name of Lilian Ngoyi, the anti-apartheid activist who, in the 1950s, led marches against laws requiring blacks to carry identification, particularly to enter white areas.
- ↑ "Lilian Ngoyi Hall, End of Year Report 2015" (PDF). Rhodes University. Archived from the original on 18 August 2016. Retrieved 29-11-25