Jump to content

Linda Motlhalo

Go tswa ko Wikipedia
Linda Motlhalo
Motshameki wa kgwele ya dinao
Leina ka botlalo Linda Maserame Motlhalo[1]
Letsatsi la tsalo (1998-07-01) 1 July 1998 (age 27)
Lefelo la tsalo Brandvlei, Gauteng, South Africa
Bolele 1.63 m (5 ft 4 in)
Maemo Winger
Club information
Current team
Glasgow City
Number 20
Tiro ya gagwe*
Dingwaga Setlhopha Metsh (Dinno)
JVW
2018 Houston Dash 21 (1)
2019 Beijing BG Phoenix 14 (2)
2020–2023 Djurgården 67 (3)
2023–2024 Glasgow City 16 (3)
2024 Racing Louisville 1 (0)
2025– Glasgow City
Setlhopha sa setshaba
2015 South Africa U17
2017 South Africa U20 (9)
2017– South Africa 76 (20)
*Metshameko ya gagwe le dinno, correct as of 01 May 2023
‡ National team caps and goals, correct as of 5 December 2023 (prior the 2023 FIFA Women's World Cup)

Linda Maserame Motlhalo (yo o tshotsweng ka Phukwi a rogwa ka 1998) ke motshameki wa kgwele ya dinao wa seporofešenale wa Aforika Borwa yo o tshamekangka fa tlhakoreng wa Glasgow City le setlhopha sa bosetšhaba sa basadi sa Aforika Borwa. O itsege gape jaaka 'Ronaldinho wa Randfontein'.[2]

Botshelo jwa pele

[fetola | Fetola Motswedi]

Linda Motlhalo o tshotswe kwa Badirile, Brandvlei, kwa Randfontein, kwa Gauteng, ka Phukwi a rogwa 1998.[3] Lelapa la gagwe le na le ditso tsa kgwele ya dinao, ka rraagwe Johannes Motlhalo a leka go nna motshameki wa seporofešenale. Le fa a ne a palelwa ke go dira jalo, monnawe Joseph Motlhalo o ne a nna motshwaradino wa setlhopha sa Kaizer Chiefs F.C. magareng ga 1970 le 1985.[4]

Motlhalo o tsene Sekolo se Segolo sa TuksSport, mme ka nako eo e ne e le karolo ya Senthara ya Tiragatso e e Kwa Godimo ya Aforika Borwa kwa Pretoria.[5]

Tiro ya setlhopha

[fetola | Fetola Motswedi]

Houston Dash

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka Tlhakole a rogwa ka 2018 Motlhalo o ne a saena le Houston Dash mo Liking ya Bosetšhaba ya Kgwele ya Dinao ya Basadi. O ne a tlisiwa ke mokatisi yo mogolo wa Dash Vera Pauw yo o neng a katisa setlhopha sa bosetšhaba sa Aforika Borwa go simolola ka 2014 go fitlha ka 2016.[6] Motlhalo o tshamekile metshameko e le masome mabedi le motso ya NWSL mo Dash mme a nosa nno e le nngwe.[7]

Motlhalo o ne a tlogelwa ke Houston Dash ka Tlhakole a le malatsi a marataro 2019.[7]

Beijing BG Phoenix F.C.

[fetola | Fetola Motswedi]

Tlhakole a le masome mabedi le bobedi ka 2019 Motlhalo o ne a senolwa jaaka motshameki wa Beijing BG Phoenix F.C. mo Liking ya Basadi ya China, a kopanela le molekane wa gagwe wa Aforika Borwa le wa pele wa Houston Dash Thembi Kgatlana yo le ene a neng a fudugela kwa China.[8]

Motlhalo o simolotse metshameko yotlhe e le lesome le bone ya liki ya Beijing go ralala setlha sa 2019 jaaka setlhopha se ne sa fetsa mo maemong a botlhano mo CWSL, se tshameka bontsi jwa letsholo mo karolong e e tseneletseng ya bogare jwa lebala. Gape o ne a thusa go isa Beijing go fitlha kwa sekamakgaolakgang mo Dikgaisanong tsa Basadi tsa China.[citation needed]

Djurgårdens IF

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka Firikgong a le lesome le boferabobedi 2020 go ne ga itsisiwe gore Motlhalo o ikopantse le setlhopha sa Sweden sa Djurgårdens IF ka tumalano ya dingwaga di le pedi, go ikaegile ka gore a amogele visa ya gagwe ya go dira.[9]

Motlhalo o ne a tshameka lekgetlho la ntlha ka Tlhakole a le masome mabedi le bobedi 2020, a nosa gabedi morago ga go tsena jaaka moemedi mo phenyong ya Stockholm derby kgatlhanong le AIK.[10] Ka Firikgong 2021 o ne a bidiwa Motshamiki wa Ngwaga ke balekane ba gagwe ba setlhopha sa Djurgården ka ntlha ya ditiro tsa gagwe mo pakeng yotlhe ya 2020.[11]

Ka Firikgong 2022, go ne ga itsisiwe gore Motlhalo o saenne konteraka e ntšha ya dingwaga di le pedi go nna mo setlhopheng.[12]

Glasgow City

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka Firikgong a le masome mabedi le boraro ka 2023, Motlhalo o ne a tsenelela semmuso setlhopha sa SWPL 1 sa Glasgow City ka tumalano ya sennelaruri, a saena konteraka go fitlha ka Seetebosigo 2025 le setlhopha se sa Scotland.[13][14]

Ka Motsheganong a le masome mabedi le motso 2023, Motlhalo o ne a thusa mo motsotsong wa bo masome a ferabongwe le bobedi fa Glasgow City e ne e fenya Rangers ka nno e le nngwe go lefela kwa Lebaleng la Ibrox go gapa sekgele sa SWPL ka letsatsi la bofelo la setlha. Gape o ne a bidiwa Motshameki wa Motshameko.[15]

Racing Louisville

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka Firikgong a le lesome le boferabobedi 2024, Motlhalo o ne a saena konteraka ya dingwaga di le pedi le Racing Louisville FC ya Liki ya Bosetšhaba ya Kgwele ya Dinao ya Basadi. Racing Louisville e ne ya duela madi a a sa itsiweng a go fetisediwa kwa Glasgow City mme ya saena Motlhalo go fitlha ka paka ya 2025, ka kgetho e e kopanetsweng ya 2026.[16] Motlhalo o ne a tshamekela setlhopha seno makgetlho a le mararo mo dikgaisanong tsotlhe ka 2024. Makoko a mabedi ano a ne a dumalana go fedisa konteraka ya gagwe ka Tlhakole 2025.[17]

Tiro ya boditšhabatšhaba

[fetola | Fetola Motswedi]

Fa a ntse a tsenelela High Performance Centre, Motlhalo o ne a tshamekela setlhopha sa bosetshaba sa Aforika Borwa sa kgwele ya dinao sa dingwaga tse di kwa tlase ga tse masome mabedi e le motshameki wa kwa pele. Seno se ne se akaretsa mo metshamekong jaaka karolo ya Kgaisano ya go Iponna phatlha ya Sejana sa Lefatshe sa Basadi sa Aforika sa 2015 sa U-20.[18]

Motlhalo o ne a bidiwa mo setlhopheng se segolo lekgetlho la ntlha ka Phalane 2015, morago ga kgobalo ya ga Thembi Kgatlana e e neng ya dira gore a gogelwe morago mo setlhopheng.[18] Motlhalo o ne a sa tshameke ka nako eo, mme go na le moo o ne a tshameka la ntlha kgatlhanong le Cameroon ka 2016,[5] e mo go yone a neng a nosa mo motshamekong wa maleka a nno tse pedi setlhopha.[4] O ne a re, "Ke itumelela fela go bo ke nnile karolo ya setlhopha seno. Batshameki ba bagolo ba dirile gore ke ikutlwe ke le mo gae mme go ne go le molemo go nkgisana magwafa le batho ba ba tshwanang le Janine le Amanda. Ke itumeletse nako ya me fano tota."[go tlhokega nopolo]

Ka 2016, Motlhalo o ne a tsenelela Diolimpiki tsa Selemo tsa 2016 kwa Rio de Janeiro, pele ga a tshameka Sejana sa Ditšhaba sa Basadi sa Aforika sa 2016 kwa Cameroon e le karolo ya setlhopha sa Banyana Banyana.[go tlhokega nopolo]

Kwa Sejaneng sa Basadi sa Aforika sa 2018 kwa Ghana, Motlhalo o ne a simolola metshameko yotlhe e metlhano ya Aforika Borwa jaaka setlhopha se ne sa fitlha kwa makgaolakgannyeng a kgaisano pele ga se fenngwa ke Nigeria ka thago ya diphenalethi. O ne a nosa nno e le nngwe kwa kgaisanong mme a bidiwa Motshameki wa Motshameko ka nako ya fa setlhopha sa gagwe se ne se kopana le Mali mo sekamakgaolakgannyeng.[5]

Motlhalo o ne a tsenelela sejana sa lefatshe sa bomme sa FIFA sa 2019 le Aforika Borwa mme a tsena mo kgaisanong eo a sokola ka dikgobalo. Le fa a ne a simolola motshameko wa ntlha wa setlhopha le Spain, masalela a kgaisano ya gagwe a ne a lekanyeditswe go tlhagelela morago ga nako mo boemong jwa setlhopha kgatlhanong le China.[go tlhokega nopolo]

Ka Lwetse 2021, Motlhalo o ne a nosetsa Aforika Borwa mo phenyong e e botlhokwa ya tse nne go tse pedi kgatlhanong le Nigeria fa Banyana Banyana e ne e fenya Sejana sa ntlha sa Aisha Buhari kwa Lagos.[19] Morago ga moo Motlhalo o ne a nna monosi wa dino yo o kwa godimo wa Aforika Borwa mo go ipatleleng phatlha kwa Sejaneng sa Ditšhabatšhaba sa Basadi sa Aforika sa 2022, a nosa dino di le tlhano mo metshamekong e le mene kgatlhanong le Mozambique le Algeria go thusa Banyana Banyana go bona phatlha kwa makgaolakgannyeng.[20]

Dino tsa boditšhabatšhaba

[fetola | Fetola Motswedi]
No. Letsatsi Lefelo Opponent Dino Maduo Kgaisano
1 29 March 2016 Limbe Stadium, Limbe, Cameroon Cameroon 1–1 2–2 Friendly
2 25 November 2016 Egypt 5–0 5–0 2016 Africa Women Cup of Nations
5 17 September 2018 Wolfson Stadium, KwaZakele, South Africa Malawi 1–0 6–0 2018 COSAFA Women's Championship
6 5–0
7 6–0
8 20 September 2018 Uganda 1–0 2–0
9 21 November 2018 Cape Coast Sports Stadium, Cape Coast, Ghana Equatorial Guinea 1–0 7–1 2018 Africa Women Cup of Nations
10 7 April 2019 Moses Mabhida Stadium, Durban, South Africa Jamaica 1–1 1–1 International Friendly
11 21 September 2021 Onikan Stadium, Lagos, Nigeria Nigeria 2–0 4–2 Aisha Buhari Cup
12 20 October 2021 Estádio do Zimpeto, Maputo, Angola Mozambique 2–0 7–0 2022 Africa Women Cup of Nations qualification
13 7–0
14 26 October 2021 Orlando Stadium, Johannesburg, South Africa Mozambique 2–0 6–0
15 5–0
16 23 February 2022 Stade Omar Hamadi, Algiers, Algeria Algeria 1–1 1–1 2022 Africa Women Cup of Nations qualification
17 7 July 2022 Stade Moulay Hassan, Rabat, Morocco Burundi 3–1 3–1 2022 Women's Africa Cup of Nations
18 18 July 2022 Stade Mohammed V, Casablanca, Morocco Zambia 1–0 1–0
19 28 July 2023 Forsyth Barr Stadium, Dunedin, New Zealand Argentina 1–0 2–2 2023 FIFA Women's World Cup
20 4 December 2023 Lucas Moripe Stadium, Pretoria, South Africa Burkina Faso 1–0 2–0 2024 Women's Africa Cup of Nations qualification
21 2 December 2024 Montego Bay Sports Complex, Montego Bay, Jamaica Jamaica 1–0 2–3 Friendly
22 5 April 2025 UJ Soweto Stadium, Soweto, South Africa Malawi 2–0 3–0
23 7 July 2025 Honneur Stadium, Oujda, Morocco Ghana 1–0 2–0 2024 Women's Africa Cup of Nations
24 22 July 2025 Larbi Zaouli Stadium, Casablanca, Morocco Nigeria 1–1 1–2

Glasgow City

[fetola | Fetola Motswedi]
  • Scottish Women's Premier League: 2022–23

Boditshabatshaba

[fetola | Fetola Motswedi]
  • Africa Women Cup of Nations: 2022; runner-up: 2018
  • Aisha Buhari Cup: 2021

Individual

[fetola | Fetola Motswedi]
  • COSAFA Women's Championship top-scorer: 2018
  • Djurgårdens IF Newcomer of the Year: 2020
  • Women's Africa XI: 2023
  1. "FIFA Women's World Cup France 2019 – List of Players: South Africa" (PDF). FIFA. 27 May 2019. p. 20. Archived from the original (PDF) on 27 May 2019. Retrieved 27 May 2019.
  2. "'Randfontein Maguire' signs for Glasgow City". BBC Sport. 23 January 2023. Retrieved 18 November 2025.
  3. "Linda Maserame "Mimi" Motlhalo". Sasol in Sport. Archived from the original on 22 November 2016. Retrieved 18 Ngwanaatsele 2025.
  4. 1 2 Ramishidja, Mohau (25 June 2016). "Linda Motlhalo is a young women fighting to make a name for herself". Weekend Argus.
  5. 1 2 3 Molobi, Timothy (22 April 2016). "Linda Motlhalo – remember the name". City Press. Retrieved 18 Ngwanaatsele 2025.
  6. "Houston Dash sign midfielder Linda Motlhalo". 1 February 2018. Retrieved 18 November 2025.
  7. 1 2 "Houston Dash waive Banyana duo Thembi Kgatlana and Linda Motlhalo". 6 February 2019. Retrieved 18 November 2025.
  8. "Kgatlana signs for Chinese club". FourFourTwo. 23 February 2019. Retrieved 18 November 2025.
  9. "Linda Motlhalo: Banyana Banyana midfielder joins Swedish club Djurgarden | Goal.com". www.goal.com. Retrieved 18 Ngwanaatsele 2025.
  10. "Motlhalo's brace on debut inspires Djurgardens to comeback derby win over AIK | Goal.com". www.goal.com. Retrieved 18 Ngwanaatsele 2025.
  11. "gsport4girls – Linda Motlhalo's Rising Global Star". gsport4girls. 14 March 2021. Retrieved 18 Ngwanaatsele 2025.
  12. "Motlhalo signs Djurgardens contract extension | Breaking News | FARPost". 20 January 2022. Retrieved 18 Ngwanaatsele 2025.
  13. "Glasgow City sign Africa Cup of Nations winner Linda Motlhalo". Glasgow City FC. 23 January 2023. Retrieved 18 Ngwanaatsele 2025.
  14. "Linda Motlhalo: Glasgow City sign winger dubbed 'Randfontein Ronaldinho' from Djurgardens". BBC Sport. 23 January 2023. Retrieved 18 Ngwanaatsele 2025.
  15. "City clinch title with dramatic last-gasp winner". BBC Sport. Retrieved 18 Ngwanaatsele 2025.
  16. "Racing signs South African star Motlhalo". Racing Louisville FC. Retrieved 18 Ngwanaatsele 2025.
  17. "Racing, Motlhalo part ways as midfielder pursues new opportunity". RacingLouFC.com. Racing Louisville. Retrieved 18 Ngwanaatsele 2025.
  18. 1 2 "Kgatlana leaves Banyana, Motlhalo in". SuperSport. 1 October 2015. Retrieved 18 Ngwanaatsele 2025.
  19. Football, CAF-Confedération Africaine du. "South Africa stun Nigeria to win Aisha Buhari Cup". CAFOnline.com. Retrieved 18 Ngwanaatsele 2025.
  20. "Banyana qualify for Women's Africa Cup of Nations in Morocco". The Citizen. 23 February 2022. Retrieved 18 Ngwanaatsele 2025.