Lindiwe Chibi
Lindiwe Chibi | |
|---|---|
| Tsalo | Lindiwe Chibi 1976 |
| Leso | 2007 (aged 31) |
| Letso | South African |
| Tiro | Actress |
| Dingwaga tsa a le mo tirong | 1995–2005 |
| Tsala | Dan Mokoena |
Lindiwe Chibi (1976–2007), e ne e le modiragatsi wa Aforika Borwa. O tsewa jaaka mongwe wa badiragatsi ba ba nang le bokgoni thata mo thelebišeneng ya Aforika Borwa,[1] o itsege thata ka seabe sa gagwe sa 'Doobsie' mo motseletseleng o o ratwang thata wa Muvhango.[2]
Go thuntshiwa le loso
[fetola | Fetola Motswedi]Ka Moranang a le masome mararo ka 2005, mokapelo wa gagwe Dan Mokoena, o ne a mo hula ka tlhobolo mo sefatlhegong fa Chibi a ne a le kwa legaeng la ga mmaagwe.[3] lerumo le le neng la thuntshiwa gaufi, le ne la tsena mo marameng a gagwe mme la tswa ka fa morago ga tlhogo ya gagwe. O ne a ragosediwa kwa kokelong ya Garden City Clinic mme a nna mo coma dibeke di le tharo. Fa a sena go tsoga mo coma, o ne a swa ditokololo go ya kwa letlhakoreng la moja la mmele wa gagwe.[4] Ka nako ya fa a ne a tokafala mo dikgobalong tse di masisi, o ne a bolawa ke pneumonia kwa Kokelong jwa Chris Hani-Baragwanath kwa Soweto ka 2007 a le dingwaga di le masome mararo le motso.[5]
Tiro
[fetola | Fetola Motswedi]Ka 1995, o ne a simolola tiro ya gagwe ya bodiragatsi ka motshameko wa threatre wa Ekuseni e e neng ya diragadiwa kwa Civic Theatre. Morago ga moo o ne a diragatsa mo drameng ya Game kwa Windybrow Theatre, kwa a neng a amogela Seetsele sa Modiragatsi yo o Gaisang. Morago ga moo o ne a tshameka karolo ya ga 'Stella Kowalski' mo drameng ya bogologolo, A Street Car Named Desire mmogo le mo go The Pen le Molora.[4] O tshamekile karolo e e tumileng ya motho yo o bosula 'Doobsie' mo motseletseleng wa thelebišene wa Muvhango.[6] Morago ga loso lwa gagwe, go ne ga itsisiwe gore seabe sa gagwe se rotswe tiro.[3]
Ka Phatwe a le malatsi mararo 2018, Mokgatlho wa Market Theatre o ne wa bitsa phaposi ya boto ya boalo jo bo kwa godimo go tlotla Chibi.[1]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 "Lindiwe Chibi memorialised at the Market Square". Market Theatre official page. Retrieved 30 November 2020.
- ↑ "Lindiwe Chibi intro". ESAT. Retrieved 30 November 2020.
- 1 2 "'Doobsie' written out of soapie". news24. Retrieved 30 November 2020
- 1 2 "Actress Lindiwe Chibi dies". IOL. Retrieved 30 November 2020
- ↑ "Throwback: South African soap stars who died in real life". all4women. Retrieved 30 November 2020
- ↑ "Star's shooting 'an accident'". news24. Retrieved 30 November 2020.