Jump to content

Lindiwe Sisulu

Go tswa ko Wikipedia
Lindiwe Sisulu
Sisulu ka 2018
Tona wa bojanala
In office
Phatwe a le malatsi a matlhano ngwaga wa 2021  Mopitlo a le malatsi a marataro ngwaga wa 2023
PresidentCyril Ramaphosa
Pele Ga Gagwe[Mmamoloko Kubayi-Ngubane]]
Morago Ga GagwePatricia de Lille
Tona wa bonno, metsi le kgopo leswe
In office
Motsheganong a le masome mararo ngwaga wa 2019  Phatwe a le malatsi a matlhano ngwaga wa 2021
PresidentCyril Ramaphosa
Diofisi tsa pele tsa palamente2001 go tsena 2019
Mopalamente
In office
Moranang a le masome mabedi le bosupa ngwaga wa 1994  Mopitlo a le lesome le botlhano ngwaga wa 2023
Ka Ga Ena
O tsetsweLindiwe Nonceba Sisulu
Motsheganong a le lesome ngwaga wa 1954
Johannesburg
MokgatlhoAfrican National Congress
Mo/BakapeloXolile Guma (ba kgaogane) Rok Ajul (o tlhokafetse ka 2016)
BatsadiWalter Sisulu Albertina Sisulu
ThutoWaterford Kamhlaba
Alma materUniversity of Swaziland University of York
Military service
AllegianceUmkhonto we Sizwe

Lindiwe Nonceba Sisulu (yo a bonweng ka Motsheganong a tlhola malatsi a le lesome ka ngwaga wa 1954) ke mopolotiki wa kwa Aforika Borwa. O ne a emetse African National Congress (ANC) kwa palamenteng ya Aforika Borwa ka Moranang 1994 go tsena Mopitlwe 2023, o berekile a sa ikhutse mo palamenteng e le tona mo pusong ya bo tautona ba le bane, tautona Cyril Ramaphosa o ne a mo ntsha mo matoneng a gagwe ka Mopitlwe 2023,a fefosa go ithola marapo ga gagwe mo palamenteng.

Lonyalo lwa ga Walter Sisulu le Albertina Sisulu ka 1944 (le baemisi Nelson Mandela le Anton Lembede)

Morwadie baeteledipele ba ba neng ba le kgatlhanong le puso ya tlhaolele, Albertina le Walter Sisulu, sisulu o bonetswe kwa Johannesburg a tsena sekolo se se nang le boroko kwa lefatsheng le le mabapi la Swaziland. Morago ga go tshwarwa ka lobaka a sa sekisiwa ka 1976 go tsena 1977, o ne a tswa kwa Aforika Borwa,a le dingwaga di le masome mabedi le boraro, a nna leloko la Umkhonto we Sizwe a tshabile. O nnile thata kwa Swaziland le England go fitlhelela ka 1990, fa a ne a boela Aforika Borwa ka nako ya dipuisano tsa go fedisa puso ya tlhaolele. Ka a ne a tlhophilwe mo ditlhophong tsa ntlha tsa Aforika Borwa morago ga puso ya tlhaolele, o ne a nna modulasetilo wa ntlha wa komiti ya palamente ya matlhale, a tswelela ka go bereka mo pusong ya ga Nelson Mandela ya National Unity e le mothusa tona wa magae go tswa ka 1996 go tsena 2001.

Ka fa tlase ga ga tautona Thabo Mbeki, Sisulu o berekile e le tona wa matlhale go tswa ka 2001 go tsena 2004 le ele tona wa matlo go tswa ka 2004 go tsena 2009. Ka fa tlase ga ga tautona Jacob Zuma, e ne e le tona wa tshireletso le mabutswapele a sesole go tswa ka 2009 go tsena 2012, tona wa ditirelo tsa setshaba le tsamaiso go tswa ka 2012 go tsena 2014 (a boela gape kwa maemong a gagwe a pele) le e le tona wa bonno go tswa ka 2014 go tsena 2018. Tautona Ramaphosa o ne a mo thapa e le tona wa mafatshe a sele ka Tlhakole 2018, mme sebaka sa gagwe mo maemong ao se ne se le sekhutshwane: morago ga ditlhopho tsa 2019, o ne a fudusediwa kwa lephateng lesha la bonno, metsi le kgopo leswe e le tona wa lone. Kwa bofelong mo tswakanyong ya Phatwe 2021, o ne a fokodiwa maemo a nna tona wa bojanala, maemo a gagwe a bofelo mo pusong.

A itsege ka go nna moko o thata mo sepolotiking[1], o ne a bolotsa letsholo la ditlhopho tsa botautona jwa ANC pele ga bokopano jwa masome matlhano le bone kwa phathi ka 2017 le jwa masome matlhano le botlhano ka 2022. Letsholo la gagwe la 2022 le ne le tumile ka go kgapela kgakala tiriso ya molaomotheo. Ga gona lepe la matsholo ao le le neng la amogela kemo nokeng e e lekaneng go tswelela pele le tlhopho ya botautona. O ne a tlhagelela mo pampiring ya tlhopho ya 2017 a eme kgatlhanong le Cyril Ramaphosa, mme David Mabuza o ne fenya maemo a mothusa tautona. Sisulu o nnile leloko la komiti ya ANC fa e sale ka Morule 1997; o ne a tlhophiwa gape mo setlheng sa dingwaga tse tlhano sa borataro ka Morule 2022. O berekile ditlha tss nne e le leloko la komiti ya pereko ka 2003 go tsena 2022.

Botshelo jwa a le mmotlana le tiro

[fetola | Fetola Motswedi]

Sisulu o tshotswe ka Motsheganong a le lesome ngwaga wa 1954 kwa Johannesburg.[2] O ne a na le bokgaitsadie ba batona ba le bararo - Max,Mlungisi, le Zwelakhe - le monnawe wa mosetsana a bidiwa Nokululeko.[3] Batsadi ba bone, Walter le Albertina Sisulu, e ne ele balwela ditshwanelo ba tlwatlhwa kgatlhanong le puso ya tlhaolele; Walter e ne e le mokwaledi mogolo wa African National Congress (ANC) ka 1954,o ne a atlholelwa botshelo bo mo kgolegelong dingwaga tse di lesome morago, mo tshekong ya Rivonia.[4] Ka bo ngwana jwa gagwe, Sisulu o ne a buisana le rraagwe ka makwalo a poso, morago ga go atlega mo go eng ngweding ga ntlha, o ne a mo kwalela go mmolelela gore o eletsa go nna mosadi wa ntlha wa mo Aforika go ya ngweding, rraagwe o ne a mo rotloetsa go sala morago toro ya gagwe.[5]

A tsene sekolo se se nang le boroko go tswa kwa bonnyeng,[6] Sisulu o ne a fetsa sekolo se segolwane kwa ntle ga Aforika Borwa kwa St Michael's school le kwa Waterford Kamhlaba kwa lefatsheng le le mabapi la Swaziland. O alogile ma 1973 ka setlankana sa Cambridge General Certificate of Education: Advanced Level.[7][8] O ithutile puo ya Latin kwa sekolong, a ikaelela go dira dithuto tsa molao kwa Britain, mme o ne a ganelwa ka bukana ya mesepele. Mo boemong,o ne a kwadisiwa mo degree ya ditso le polotiki kwa University of Swaziland.[6] Ka nako eo, selo se se neng sa seka sa itumedisa mmaagwe, o ne a simolola go nna le kgatlhego mo dipolotiking tsa batho bantsho.[9]

Go tshwarwa ga gagwe: 1976 go tsena 1977

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka Seetebosigo a le lesome le boraro ngwaga wa 1976, kwa gae kwa Johannesburg a le fa gare ga ditlha tsa sekolo, Sisulu o ne a tshwarwa ke mapodisi a Aforika Borwa ka pelaelo ya go amana le ANC e e neng e eleditswe. O ne a tshwarwa a sa sekisiwa ka fa tlase ga molao wa tirisodikgoka, dikgwedi di le lesome le motso, a le kwa dikgolegelong tsa John Vorster Square, Hartbeespoort, Nylstroom le ya legare ya Pretoria.[5][6] Fa a tlhotlhomisiwa, o ne a bogisiwa ka motlakase, ka tlhakanelo dikobo le go seegelwa kwa thoko a le esi, o ne a bolelelwa gape e se boammaruri, gore maloko a lolwapa lwa gagwe a tlhokafetse kgotsa a tshwerwe.[6] Rraagwe, o le ene a neng a santse a le mo kgolegelong, o ne a kwalela Jimmy Kruger, tona wa tshiamiso, lokwalo lo loleele a supa go gatelelwa ke maikutlo ga ga Lindiwe ebile a supa matshwenyego a gore dibe tsa batsadi ba gagwe di dirisiwa mo go ene.[5] Mmaagwe morago o ne a re Sisulu o ne a amilwe thata ke pogiso ya gagwe.[3] O ne a gololwa mo kgolegelong ka Phukwi 1977, moragonyana a tswa kwa Aforika Borwa go ya go nna ka go tshaba ga sennela ruri.[5]

Fa a tshabile: 1977 go tsena 1990

[fetola | Fetola Motswedi]

Morago ga go nna le Ruth First kwa Maputo, Mozambique,[4] Sisulu o ne a nna leloko la Umkhonto we Sizwe, lekgamu le le tshabileng la ANC, morago ka 1977. Mo dingwageng tse pedi tse di neng tsa latela, o ne a katisediwa sesole ka fa tlase ga kgakolo ya lekgamu leo, a itebagantse le matlhale a sesole;[10] go ya ka pampiri e e supang dithutego le ditiro tsa gagwe ya semmusi, o ne a amogelwa mo seelong sa Order of the Red Star go lebilwe ka fa a dirang ka teng mo thutong ya Soviet.[10] Ka ngwaga wa 1980,[10] o ne a boela kwa Swaziland, kwa a neng a tsweledisa thuto ya gagwe: o ne a fetsa BA kwa University of Swaziland, le diploma ya thutl ka 1980 le honours ya ditso ka 1981.[7][11]

O dirile tiro ya gagwe ya pele ya borutabana kwa Swaziland, a ruta kwa Manzini Central High School ka 1981 le kwa University of Swaziland mo lephateng la ditso ka 1982; e ne e le morulaganyi o o kwa tlase wa pampiri ya dikgang ya Times of Swaziland ka 1983[7], e e neng e remeletse kwa Mbabane. Go tswa ka 1983 go tsena 1984, o ne a nna kwa England mo thusong ya madi a sekolo a Oppenheimer, a fetsa MA ya ditso kwa University of York's centre for Southern African Studies.[10] O boetse kwa Swaziland ka nakwana go tswa ka 1985 go tsena 1987, a bereka kwa Manzini Teachers Training College , mme a boela kwa York go fetsa dithuto tsa gagwe tsa MPhil.[7] Tshekatsheko ya gagwe ya MPhil, e a e feditseng ka 1989, e ne e filwe setlhogo sa "Women at work and liberation struggle in South Africa".[11] Go ya ka pampiri e e supang dithuto le ditiro tse a di berekileng, o ne a tsweledisa go dira DPhil ngwaga one oo.[10]

Go boela Aforika Borwa: 1990

[fetola | Fetola Motswedi]

Sisulu o ne a boela Aforika Borwa ka Moranang 1990 ka nako ya go buisanwa ka go fedisa puso ya tlhaolele; rraagwe , o a neng a sa tswa go bulelwa kwa toronkong, o ne a mo kopantsha kwa maemelong a difofane a Jan Smarts kwa Johannesburg.[3] Dingwaga tse tharo tse di latelang, o ne a berekela ANC, e e neng e sa tswa go ntshiwa mo kiletsong ke puso ya tlhaolele. E ne e le mothusi wa ga Jacob Zuma, o ka nako eo e neng e le mookamedi wa lephata la matlhale wa ANC, ka 1990, a nna motsamaisi mogolo wa ANC  kwa bokopanong jwa Aforika Borwa wa puso ya batho ka batho ka 1991, le motsamaisi wa lephata la matlhale ka 1992.[7] Morago ka 1992, o ne a bereka ka nakwana e le mogakolodi wa komiti ya UNESCO ya ditshwanelo tsa bana, ka 1993 o ne a nna mookamedi wa Govan Mbeki Research Fellowship kwa University of Fort Hare. Ka ngwaga wa 1993, o ne a boela ANC go bereka e le leloko la khansele potlana ya khansele ya phetogo ya matlhale.[7]

Tiro ya gagwe ya pele ya sepolotiki

[fetola | Fetola Motswedi]

Fa ditlhopho tsa ntlha tsa Aforika Borwa morago ga puso ya tlhaolele di tshwarwa ka Moranang 1994, Sisulu o ne a tlhophiwa go emela ANC kwa palamenteng e ntsha ya Aforika Borwa. Molao wa taolo ya matlhale o ne wa tlhama komiti ya matlhale ka 1995, a tlhomiwa modulasetilo wa yone.[7][12]

Le fa go ntse jalo, ka Seetebosigo 1996, sebaka sa ngwaga fela mo maemong a gagwe e le modulasetilo wa komiti - Sisulu o ne a tlhatlosiwa maemo go nna mothusa tona wa magae mo pusong ya ga tautona Nelson Mandela ya National Unity.[7] O ne a nna mo maemong ao go tswa ka Seetebosigo 1996 go tsena Firikgong 2001,[7] a nna mothusa tona wa ga Mangosuthu Buthelezi, moeteledipele wa phathi ya kganetso ya Inkatha Freedom Party.[13] Fa a bereka e le mothusa tona, Sisulu o ne a tsenelela bokopano jwa masome a matlhano kwa Mafikeng ka Morule 1997, kwa a neng a tlhophiwa e le lantlha mo komiting ya phathi.[14]

Tiro ya go nna tona

[fetola | Fetola Motswedi]

Matlhale: 2001 go tsena 2004

[fetola | Fetola Motswedi]

Morago ga ditlhopho tsa 1999, tautona o mosha Thabo Mbeki o ne a tlogela Sisulu le Buthelezi mo maemong a lephata la magae.[7] Ka Firikgong 2001,le fa go ntse jalo o ne a tswakanya matona, Sisulu a nna tona wa matlhale, a tlhatlhama Joe Nhlanhla.[15] Mo maemong ao, ka 2003, o ne a tlhama khansele ya ditirelo tsa matlhale.[16]

Ka Morule 2002, bokopano jwa ANC jwa masome a matlhano le bongwe bo ne ba tlhopha Sisulu mo setlheng sa bobedi e le leloko la komiti ya phathi, go ya ka dipalo tse go neng go tlhophikwe ka tsone, e ne e le ntlhopheng wa lesome le boraro mo go ba le masome  a marataro ba ba neng ba tlhophilwe go ya komiting.[17] O ne a tlhophiwa gape mo komiting ya pereko e le lantlha.[18]

Matlo: 2004 go tsena 2009

[fetola | Fetola Motswedi]
Sisulu ka loeto go ya Brazil ka Lwetse 2009

Morago ga ditlhopho tsa 2004, Sisulu o ne a tlhophiwa tona wa matlo mo matoneng a bobedi a ga Mbeki.[19] O berekile mo maemong ao mo palamenteng ya boraro ya Moranang 2004 go tsena Motsheganong 2009, mo setlheng sa bobedi sa ga Mbeki le sa nakwana sa motlhatlhami wa ga Mbeki, tautona Kgalema Motlanthe. Ka nako ya ketelelo pele ya ga Sisulu, lephata la matlo le ne la tlhama lekgotla la tlhabololo matlo la bo la baya kwa pele go agiwa ga matlo a masha a puso.[20] Tiro ya gagwe mo lephateng e ne ya gwetlha dietsele go tswa kwa Institute of Housing of South Africa ka 2004, le International Association for Housing Science ka 2005.[7]

Porojeke ya Gateway

[fetola | Fetola Motswedi]

Porojeke ya boremelelo ya ga Sisulu ya matlo e e neng ya simolodisiwa ka Tlhakole 2005, ke ya Gateway, e le lenaneo le le ikaelelang go aga matlo kwa Kapa mo boemong jwa go ipaya fela.[21] Go ne go le manganga thata ga bo ga kganelwa ke ba ba neng ba fudusitswe ka nako ya dikago.[22][23] Go ganetsa mo go ne ga gakala ka Morule 2007, fa banni ba bonno jwa Joe Slovo, ba ba neng ba fuduseditswe kwa Delft, ba ne ba simolola go tsena mo matlong a a neng a sa tswa go agiwa a N2, se se baka go ditshetlana tsa go ba koba, kwa kgotlatshekelong ya molaomotheo.[24] Sisulu o ne a kgalelwa go tshosetsa banni phatlalatsa gore o o sa dirisaneng o tlaa ntshiwa mo lenaaneng la tetelo ya matlo a puso[25], Martin Legassick o e leng moitseanape wa thuto o ne a mo kgalela go gana go kopana le ba ba nnang koo le go gana go buisana le ba ba amegang.[26]

Fa ba kgatlhegela Sisulu go bo a lora thata, pampiri ya dikgang ya Mail & Guardian e ne ya re ka phelelo ya ngwaga wa 2008, N2 Gateway e ne e le sekganedi se setona sa ga tona, ka go diragatsa maitlamo a gagwe , Sisulu o ne a tshwanela ke go ntsha batho  go ba isa gaufi le ditoropo.[20] Porojeke e ne ya aga matlo a le dikete di le lesome le borataro, makgolo a supa le masome a mane ka tlhwatlhwa ya dibilione di pedi le didikadike di supa.[27]

Bokopano jwa Polokwane

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka Morule 2007 kwa Polokwane, ANC e ne ya tshwara bokopano jwa yone jwa masome a matlhano le bobedi jo kwa go jone, mothusa tautona wa pele Jacob Zuma (mookamedi wa pele wa ga Sisulu kwa lephateng la matlhale) a neng a thankgola Mbeki mo botautoneng jwa phathi.  Le ntswa bontsi jwa matona a ga Mbeki a ne a reteletswe ke go iponela tlhopho gapemo komiting ya phathi, Sisulu o ne a tlhophiwa gape e le ntlhopheng wa bosupa;[28] o ne a busediwa gape kwa komiting ya pereko.[29]

Ba ela dilo tlhoko ba bangwe, ba akaretsa R. W Johnson, ba ne ba tlhalosa go tlhatloga ga ga Sisulu e le maduo a go nna leloko la lekgamu la ga Zuma ka setu, pele ga bokopano, a phuaganya Mbeki;[30] go ya ka Mark Gevisser, botsalano jwa gagwe le Mbeki bo ne bo sa tlhole bo le monate mo setlheng sa gagwe sa bobedi, bontlha jwa seo e le go bona a isitswe maemo tlase go tswa kea lephateng la matlhale go ya la matlo.[31] Sisulu o ne a bua ka boeteledipele jwa ga Mbeki-Zuma gore, "re ne re sa itse se re se dirang; re ne re diilwe ke makgamu" [32]le gore o be a dumela gore Zuma ke ene a tshwanetseng go itsa Mbeki go fenya setlha sa boraro se se seng mo molaomotheong wa botautona jwa ANC.[33]

Mabutswapele a tshireletso le sesole: 2009 go tsena 2012

[fetola | Fetola Motswedi]
Sisulu le mothusa mokwaledi wa United States of America John Sullivan kwa bokopanong jwa G20 ka Motsheganong 2018

Pele ga ditlhopho tse di latelang ka Moranang 2009, Zuma o ne a tlhophiwa e le tautona, a tlhopha Sisulu mo matoneng a gagwe go nna tona wa tshireletso le mabutswapele a sesole. Mo maemong ao o ne a tlhatlhama Charles Nqakula, mothusi wa gagwe e ke Thabang Makwetla.[34][35] Moragonyana mo setlheng seo o ne a kgatlha leitlho la babega dikgang go bo a thapile Paul Ngobeni, mmueledi wa manganga go tswa kwa kgaolong ya America ya Connecticut, e le mogakolodi wa gagwe wa molao. Go mo thapa go ne ga kgalwa ke batho mo tsamaisong ya tshireletso[36] gammogo le phathi ya kganetso ya Democratic Alliance (DA), e e neng e re ke bontlha jwa mokgwa wa go neela ditsala tsa sepolotiki tsa ga Zuma ditiro.[37][38] Morago ga dingwaga tse pedi, o ne a kgalelwa go thapa Tony Yengeni mo komiting ya tshekatsheko ya tshireletso ya Aforika Borwa.[39]

Go ntsha SANDF mo go nneng lekgotla

[fetola | Fetola Motswedi]

Kgang kgolo ya molao ya setlha sa ga Sisulu mo lephateng la tshireletso e ne e le kgotlhang ya gagwe le South African National Defence Union (SANDU). Kgotlhang eo e simologile ka Phatwe 2009, fa maloko a SANDU a ne a gwanta kwa dikagong tsa lekgotla. Sisulu o ne a tsiboga a ka tenego,[40] a romela dikitsiso tsa go kobiwa kwa masoleng a ka nna sekete le makgolo a mararo, a a neng a tsere karolo mo mogwantong.[41][42] Le ntswa go kobiwa mo go ne ga boelwa morago mo dibekeng tse di latelang,[43] Sisulu o ne a itlama ka molao wa go ntsha South African National Defence Force mo go nneng lekgotla, ka mabaka a gore go nna lekgotla go kotsi mo tshireletsegong.[44][45] Kgotlatshekelo ya molaomotheo e ne e tlhomamisitse tshwanelo ya sesole ya go dira lekgotlha mo tshekong ya SANDU kgatlhanong le tona wa tshireletso, mme Sisulu ka Morule 2010 o ne a re o ipaakanyeditse go dira diphetogo tse di maleba mo molaomotheong.[46][47] Mo nakong eo Sisulu le SANDU ba ne ba tlhaselana phatlalatsa ka mafoko; mo mafokong mangwe, o ne a re SANDU e borai thata mo tshireletsegong ya setshaba le gore ke lekgotla le le buang maaka gore le bonale fa le sale teng,[48] SANDU e ne ya re Sisulu a ntshiwe mo ofising ya gagwe.[49]

Difofane tsa maemo a ntlha

[fetola | Fetola Motswedi]

Moragonyana Sisulu a sena go tswa mo lephateng la tshireletso, phathi ya kganetso ya DA e ne ya bolotsa letsholo la go tsenya leitlho tiriso ya gagwe ya difofane tsa maemo fa a tsaya maeto ka nako ya e le tona wa lephata la tshireletso. Ka Phalane 2012, fa a fetola potso mo palamenteng e e tswang kwa DA, lephata la tshireletso le ne la bega gore Sisulu o ne a dirisitse difofane tse di ikemetseng di le makgolo a mabedi le boraro, ka tlhwatlhwa ya didikadike di feta masome a mane e e neng e duelwa ke South African Air Force, ka ngwaga wa 2009 go tsena 2012.[50] Moemedi wa DA David Maynier o ne a re se ke tshenyo ya madi e e makatsang,[51] lekgotla la makgotla a a kopaneng a babereki le ne la dumalana le DA mo go gwetlheng ditlhotlhomiso.[52]

Le fa go ntse jalo, Sisulu o ne a latola se se begilweng ke lephata, a gatelela gore o dirisitswe difofane di le masome a mararo le botlhano fela - maeto a mangwe o ne a dirisa difofane tsa batho ba tlhwatlhwa tsa Air Force.[53] Sisulu o ne a kopa motlhatlhami wa gagwe mo lephateng la tshireletso, Nosiviwe Mapisa-Nqakula,go boela morago phetolo e e neng e filwe kwa palamenteng, se sa baka metseletsele ya go ganetsana phatlalatsa ga matona a mabedi ao; Sisulu o ne a felela a dira ngongora e e ka fa molaong kgatlhanong le Mapisa-Nqakula, a dira matshosetsi a go mo sekisa.[50][54] Lephata le ne la boela morago phetolo ya lone ya ntlha, le amogela gore go ne go se boaamaruri.[55]

Ka nako eo,Sisulu o ne a ngangisana gape le Maynier, ka Ngwanatsele 2012, a nganga le ene ka difofane ka ngangisano ya kwa palamenteng, o ne a gakolola gore "mopalamente wa DA Maynier o tshwanetse go nna fa fatshe."[52] Kgaitsadie Sisulu, Max, e le motsamaisa dipuisano tsa palamente, o ne are mafoko a gagwe ga a tlhamalala go ka dirisiwa mo palamenteng, mme o ne a a boela morago.[56] Maynier o ne a tswelela ka go sala kgang eo morago mo dingwageng tse pedi tse di latelang, a re tlhwatlhwa ya difofane e jaanong e akanyediwang kwa didikadikeng di le lesome le motso mo difofaneng di le masome mararo le botlhano, ga e letlelesege ebile e fapaana le maikano a bo tona.[57] Ka Lwetse 2014, o ne a supa lephata la tshiereletso ka monwana go ema kgatlhanong le go sekaseka tiriso eo ya madi.[58]

Tirelo ya setshaba le tsamaiso: 2012 go tsena 2014

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka Seetebosigo 2012, Zuma o ne a tswakanya matona a gagwe, Sisulu a nna tona wa ditirelo tsa setshaba le tsamaiso; o ne a tlhatlhama Roy Padayachie, o a neng a sa tswa go tlhokafala[59]. Pampiri ya dikgang ya Mail & Guardian e ne ya bega gore Sisulu o shakgaditswe ke go sutisiwa moo, ka a ne a go bona e le go fokodiwa maemo.[39] Le fa go ntse jalo, mo ngwageng wa ntlha wa gagwe a le mo ofising eo, o ne a buelela tumalano ya dituelo tse dintsi mo ngwageng le makgotla a babereki ba setshaba, a simolodisa le lekgotla le le kgatlhanong le tshenyetso setshaba, mo lekgotleng leo, lekgotla la Corruption Watch le ne la fa tlotla ya mogaka wa beke go bo a supile a na le maikaelelo a sepolotiki[60]. Ka ngwaga oo gape, Sisulu o ne a thapa Menzi Simelane, mo go neng go le manganga, e le mogakolodi o o faphegileng morago ga kgotlatshekelo e sena go botsa ka go ikanyega ga gagwe mo katlholong ya maemo.[61]

Fa bokopano jwa ANC jwa masome a matlhano le boraro bo atamela, go ne ga buiwa ka gore Sisulu ke o ka nna ntlhopheng o o ka ema kgatlhanong le Zuma go emela botautona jwa ANC; o ne a na le kemo nokeng go tswa mo lekgotleng la banana la ANC. Le fa go ntse jalo, fa bokopano bo tsena ka Morule 2012 kwa Mangaung, Sisulu o ne a emela ditlhopho gape tsa setlha sa gagwe sa bone e le leloko fela la komiti ya ANC. O ne a tlhophiwa gape, e le wa boraro ka go tuma, a setse morago Nkosazana Dlamini-Zuma le Malusi Gigaba fela. Ka nako eo gaoe, o ne a tlhophiwa gape mo setlheng sa gagwe sa boraro mo komiting ya pereko.[62]

Bonno: 2014 go tsena 2018

[fetola | Fetola Motswedi]

Pele ga ditlhopho tsa Motsheganong 2014, Zuma o ne a thapa Sisulu e le tona wa bonno mo tswakanyong ya gagw ya bobedi - e le lephata (le filwe leina le sele la matlo) le a neng a le mo go lone ka nako ya ga Mbeki.[63] Fa a na le dingwaga di le nne fela mo maemong ao, o ne a okamela go tlhamiwa ga banka ya bonno (Human Settlements Development Bank) le ofisi ya moatlhodi wa bonno (Human Settlements Ombudsman); le ntswa maduo a lephata mo mafelong a mangwe a ne a tlhakane; pampiri ya dikgang ya Mail & Guardian e ne ya re kwa bofelong jwa 2017, o ne a supile gore o na le bokgoni ebile ke tona o o berekang ka thata.[64]

Letsholo la go phadisanela botautona lantlha

[fetola | Fetola Motswedi]
Sisulu le tona wa mafatshe a sele wa kwa Argentina Jorge Faurie ka Motsheganong 2018

Pele ga bokopano jwa ANC jwa masome a amatlhano le bone ka ngwaga wa 2017, Sisulu o ne a bolotsa letsholo la go tlhatlhama Zuma e le tautona wa phathi. O ne a itsise ka go eme e le ntlhopheng ka Phukwi a le masome mabedi le motso ngwaga wa 2017 kwa Walter Sisulu Square kwa Kliptown, Soweto, kwa molaomotheo wa kgololesgo o neng wa amogelwa teng ka 1955. O ne a re o ikaelela go phepafatsa ANC le go busetsa maikaelelo a yone a pele. Sekao sa letsholo la gagwe le ne re "ke tshwanelo",[65] letsholo la gagwe le ne le gatelela go boela morago se se tlogetsweng ke puso ya tlhaolele le go gatelelwa ke borre. Le fa go ntse jalo, o ne a seka a fenya phadisano e: le ntswa a ne a tlhophilwe semmuso go emela maemo ao ke lekalana la ANC la Kapa Botlhaba, kgaolo ya lolwapa lwa gagwe, tlhopho ya mo phathing e e neng e dirilwe ka Phukwi e ne e supa fa a na le kemo nokeng ya bosupa mo lekgolong la maloko a ANC. Letsholo la gagwe le ne le lopile diranta di le sedikadike.[66]

Ka nako ya letsholo, Sisulu o ne a kgala boeteledipele jwa ga Zuma mo pontsheng, a bo a re ANC e mo kgalemele semmuso. O ne a nganga le Gwede Mantashe, mokwaledi-mogolo wa ANC, e le ka ntlha ya puisano e e a neng a e file Dispatch ka Phalane 2017. Pampiri ya dikgang e ne e mo inotse a boditse potso ya gore "o ne a le kae fa re lwela kgololesego re tshabile le re le kwa kgolegelong, kgololesego e gompieno a e dirisang botlhaswa a direle ene e seng setshaba?". Ka Mantatshe a ne a le motho wa lekgotla la babereki kwa Aforika Borwa ka nako ya puso ya tlhaolele, mafoko a a ne a bonwa e le llonyatso mo kgaratlhong ya puso ya tlhaolele, ba ba kgalang ba ne ba re e supa gore Sisulu o boikgogomoso.[1] Fa a fetola, Mantashe o ne a re maitemogelo a ga Sisulu e le leloko la lolwapa lwa bogosi, motlhokomedi-mogolo wa ANC Jackson Mthembu o ne a tlaopa Sisulu are o santse a le ngwana mo go tsa sepolotiki mo maranyaneng a Twitter.[67]

Fa makalana a mo gae a ANC a fetsa go tlhopha bontlhopheng ba one go emela maemo a boeteledipele, Sisulu o ne a seka a nna ntlhophengwa botautona mme o ne a tlhagelela gantsi e le ntlhopheng wa mothusa tautona. Go bolelwa fa e rile a tsibogela se, o ne a itsise ka Morule a le lesome le bone gore o tlaa ikgogela morago mo go emeleng ditlhopho tsa botautona, mme a eme e le mothusa tautona. O ne a tlhatlhama Naledi Pandor e le ntlhopheng o o kgatlhanong le motlhatlhami wa ga Zuma, mothusa tautona Cyril Ramaphosa. Bokopano bo ne jwa simologa morago ga malatsi a mabedi kwa Nasrec, ka maduo a ditlhopho a simolotse go bolelwa ka Morule a le lesome le borobabobedi. Le ntswa Ramaphosa a ne a atlega kgatlhanong le Zuma, Sisulu o ne a fenngwa ke ntlhopheng o o tsamaisanang le Zuma, David Mabuza mo maemong a mothusa tautona. Mabuza o ne a fentse ka dikete pedi, makgolo a matlhano, masome a mararo le borobabobedi (masome a matlhano le bone mo lekgolong) kgatlhanong le dikete tse pedi, lekgolo, masome a matlhano le borobabongwe jwa ga Sisulu (masome a mane le borataro mo lekgolong). Le fa go ntse jalo, o ne a tlhophiwa gape go ya komiting ya ANC e le ntlhopheng wa lesome le bobedi ka maemo, o ne a boela mo komiting ya pereko gape.[68]

Tsa mafatshe a sele: 2018 go tsena 2019

[fetola | Fetola Motswedi]

Morago ga bokopano jwa Nasrec, ka Tlhakoe 2018, Ramaphosa o ne a tlhatlhama Zuma e le tautona wa lefatshe. O ne a thapa Sisulu go tlhatlhama Maite Nkoana-Mashabane e le tona wa mafatshe a sele mo matoneng a gagwe a masha. Morago ga a sena go thapiwa, o ne a dira tshekatsheko e e tseneletseng ya molao wa mafatshe a sele wa Aforika Borwa, e e neng e eteletwe pele ke Aziz Pahad.[69] Pampiri ya dikgang ya Mail& Guardian e ne ya mo opela legofi go tsisa maatla a a pharologanyo mo lephateng la mafatshe a sele le go nna moemedi wa Aforika Borwa o o tsepameng. Ka Ngwanatsele 2018, babueledi ba ditshwanelo tsa setho ba ne ba kgala tshwetso ya Aforika Borwa ya go sa tseye karolo mo komiting ya boraro ya tharabololo e e neng e kgala kganyaolo ya Rohingya kwa Myanmar, mme moragonyana, Sisulu o ne a itsise fa lephata la gagwe le tlaa boela morago maemo a lone e le bontlha jwa molao o mogolo wa go ema ba tsepame mo dikgannyeng tse di amang ditshwanelo tsa batho. Ka nnete, Aforika Borwa ba ne ba ema nokeng tharabololo eo fa e tlhagelela fa pele ga United Nations General Assembly.[70]

Sisulu o ne a le mo ofising fa Aforika Borwa e isa tlase botsalano jwa lone le lefatshe la Israel, ba beeletsa boemedi jwa Aforika Borwa kwa Tel Aviv ka ofisi ya neelano. Sisulu o ne a itsise tshwetso e e le mafoko kwa South Afrian Institute of International Affairs ka Moranang 2019.[71] Lekgotla la South African Jewish Board of Deputies le ne le le kgatlhanong le tshwetso e;[72][73] mothusa tautona wa lone, Zev Krengel, o ne a re Sisulu ke mmaba o motona wa batho ba BaJuta ba Aforika Borwa.[74] Morago, ka Phalane 2022, mo puisanong le SABC, Sisulu o ne a ngongoregela gore o ne a tlogetswe a le nosi, go emela ditlhaselo tsa setshaba, a ne a solofetse gore tautona Ramaphosa o tlaa mo sireletsa phatlalatsa.[75][76] Le fa go ntse jalo, mmereki ka ene Mondli Gungubele o ne a re ga a bue boammaruri, are ga a ka a supa go tlhoka o itumela gope ka nako eo.[77]

Bonno, metsi le kgopo leswe: 2019 go tsena 2021

[fetola | Fetola Motswedi]
Sisulu le mokwaledi wa America Mike Pompeo ka palamente ya United Nations ka Lwetse 2018

Pele ga ditlhopho tsa Motsheganong 2021, Ramaphosa o ne a aga sesha matona a gagw, Sisulu o ne a thapiwa e le tona wa bonno, metsi le kgopo leswe, kwa a neng a okametse go kopana ga maphata a bonno le la metsi le kgopo leswe.[78] Ka Ngwanatsele 2019, o ne a simolola lenaneo le legolo la metsi le kgopo leswe, le le tlaa ikaelelang go tokafatsa magokanyane a metsi ka tlhwatlhwa ya di bilione di le makgolo a robabobedi, masome a robabongwe le borobabobedi mo dingwageng di le lesome.[79] Ba ba kgatlhanong ba ne ba tlhalosa molao o e le porojeke ya boithamako,[1] pampiri ya dikgang ya City Press e ne ya bega gore matona le mapalamente ba a e kgala.[80][81]

Fela jaaka mo diofing tse dingwe tse a nnileng mo go tsone, Sisulu o ne a kgalelwa go hira mo a neng a go dira mo ma emong a gagwe.[82] Ka Ngwanatsele 2019, o ne a thapa Bathabile Dlamini - o a neng a sa tswa go kobiwa mo matoneng - e le modulasetilo wa lekgotla le le okametseng bonno.[83] Tona o mongwe wa pele Susan Shabangu, o ne a thapiwa mo komiting ya bogakolodi.[84] Ka Firikgong 2020, phathi ya kganetso ya DA e ne ya gwetlha komiti ya pereko ya setshaba go tlhotlhomisa go thapiwa ga ba ba amanang le ANC ba bangwe ba le babedi - Menzi Simelane le selhola sa pele Mo Shaik, e le bagakolodi ba ba faphegileng;[85] Shaik o ne a ithola marapo mo mangangeng a a ntse a tsweletse. Moabi wa madi wa ANC Jurgen Kógl le ene e ne e le mogakolodi wa ga Sisulu o o faphegileng,[86] mogakolodi o mongwe Mphumzi Mdekazi, o ne a lebisiwa molato ke DA wa go oketsa madi a gagwe a mosepele,[87] le go nna mmusaesi mo lephateng leo.[88][89] Emma Powell wa DA o ne a re Sisulu o thapile e sa ka fa tsamaisong mo setlhopheng sa gagwe sa National Rapid Response Task Team, e Powell a neng a re e tletse ditsala tsa ga Sisulu.[90] Magatwe a a ne a baka tshekatsheko ya ga mosireletsi mogolo, o a neng a fitlhela ka Lwetse 2023, Sisulu a ne a fetile dinonofo tsa gagwe tsa go thapa setlhopha seo.[91]

Bojanala: 2021 go tsena 2023

[fetola | Fetola Motswedi]

Sisulu o ne a tswelela a le mo lephateng la bonno, metsi le kgopo leswe dingwaga di le pedi pele ga Ramaphosa a busetsa maphata a a neng a kopantswe kwa morago ka tswakanyo ya Phatwe 2021.Mo tswakanyong eo, o ne a thapa Sisulu go tlhatlhama Mmamoloko Kubayi-Ngubane e le tona wa bojanala.[92] Se se ne se bonwa e le go isiwa maemo tlase ke Sisulu.[93] Lenaneo le letona mo boteleding pele jwa gagwe ke kakanyetso ya madi a diranta ea bilione e le nngwe gore Bojanala jwa South Africa bo thuse Tottenham Hotspur ka madi;[94][95] kakanyetso e e ne ya baka go gotlhagotlhana ga ga Sisulu le komiti ya bojanala kwa palamenteng.[96]

Letsholo la bobedi la botautona

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka nako ya tshwakanyo ya matona ya 2021, Sisulu o ne a dumelwa fa a baakanyetsa go ema kgatlhanong le Ramaphosa mo botautoeng jwa ANC kwa bokopanong jo bo latelang.[97][98] Ka Firikgong 2022, kwa go neng go bonwa e le go simololwa ga letsholo la gagwe,[99][100] o ne a gatisa mokwalo mo IOL wa setlhogo sa "Dumela Mzansi, a re bone tshiamololo?".[101] Mokwalo o o ne o botsa ka seelo sa molaomotheo le molao mo Aforika Borwa wa morago ga puso ya tlhaolele, o supa fa makgotla a itlhokomolositse mokgwa wa Aforika wa go baya dilo ka ditsela dingwe, le go fitlha go tlhoka go fetoga ga itsholelo morago ga puso ya tlhaolele. Mo moleng o o manganga o bangwe ba o supileng e le tlhaselo mo molaong,[102] o ne a tlhalosa fa bangwe ba baatlhodi ba mmala o montsho ditlhaganyo tsa bone di santse di le mo bokoloneng.[103]

Moatlhodimogolo o a neng a tshwareletse, ebong Raymond Zondo, o ne a tshwara puisano ya nako e khutshwane le babegadikgang go tsiboga le go kgapela kwa thoko tshwaelo ya ga Sisulu, are ke matlhapa a a senang lepele le le morago mo baatlhoding botlhe ba Aforika.[104] Ka nako ya ngangisano e, ofisi ya ga tautona e ne yare Sisulu o bileditswe bokopano le tautona Ramaphosa kwa a kgalemetsweng ebile a dumalane go boela morago ditshwaelo tsa gagwe ka molao.[105] Le fa go ntse jalo, mo go se pampiri ya dikgang ya Daily Maverick e neng e se bitsa tshupo ya go itsetsepela ga tona, Sisulu o ne a ntsha mafoko a gagwe a latola se ofisi ya ga tautona e se buileng ebile a re o itshwarelela ka se a se buileng.[106][107] Baela tlhoko bangwe ba ne ba akanyetsa gore Sisulu o ne a leka go gwetlha Ramaphosa go mo koba mo maemong a gagwe e le tona gore a kgone go simolola go mmuisa.[108][109] Mo dikgweding tse di salang morago, o ne a tswelela ka go omana phatlalatsa gore go fetolwe molaomotheo, o ne a re mokwalo wa gagwe wa ntlha o ne o sa tlhaloganngwa kgotsa o tlhalogantswe ka tsela e sele.[110]

Le ntswa go nnile le manganga a pele, letsholo la ga Sisulu le ne la seka la amogela kemo nokeng e e lekaneng go tswa mo makalaneng a ANC go tlhaelela mo pampiring ya tlhopho. Fa go fediwa go tlhopha bo ntlhopheng ka Ngwanatsele 2022, o ne a tlhophilwe ke makalana a le masome a marataro le borataro fela, fa go tshwantshanngwa le a le dikete pedi, masome a mararo le bosupa a ga Ramaphosa le makgolo a robabongwe, lesome le borataro a ga Zweli Mkhize.[111] Fa bokopano jwa masome a matlhano le botlhano bo simologa kgwedi e e latelang, mongwe o ne a mo tlhopha go tswa mo palamenteng go emela maemo a motshwara madi wa ANC, o ne a amogela tlhopho eo, mme e ne ya retela go fitlhelela seelo sa ba ema nokeng.[112] Ka jalo Sisulu o ne a ema e le ntlhopheng wa komiti, mo a neng a go fenya go sena matshwenyego ape; o ne a le mo maemong a masome a matlhano le bobedi mo go ba le masome a robabobedi ba ba neng ba tlhophilwe.[113] O ne a seka a tlhophiwa go boela komiting ya pereko.[114]

Go tlogela tiro

[fetola | Fetola Motswedi]

Mo tswakanyong ya gagwe e e latelang, ka Mopitlo a le malatsi a marataro ngwaga wa 2023, Ramaphosa o ne a ntsha Sisulu mo bo toneng, a thapa Patricia de Lille go mo tlhatlhama e le tona wa bojanala.[115] Sisulu o ne a itsise moragonyana fa a tlaa seke a nne mopalamente fela, bogolo o tlaa ithola marapo mo plamenteng.[116] O ne a tlogela manno a gagwe ka Mopitlo a le lesome le botlhano. O ne a bolelela babegadikgang gore o eletsa go tswelela a tsaya karolo mo sepolotiking.[117]

Botshelo jwa gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Monna wa ga Sisulu wa ntlha e ne e le moitseanape wa tsa itsholelo Xolile Guma, o ba nyalaneng fa a tshabile[118], ba ne ba nna le ngwana wa bone wa ntlha ba ise ba nyalane ka Morule 1975.[4] Morago ga ba sena go kgaogana, o ne a nyalwa gape ke Rok Ajulu, morutuntshi wa kwa Kenya,o ba nnileng le bana le ene, a tlhokafala ka ntlha ya kankere ka Morule 2016.[119][120] Ka 2022, Sisulu o ne a re o mo kalafing ya kankere.[121][122]

  1. 1 2 3 Butler, Anthony (30 January 2020). "Lindiwe Sisulu fumbles up and down the ladder to the top". Business Day. Retrieved 04 December 2025.
  2. "Lindiwe Nonceba Sisulu". South African History Online. 17 February 2011. Retrieved 04 December 2025
  3. 1 2 3 Green, Pippa (1990). "Free at last". Independent. Retrieved 04 December 2025
  4. 1 2 3 Sisulu, Elinor (15 September 2011). Walter & Albertina Sisulu: In Our Lifetime. New Africa Books. ISBN 978-0-86486-639-4.
  5. 1 2 3 4 Sisulu, Elinor (2007). ""Mrs Sisulu's husband": Subversion of gender roles in an African marriage" (PDF). South-South Exchange Programme for Research on the History of Development.
  6. 1 2 3 4 "The Torture of Lindiwe Sisulu" (PDF). Sechaba. 12 (2): 26–9. 1978.
  7. 1 2 3 4 5 6 7 8 9 10 11 "Lindiwe Nonceba Sisulu, Ms". South African Government. Retrieved 04 December 2025
  8. "New SA Defence Minister Lindiwe a Uniswa graduate". Times of Swaziland. 15 May 2009. Retrieved 04 December 2025
  9. Isaacson, Maureen (6 June 2011). "Sisulu: A life well lived". Independent. Retrieved 04 December 2025
  10. 1 2 3 4 5 "Lindiwe Nonceba Sisulu, Ms". South African Government. Retrieved 04 December 2025
  11. 1 2 "Lindiwe Nonceba Sisulu, Dr". GCIS. 22 May 2006. Archived from the original on 23 May 2014. Retrieved 04 December 2025
  12. "SA intelligence world in turmoil". The Mail & Guardian. 20 October 1995. Retrieved 04 December 2025
  13. "Sisulu blacklists the 'stoplist'". The Mail & Guardian. 16 August 1996. Retrieved 04 December 2025
  14. "51st National Conference: Report of the Secretary General". ANC. Retrieved 04 December 2025
  15. "Mbeki reshuffles cabinet". News24. 24 January 2001. Retrieved 04 December 2025
  16. "Spy council appointed". The Mail & Guardian. 20 June 2003. Retrieved 04 December 2025
  17. "51st National Conference: National Executive Committee as elected". ANC. Retrieved 04 December 2025
  18. "52nd National Conference: Organisational Report". ANC. Retrieved 04 December 2025
  19. "Mbeki's cabinet list". News24. 28 April 2004. Retrieved 04 December 2025
  20. 1 2 "2008 Cabinet report card — Part Two". The Mail & Guardian. 22 December 2008. Retrieved 04 December 2025
  21. "Red Bull and a big stick". The Mail & Guardian. 22 February 2005. Retrieved 04 December 2025
  22. "N2 Gateway housing protest slams govt". The Mail & Guardian. 17 July 2007. Retrieved 04 December 2025
  23. "Bulldozing the Gateway". The Mail & Guardian. 1 April 2007. Retrieved 04 December 2025
  24. "Court to rule on N2 Gateway eviction". The Mail & Guardian. 2 January 2008. Retrieved 04 December 2025
  25. "Sisulu plan under fire". The Sowetan. 12 September 2007
  26. Legassick, Martin (8 October 2007). "Cape Town removals: Exchange of letters re Joe Slovo with Minister Lindiwe Sisulu". Labournet. Retrieved 04 December 2025
  27. "Ministry Report Card: Department of Human Settlements". The Mail & Guardian. 22 December 2023. Retrieved 04 December 2025
  28. "52nd National Conference: National Executive Committee as elected". ANC. Archived from the original on 30 September 2021. Retrieved 04 December 2025
  29. "Organisational Report to the 53rd National Conference" (PDF). ANC. 2012. Retrieved 04 December 2025
  30. Johnson, R. W. (2 April 2009). South Africa's Brave New World: The Beloved Country Since the End of Apartheid. Penguin Books Limited. ISBN 978-0-14-195791-3.
  31. Gevisser, Mark (6 May 2022). Thabo Mbeki: The Dream Deferred (Updated ed.). Jonathan Ball Publishers. ISBN 978-1-77619-199-4.
  32. Cele, S’Thembile (21 May 2017). "Sisulu asks for forgiveness for Polokwane mistake". News24. Retrieved 04 December 2025
  33. Gon, Sara (17 November 2017). "What does Lindiwe Sisulu have to show for her years in office?". Daily Maverick. Retrieved 04 December 2025
  34. "Zuma's Cabinet: Those who didn't make the cut". The Mail & Guardian. 10 May 2009. Retrieved 04 December 2025
  35. "Statement by President Jacob Zuma on the appointment of the new Cabinet". South African Government. 10 May 2009. Retrieved 04 December 2025
  36. "Ngobeni to be SANDF's 'union buster'". The Mail & Guardian. 23 September 2009. Retrieved 04 December 2025
  37. "DA questions Sisulu's appointment of Ngobeni". The Mail & Guardian. 8 September 2009. Retrieved 04 December 2025
  38. "DA makes first hotline complaint". News24. 14 September 2009. Retrieved 04 December 2025
  39. 1 2 Letsoalo, Matuma (13 June 2012). "Soldiers do cry: Sisulu weeps after Cabinet ambush". Mail & Guardian. Retrieved 04 December 2025
  40. "Sisulu slams 'irresponsible' Cosatu". The Mail & Guardian. 12 September 2009. Retrieved 04 December 2025
  41. "Sisulu sticks to her guns on soldier dismissals". The Mail & Guardian. 2 September 2009. Retrieved 04 December 2025
  42. "S African 'strike' troops sacked". BBC. 31 August 2009. Retrieved 04 December 2025
  43. "Ruling 'a victory for human rights'". News24. 9 September 2009. Retrieved 04 December 2025
  44. "Cabinet report cards 2010: Part 2". The Mail & Guardian. 23 December 2010. Retrieved 04 December 2025
  45. "Issue of defence unions a priority". Sunday Times. 15 February 2011. Retrieved 04 December 2025
  46. Engelbrecht, Leon (6 December 2010). "Sisulu firm on de-unionising SANDF". defenceWeb. Retrieved 04 December 2025
  47. "End to unions in SANDF imminent". The Mail & Guardian. 3 December 2010. Retrieved 04 December 2025
  48. Engelbrecht, Leon (24 May 2010). "Sisulu brands SANDU a danger to national security". defenceWeb. Retrieved 04 December 2025
  49. "Defence union says Sisulu should be removed". The Mail & Guardian. 3 December 2010. Retrieved 04 December 2025.
  50. 1 2 "Ministerial jet fight intensifies". The Mail & Guardian. 16 November 2012. Retrieved 04 December 2015
  51. "Lindiwe Sisulu's fancy flights pure indulgence". The Mail & Guardian. 9 November 2012. Retrieved 04 December 2025
  52. 1 2 "Sisulu gives DA MP a flea in his ear on private jets question". The Witness. 13 November 2012. Retrieved 04 December 2025
  53. "Sisulu: I didn't fly that high". News24. 10 November 2012. Retrieved 04 December 2025
  54. "Ministers in spat over Gulfstream flights". The Mail & Guardian. 16 March 2014. Retrieved 04 December 2025
  55. "Answer about Sisulu's jet use withdrawn". News24. 15 November 2012. Retrieved 04 December 2025
  56. "Sisulu withdraws 'flea-infested' comment". News24. 1 March 2013. Retrieved 04 December 2025
  57. "Sisulu's 'R11m jet bill' shows abuse of public money, says DA". The Mail & Guardian. 16 March 2014. Retrieved 04 December 2025
  58. "Defence dept 'obstructing' Sisulu flight probe". News24. 2 September 2014. Retrieved 04 December 2025
  59. "Zuma reshuffles Cabinet". Sowetan. 13 June 2012. Retrieved 04 December 2025
  60. "Tough-talking Sisulu shows political will". Corruption Watch. 8 March 2013. Retrieved 04 December 2025
  61. "Simelane appointed special adviser". News24. 28 April 2013. Retrieved 7 June 2024.
  62. "Organisational Report to the 54th National Conference" (PDF). ANC. 2017. Retrieved 4 December 2025.
  63. Hogg, Alec (25 May 2014). "Full List of Jacob Zuma's 2014 cabinet - all the Ministers and Deputies". BizNews.com. Retrieved 04 December 2025
  64. "M&G Cabinet Report Cards 2017: Lindiwe Sisulu". The Mail & Guardian. 20 December 2017. Retrieved 04 December 2025.
  65. "What Lindiwe Sisulu's campaign slogan says about her". Business Day. 27 July 2017. Retrieved 04 December 2025
  66. Mothombeni, Aubrey (21 April 2019). "ANC presidential campaign debt haunts Lindiwe Sisulu". Sowetan. Retrieved 04 December 2025
  67. Madia, Tshidi (16 October 2017). "Mthembu slams Sisulu as politically immature and disappointing". News24. Retrieved 04 December 2925
  68. "ANC elects new national working committee". The Mail & Guardian. 20 January 2018. Retrieved 04 December 2025
  69. Fabricius, Peter (17 April 2019). "Pahad panel: Missteps noted, but no overhaul of SA foreign policy on the cards". Daily Maverick. Retrieved 04 December 2025
  70. Fabricius, Peter (24 December 2018). "South Africa votes at the UN to condemn Myanmar for its abuse of minority Rohingya people". Daily Maverick. Retrieved 04 December 2025
  71. "South Africa downgrades embassy in Israel to liaison office". The Jerusalem Post. 6 April 2019. Retrieved 04 December 2025
  72. Ngqakamba, Sesona (8 April 2019). "Embassy downgrade: Jewish board of deputies says Sisulu contradicts Ramaphosa". News24. Retrieved 04 December 2025
  73. Haffajee, Ferial (17 May 2019). "Lindiwe Sisulu's downgrade of Israeli embassy could cost her top Cabinet job". Daily Maverick. Retrieved 04 December 2025
  74. "South Africa ANC Backs Minister on Israeli Embassy Downgrade". Palestine Chronicle. 20 May 2019. Retrieved 04 December 2025
  75. "SABC's Exclusive interview with Minister Lindiwe Sisulu: 'The President kept quiet'". SABC News. 30 October 2022. Retrieved 04 December 2025
  76. Fabricius, Peter (6 November 2022). "Ramaphosa hung me out to dry over SA Embassy in Israel, claims Sisulu". Daily Maverick. Retrieved 04 December 2025
  77. Madisa, Kgothatso (13 November 2022). "Gungubele lashes out at Lindiwe Sisulu for her 'irresponsible, disgusting lies' about Ramaphosa". Sowetan. Retrieved 04 December 2025
  78. "Full list – here is Ramaphosa's new cabinet". BusinessTech. 29 May 2019. Retrieved 04 December 2025
  79. Shange, Naledi (28 November 2019). "Lindiwe Sisulu unveils master plan to tackle water woes in SA". Sowetan. Retrieved 04 December 2025
  80. Stone, Setumo (9 December 2019). "Lindiwe Sisulu faces backlash over R900bn water master plan". City Press. Retrieved 04 December 2025
  81. "Sisulu hits out at detractors over R900bn water master plan". Dispatch. 13 January 2021. Retrieved 04 December 2025
  82. "Complaint: Sisulu in bid for presidency". The Mail & Guardian. 15 November 2019. Retrieved 04 December 2025
  83. "Bathabile's back – as head of the housing board". The Mail & Guardian. 15 November 2019. Retrieved 04 December 2025
  84. "Lindiwe Sisulu defends appointing former minister as new adviser". Sowetan. 26 May 2020. Retrieved 04 December 2025
  85. Gerber, Jan (17 January 2020). "Sisulu appoints Menzi Simelane and Mo Shaik as special advisers". News24. Retrieved 04 December 2025
  86. Bega, Sheree (26 August 2021). "Sisulu and her adviser implicated in R4bn Cape Town development with Amazon as tenant". The Mail & Guardian. Retrieved 04 December 2025
  87. "DA condemns 'fat cat' travel bill of Lindiwe Sisulu's former aide". Business Day. 9 September 2021. Retrieved 04 December 2025
  88. Reddy, Micah; Sam Sole (8 May 2020). "Lindiwe Sisulu accused of flushing out officials blocking her adviser's pet project". Daily Maverick. Retrieved 04 December 2025
  89. "Insiders warn: appoint Lindiwe Sisulu and you get her controlling adviser thrown in". Daily Maverick. 25 October 2022. Retrieved 04 December 2025
  90. Gerber, Jan (17 January 2020). "Sisulu appoints Menzi Simelane and Mo Shaik as special advisers". News24. Retrieved 04 December 2025
  91. Felix, Jason (14 September 2023). "Public Protector guns for Lindiwe Sisulu in scathing report over task team appointment". News24. Retrieved 04 December 2025
  92. Booysen, Susan (5 August 2021). "Cabinet reshuffle: ANC Revolt 2021 forces Ramaphosa's boldest move". Daily Maverick. Retrieved 04 December 2025
  93. "Editorial: Tourism needs capable fighter, not reluctant ministerial reject". Business Day. 11 August 2021. Retrieved 04 December 2025
  94. Davis, Rebecca (1 February 2023). "Outrage builds as Lindiwe Sisulu confirms Spurs agreement under consideration". Daily Maverick. Retrieved 04 December 2025
  95. Davis, Rebecca (31 January 2023). "Inside SA Tourism's R1bn proposal to sponsor Tottenham Hotspur". Daily Maverick. Retrieved 04 December 2025
  96. Ferreira, Emsie (8 February 2023). "Tourism portfolio committee tells Lindiwe Sisulu to bin Spurs proposal". The Mail & Guardian. Retrieved 04 December 2025
  97. Booysen, Susan (5 August 2021). "Cabinet reshuffle: ANC Revolt 2021 forces Ramaphosa's boldest move". Daily Maverick. Retrieved 04 December 2025
  98. "Can Lindiwe Sisulu be the ANC's next president?". Business Day. 1 October 2020. Retrieved 04 December 2025
  99. Tandwa, Lizeka (21 January 2022). "Sisulu launches ANC president bid, but 'radical economic transformation' faction not convinced yet". The Mail & Guardian. Retrieved 04 December 2025
  100. "Lindiwe throws a designer hat in the ring". Africa Confidential. 20 January 2022. Retrieved 04 December 2025
  101. "Lindiwe Sisulu: Hi Mzansi, have we seen justice?". IOL. 7 January 2022. Retrieved 04 December 2025.
  102. "Civil society lambasts Sisulu's attack on the Constitution and the judiciary as 'dangerous and regressive'". City Press. 12 January 2022. Retrieved 04 December 2025
  103. "Body of advocates rejects Sisulu's attack on the judiciary". Business Day. 13 January 2022. Retrieved 04 December 2025
  104. Seleka, Ntwaagae (12 January 2022). "Sisulu crossed line with opinion piece not backed up by facts or analysis - Zondo". News24. Retrieved 04 December 2025
  105. "Sisulu apologises and retracts 'hurtful comments' about SA judiciary". Business Day. 20 January 2022. Retrieved 04 December 2025
  106. Davis, Rebecca (21 January 2022). "Lindiwe Sisulu's F-you to Ramaphosa should surprise no one — here's why". Daily Maverick. Retrieved 04 December 2025
  107. Etheridge, Jenna (20 June 2022). "UPDATE: Presidency stands by statement despite Sisulu saying Ramaphosa lied". News24. Retrieved 04 December 2025
  108. Grootes, Stephen (23 January 2022). "2022: Lindiwe Sisulu's year of campaigning dangerously". Daily Maverick. Retrieved 04 December 2025
  109. Butler, Anthony (13 January 2022). "Why we should pay attention to Sisulu's ambitions". Business Day. Retrieved 04 December 2025
  110. Mawande, Amashabalala (21 June 2022). "Lindiwe Sisulu 'will not stop' attacking judiciary and constitution". Sowetan. Retrieved 04 December 2025
  111. Makhafola, Getrude (22 November 2022). "How ANC branches shunned Dlamini-Zuma and Sisulu". The Citizen. Retrieved 04 December 2025
  112. Merten, Marianne (18 December 2022). "Leadership nominations finalised after delays and horse-trading amid plentiful slate permutations". Daily Maverick. Retrieved 04 December 2025
  113. "Full list: ANC NEC members". eNCA. 22 December 2022. Retrieved 04 December 2025
  114. "Ramaphosa consolidates control over ANC with clean sweep in national working committee". The Mail & Guardian. 29 January 2023. Retrieved 04 December 2025
  115. Feketha, Siviwe (6 March 2023). "Lindiwe Sisulu, biggest casualty of Ramaphosa's Cabinet reshuffle". City Press. Retrieved 04 December 2025
  116. Madisa, Kgothatso (14 March 2023). "Lindiwe Sisulu to resign as MP after axing as minister". Business Day. Retrieved 04 December 2025
  117. "The rock of global politics, former ANC MP spreads wings". IOL. 7 April 2024. Retrieved 04 December 2025
  118. "Xolile Guma: Senior Deputy Governor of the SA Reserve Bank". Sunday Times. 4 July 2010. Retrieved 04 December 2025
  119. "Kenyan scholar Rok Ajulu dies of cancer in Pretoria". The Nation. 28 December 2016. Updated 28 June 2020.
  120. Raborife, Mpho (7 January 2017). "You were not born for death my dear husband, Sisulu says in farewell message". News24. Retrieved 04 December 2025
  121. "Lindiwe Sisulu: 'Jessie Duarte's cancer medicine is in my head, not my pocket'". IOL. 9 August 2022. Retrieved 04 December 2025
  122. Maako, Keitumetse (29 September 2023). "'I'm living with cancer': Lindiwe Sisulu shares heartfelt words at Zoleka Mandela's memorial". Life. Retrieved 04 December 2025