Linguistic Society of South Africa

Linguistic Society of South Africa (LSSA) ke mokgatlho wa puo o o tshwaraganeng le dipuo tsa Aforika Borwa. Mokgatlho o, o tlhomilwe ka ngwaga wa 2023, maikaelelo a yona a magolo ke go rotloetsa filosofi, thutoloago le thuto ya saense ya puo le seabe sa yone mo setšhabeng sa Aforika Borwa ka bophara. Morago ga tshekatsheko e e tseneletseng ya puo, go ne ga nna le tlhokego ya go tlhoma mokgatlho o mogolo o o tla akaretsang mekgatlho yotlhe le batsayakarolo ba bangwe mo mokgatlhong wa puo.[1]
LSSA ke mokgatlho o tla nnang le seabe mo tlhabololong e e rulagantsweng ya puo ya selegae jaaka puo ya bontsi ya Aforika Borwa gore e tle e dirisiwe ka tsela e e nang le bokao mo maitekong a loago-ikonomi le a sepolotiki a go fitlhelela momagano ya loago le kago ya setšhaba.
Komiti e e tshegetsang mokgatlho
[fetola | Fetola Motswedi]
Mokgatlho o tlhophile setlhopha sa nakwana se se tla tsamaisang ditiragalo tsa khonferense ya ntlha le go dira ditokomane tsa molaotheo, leano, le tiragatso. khonferense ya ntlha e ne ya tshwarwa ka 19–23 Phatwe 2025 kwa Birchwood Hotel. Morago ga khonferense ya ntlha, maloko a tla tlhopha baemedi ba ba tla dirang mo mafapheng a a latelang: Poresidente, motlatsa Poresidente, mokwaledi kakaretso, motlatsa mokwaledi, motlhokomedi wa matlotlo, motlatsa motlhokomedi wa matlotlo, thekiso le tlhaeletsano, mokgokaganyi wa Bosetšhaba le morulaganyi-mogolo. Go ya ka molaotheo, paka ya tiro ya ditokololo tsa komiti ya khuduthamaga ya bosetšhaba (NEC) ke dingwaga di le tharo. Maloko a komiti ya khuduthamaga ya bosetšhaba a ka direla fela paka ya paka tse pedi, fa fela ba tlhophilwe gape ke kopano ya ngwaga le ngwaga.[1]
Komiti ya nakwana ya khuduthamaga
[fetola | Fetola Motswedi]Botsamaisi, Dr Tebogo Rakgogo, Dr Xolani Kholiso
Bokwaledi, Dr Yanga Majola, Dr Mantoa Molete, Dr Monicca Bhuda
Motshwaramatlotlo, Dr Napjadi Letsoalo, Dr Keaobaka Seshoka
Setlhopha sa bagatisi, Prof Moffat Sebola, Prof Dumisani Sibiya
Papatso le tlhaeletsano, Ms Nthabi Malatjie, Mr Papi Lemeko, and Mr Thabang Molatou
Setlhopha sa go rulaganya, Mr Sinoyolo Nokutywa, and Mr Jacob Thamaga