Jump to content

Lobolla

Go tswa ko Wikipedia
Magadi

Lobola kgotsa ka puo ya gaetsho re kare magadi ke se se itsagale mo malobeng e le tsela ngwe e ga o le ngwana wa mosimane kgotsa wa mosetsanyana o ereng ga a fetsa go ka bonwa molapeng bagolo baitumele ka tsela e leng gore go bontsha boitumelo jo borileng o ne o utlwa le ka maina a mogolo kgotsa motsadi a tlabong a lodirisa go teya ngwana leina,ke ka moo bangwe ba basetsana o ne otla bona go dirisiwa maina a tshwana le bo segametsi,magadi,motlalekgomo hela jalo ga o le ngwana wa mosimane gone go diriswa maina a tshwana le bo modisaotsile,leruo,kgotlhaitsile hela jalo.E ne e le maina asetseng tota a bontsha gore bagolo ba mosetsana ba solofetse sengwe mo isagong kgotsa kgolong ya ngwana e le gone gonna le tsholofelo ya gore mosetsanyana wa bone o tla ba tlisetsa dikgomo mo lapeng.[1]

Seo ke se seneng se itsagale jaaka magadi a eleng goreng mo puong ya gompieno aitsagale jaaaka lobolla,gonne ga ngwana wa mosetsana a ne atswa molapeng antsheditswe magadi,batsadi ba ne baipela thata e bile gone ba itse gore kgodiso ya ngwana wa bone ga ya wela fatshe.Magadi ke tsela e leng gore e ne etlotlomatsa batsadi ba ngwana gonne ba bona maipelo a bona sentle gore kgodiso ya bona ga ya fetoga lefela ga ba bo mosimane batla go kopa sego sa metsi,mo malobeng gone go dirisiwa dilo di tshwana le bo diruiwa jaaka kgomo go ka neela ba a bo mosetsanyana gone ese gore o a rekwa e le gone ga ba lelapa la bo mosimane baleboga ebile ba amogela mosetsanyana go kanna karolo ya lelapa jaaka ngwana wa bone wa mosetsanyana,morago ga moo ngwana wa mosimane o ne aitse sentle ga atshwanetse go ka ya go batla tiro go katla go tlhokomela mosadi wa gagwe,segompieno jaana go diriswa madi boemong jwa dikgomo go ka ntsha magadi,ga o le mosimane ontshitse magadi o ne oitse sentle gore ya bosimanyana nako efitile go tsena ya bonna,gompieno jaana esale go dirisiwa madi go dilo di le dintsi tse di diregang mo manyalong kantlha ya gore mongwe anagana ga arekiseditswe mokapelo ebile go sena ope yo a ka mogakololang.A boy is a child who will grow up to be a man.[2]

Ditshupiso

[fetola | Fetola Motswedi]
  1. https://www.sciencedirect.com/science/chapter/bookseries/abs/pii/S0070457108702395
  2. https://www.collinsdictionary.com/dictionary/english/cow