Lodja
Lodja | |
|---|---|
Toropo | |
| Lua error in Module:Location_map at line 522: Unable to find the specified location map definition: "Module:Location map/data/Democratic Republic of the Congo" does not exist. | |
| Coordinates: 3°31′21.91″S 23°35′49.52″E / 3.5227528°S 23.5970889°E |
Lodja ke motse o o kwa Sankuru, kwa legareng la Democratic Republic of the Congo.[1] O berekisa maemelo a difofane a Lodja a a leng dikhilomithara di le supa go tswa kwa motseng.[2][3][4]Kwa Lodja go lemiwa raese gape go epiwa diteemane.[5] Ke legae la bontsi jwa morafe wa Tetela.[6]
Ditso
[fetola | Fetola Motswedi]Sepatela sa Lodja se agilwe ka dingwaga tsa 1950 ke babusi ba kolone ya Belgium, mme se ne sa tlogelwa se sa fediwa fa Republic of the Congo e tsaya boipuso ka 1960.[7] Motse o ne wa gapiwa ke ditsuolodi tsa sesole ka nako ya ntwa ya bobedi ya Congo ka Moranang 1999, mme wa boela mo taolong ya Congo ka Firikgong 2000.[7][8]
Go ya ka palobatho, Lodja o na le banni ba le dikete di le masome mabedi le borobabobedi, makgolo a marataro, masome a supa le bongwe ka 1984; ba le dikete di le masome a matlhano le bobedi, makgolo a supa, masome a robabongwe le borobabobedi ka 2004; dikete di le masome a marataro le bone, lekgolo le masome a mane le bosupa ka 2012; le ba le dikete di le masome a marataro le borobabobedi, makgolo a mabedi, masome a mane le bone ka ngwaga wa 2016.[1]
Teme
[fetola | Fetola Motswedi]Kgaolo ya Sankuru e na le batho ba morafe wa Otetela, o gantsi o khutswafadiwang gote Tetela, ka 98& ya batho ba bua puo eo. 30% ya motse wa Lodja o bua puo ya Lingala, e le puo ya sesole, mo go ba batswang kwa Kinshasa le Equateur. Puo ya French e dirisiwa thata ke matona a puso le ba ba rutegileng, ba ka nna 20% fela ba bua French fale le fale. Diteme tsa mo gae, Sekgoa, Swahili le Tshiluba di buiwa ke palo potlana ya 1%.
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 "Lodja, Sankuru, Democratic Republic of the Congo". Mindat. n.d. Retrieved 2025-10-31
- ↑ "Lodja Airport". SkyVector. Retrieved 2025-10-31
- ↑ United Nations (2002-10-16). "Plundering of DR Congo natural resources: Final report of the Panel of Experts (S/2002/1146)". reliefweb. Retrieved 2025-10-31
- ↑ "Overview of the Congolese Diamond Economy" (PDF). Africa Portal. Diamond Industry Annual Review. n.d. Retrieved 2025-10-31
- ↑ "Democratic Republic of the Congo: Staple food market fundamentals October 2015" (PDF). United States Agency for International Development. 2015. Archived from the original (PDF) on January 28, 2017. Retrieved 2025-10-31
- ↑ "RD Congo/Lodja : Après les incendies des maisons, Caritas prête à assister les familles victimes". Relief Web. United Nations. 2010-04-22. Retrieved 2025-10-31
- 1 2 Scoofs, Mark (2000-12-01). "Congo's Isolated Villages Struggle To Survive, Seek Desperate Remedies". Wall Street Journal. Retrieved 2025-10-31
- ↑ DR CONGO TROOPS RETAKE LODJA". Mail & Guardian. 2000-01-26. Retrieved 2025-10-31