Lola Shoneyin
Lola Shoneyin (yo o tshotswe ke Titilola Atinuke Alexandrah Shoneyin; ka kgwedi ya Tlhakole ele masome a mabedi le borataro(26) ka ngwaga wa 1974 kwa Ibadan, Nigeria) ke mmoki le mokwadi wa Mo-Nigeria[1]yo o simolotseng buka ya gagwe ya ntlha, The Secret Lives of Baba Segi's Wives, kwa UK ka Motsheganong 2010.[2] Shoneyin o itiretse leina la go nna mmoki yo o ratang go dira dilo ka botswerere, yo o ratang go tshegisa le yo o buang a sa potapote (gantsi o tsewa e le wa lekoko la basadi), ka go gatisa dibolumo di le tharo tsa poko.[3] Mokwalo wa gagwe o tsenelela mo mererong e e amanang le tlhakanelo dikobo ya basadi le mathata a botshelo jwa kwa gae mo Aforika.[4] Ka kgwedi ya Moranang 2014 o ne a bidiwa mo lenaaneng la Hay Festival's Africa39 la bakwadi ba le 39 ba Sub-Saharan ba Afrika ba dingwaga tse di kwa tlase ga 40 ba ba nang le bokgoni le talente ya go tlhalosa mekgwa mo dibukeng tsa Seaforika. [5]Lola o ne a gapa sekgele sa PEN Award kwa Amerika[6]mmogo le sekgele sa Ken Saro-Wiwa Award sa prose kwa Nigeria.[7] O ne gape a le mo lenaneng la Orange Prize kwa UK ka ntlha ya padi ya gagwe ya ntlha, The Secret of Baba Segi's Wives, ka 2010.[8] O nna kwa Lagos, Nigeria, kwa a tsamaisang ngwaga le ngwaga Ake Arts and Book Festival.Ka ngwaga wa 2017, o ne a bidiwa African Literary Person of the Year ke Brittle Paper.[9]
Histori
[fetola | Fetola Motswedi]Botshelo jwa gagwe jwa pele
Titilola Atinuke Alexandrah Shoneyin o tsholetswe kwa Ibadan, motsemogolo wa Oyo State, kwa borwabophirima jwa Nigeria, ka ngwaga wa 1974. Ke ene yo mmotlana mo baneng ba le barataro e bile ke ene mosetsana a le esi. Batsadi ba gagwe, Tlhogo Tinuoye Shoneyin le Mme. Yetunde Shoneyin (née Okupe), ke batho ba Remo ba ba tswang kwa Ogun State.
Tiro ya ga Shoneyin e tlhotlheleditswe thata ke botshelo jwa gagwe, segolo thata go tlamela ka tshedimosetso ka ga go nyala lefufa mo bukeng ya gagwe ya ntlha; rraagwemogolo wa ga mmaagwe, Abraham Olayinka Okupe (1896-1976) e ne e le mmusi wa setso sa Iperu Remo mme o ne a na le basadi ba le batlhano. O ne a nna kgosi ka ngwaga wa 1938 mme a tlhokafala ka ngwaga wa1976. [10]
Thuto le tiro
[fetola | Fetola Motswedi]Fa a le dingwaga di le thataro, o ne a ya kwa sekolong se se nang le marobalo kwa UK, a tsena kwa Cargilfield School, Edinburgh;[13] The Collegiate School, Winterbourne, Bristol, le Fettes Junior School kwa Edinburgh. Fa a boela kwa Nigeria morago ga gore rraagwe a tshwarwe ke puso ya sesole ya nako eo, o ne a fetsa dithuto tsa gagwe tsa sekontari kwa Abadina College. Moragonyana o ne a bona dikirii ya BA (Hons) kwa Ogun State University ka ngwaga tsa bo1994/95.
Shoneyin o ne a simolola go kwala ka maboko le dipolelo tse dikhutshwane. Dikai tsa pele tsa tiro ya gagwe di tlhageletse mo Post Express ka ngwaga wa 1995,[11] e e nang le kgang e khutshwane ka ga mosadi wa Mo-Nigeria yo o tlogelang monna wa gagwe ka ntlha ya mosadi wa Mo-Austria. Kgang e e simolotse puisano ka bosodoma mo maemong a Nigeria.
Bolumo ya gagwe ya ntlha ya poko, So All the Time I was Sitting on an Egg, e ne ya phasaladiwa ke Ovalonion House, Nigeria, ka ngwaga wa 1998. [12]Shoneyin o ne a tsenela International Writing Program e e tumileng kwa Iowa, USA, ka kgwedi ya Phatwe ngwaga wa 1999 mme gape e ne e le Moithuti yo o Tlhomologileng kwa Yunibesithing ya St. Thomas (wa kwa Minnesota).
Bolumo ya gagwe ya bobedi ya poko, Song of a Riverbird, e gatisitswe kwa Nigeria (Ovalonion House) ka 2002. [13]Fa a ntse a nna kwa Engelane, o ne a bona dikirii ya borutabana kwa London Metropolitan University ka ngwaga wa 2005.
Shoneyin o feditse padi ya gagwe ya ntlha ka ngwaga wa 2000. Buka ya gagwe ya bobedi, Harlot, e ne ya kgatlhisa, mme kgang ya mosetsana yo monnye yo o golelang mo bokoloniale jwa Nigeria go dira khumo jaaka "Madame" e santse e sa gatisiwa. Shoneyin o ne a fetela kwa bukeng ya gagwe ya boraro, The Secret Lives of Baba Segi's Wives, e e neng ya gatisiwa ka ngwaga wa 2010.[14]
E ne ya fetolwa jaaka terama ya motshameko ke Rotimi Babatunde mme ya bontshiwa kwa Arcola Theatre kwa London. Cassava Republic Press, Nigeria, e gatisitse kgobokanyo ya boraro ya poko ya ga Shoneyin, For the Love of Flight, ka kgwedi ya Tlhakole ngwaga wa 2010. Mayowa and the Masquerades, buka ya bana, e ne ya phasaladiwa ke Cassava Republic, ka kgwedi ya Phukwi ngwaga wa 2010.[ 20]
Shoneyin o kwadile gape le makwalodikgang, go akaretsa le The Scotsman, [15] The Guardian, le The Times ka dikgang tse di jaaka bomorafe, ngwao ya Nigeria ya go nyala lefufa, setlhopha sa dirukutlhi sa Nigeria [16]sa Boko Haram le ditlhopho tsa Moporesitente wa maloba Muhammadu Buhari.
Ke mothei le mokaedi wa Book Buzz Foundation, mokgatlho o e seng wa puso o o tlhomilweng ka ngwaga wa 2012 go rotloetsa botsweretshi le setso mo mafelong a selegae le lefatshe ka bophara. O ne a thaya Infusion, kopano e e tumileng ya kgwedi le kgwedi ya mmino, botaki le setso kwa Abuja, Nigeria. Shoneyin o ne a direla jaaka moatlhodi wa ngwaga wa 2018 Caine Prize for African Writing. O boetse o tsamaisa kgatiso le lebenkele la dibuka la Ouida Books kwa Nigeria. [17]
Botshelo jwa gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]Lenyalo la gagwe la ntlha le ne la tsaya malatsi a le 40 fela. Ga jaana o nyetswe ke ngaka ya kalafi Olaokun Soyinka, morwa wa mofenyi wa sekgele sa Nobel Wole Soyinka mme ba ntse ba le mmogo dingwaga di le masome a mabedi le bobedi (22).[18][ Ga jaana o nna kwa Lagos le monna wa gagwe le bana ba le bane (2 basimane le 2 basetsana). [19]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "Lola Shoneyin". BBC World Service - Arts & Culture. BBC. 9 April 2010. Retrieved 8 December 2012
- ↑ Mary, Aborele (26 February 2019). "Popular Nigerian Literary Icon, Lola Shoneyin, Clocks 45". Welcome To PublicFace Magazine. Retrieved 30 May 2020
- ↑ "An Interview with Lola Shoneyin, African Writing Online [many literatures, one voice]; Issue No. 9". www.african-writing.com. Retrieved 30 May 2020
- ↑ "Lola Shoneyin". Casafrica (in Spanish). 24 February 2021. Retrieved 12 October 2022.
- ↑ Africa39 list of artists, Hay Festival.
- ↑ "Lola Shoneyin". PEN America. 7 January 2015. Retrieved 30 May 2020
- ↑ "Lola Shoneyin". David Higham Associates. Retrieved 30 May 2020
- ↑ Muoka, Chidera (26 November 2017). "Lola Shoneyin: Writer, Thinker, Creator". Retrieved 23 May 2018.
- ↑ Edoro, Ainehi (30 December 2017). "The 2017 Brittle Paper African Literary Person of the Year Is Lola Shoneyin". Brittle Paper. Retrieved 20 August 2019
- ↑ Shoneyin, Lola (20 March 2010). "Polygamy? No thanks". The Guardian. Retrieved 8 December 2012
- ↑ "5 Nigerian women who #pressforprogress in arts". Pulse Nigeria. 8 March 2018. Retrieved 30 May 2020.
- ↑ "Lola Shoneyin: The poet in me is alive". The Sun Nigeria. 5 November 2016. Retrieved 30 May 2020
- ↑ "Song of a Riverbird...A Review". AfricanWriter.com. 29 November 2005. Retrieved 30 May 2020
- ↑ "Lola Shoneyin". APL. Retrieved 30 May 2020
- ↑ Shoneyin, Lola (16 February 2009). "Lola Shoneyin: Feeling the pain of racist abuse". The Scotsman. Retrieved 8 December 201
- ↑ Ajayi, Dami (16 December 2017). "Dami Ajayi Profiles Lola Shoneyin: the Cultural Activist Promoting African Literature (Y!/Ynaija.Com Person of the Year Nominee)". Retrieved 24 May 2018
- ↑ "Lola Shoneyin". Ouida Books
- ↑ Shoneyin, Lola (20 March 2010). "Polygamy? No thanks". the Guardian. Retrieved 12 October 2022
- ↑ "Lola Shoneyin biography, net worth, age, family, contact & picture". www.manpower.com.ng. Retrieved 12 October 2022