Jump to content

Loungo Andre Pitse

Go tswa ko Wikipedia
Loungo Andre Pitse
Tsalo
Loungo Andre Pitse

Firikgong a le malatsi a mane, ngwaga wa 1989
LetsoMotswana
Maina amangweKingBee
ThutoMaster's degree, University of Botswana
TiroMogasi wa seromamowa le ditshwantsho sa motshikhinyego
Dingwaga tsa a le mo tirong2008 go tsena gompieno
MohiriYarona FM
O itsegi kaGo gasa dietsele tsa mmino tsa Yarona FM, Flava Dome, le ditiragalo tsa Miss Botswana
Notable work
Flava Dome, Dietsele tsa Yarona FM
O fetheletseBasha ba ba masome mararo ba ba dingwaga di kwa tlase ga masome a mararo le boraro ba ba nang le thotloetso ka ngwaga wa 2016

Loungo Andre Pitse (o tshotswe ka Firikgong a le malatsi a mane ngwaga wa 1989) o o itsegeng gape ka leina la KingBee ke motho o o tumileng mo go tsa setshwantsho sa motshikinyego le seromamowa.[1][2] Ene le Bonang Matheba ba ne ba tshegeditse dietsele tsa Yarona FM tsa ngwaga wa 2019, tse e neng e le ngwaga wa botlhano di ntse di tshwarwa.[1] O supilwe e le mongwe wa bašha ba Botswana ba le masome mararo ba ba nang le tlhotlheletso, ka ngwga wa 2016.[3]

Botshelo jwa a le mmotlana le thuto

[fetola | Fetola Motswedi]

Andre ke ngwana wa boraro wa batsadi ba gagwe. O na le dithutego tsa Master's Degree go tswa kwa sekolong se segolwane a ithutelo ditiro sa University of Botswana.[1]

Tsa pereko

[fetola | Fetola Motswedi]

Tiro ya ntlha mo mohameng wa tsa itloso budutu ya ga Andre, e ne e le mo Number One Ladies Detective Agency fa a diragatsa le Jill Scott le Idris Alba.[4] Ka ngwaga wa 2010 go tsena ka 2012, e ne e le mogasi wa My African dream, a bereka le Anika Noni Rose pele ga a ya kwa Flava Dome ka ngwaga wa 2013.[1][4]

Ka ngwaga wa 2023, o ne a gasa dikgaisano tsa bo mmabontle tsa bofelo le tsa mokgabo. Ene le MC MtKay Ntwana, ba ne ba gasa gape tiragalo ya malatsi a mararo ya VIC Falls Carnival.[5] O ne a gasa gape moletlo wa DStv Delicious Festival kwa Aforika Borwa ene le Bonang Matheba. Andre gompieno o berekela Yarona FM.

Dikganetsano

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka ngwaga wa 2023, pitse o ne a gapa leitlho la setšhaba morago ga go apara mosese o o botala jwa tlhaga fa a tlhagelela kwa Zambia, kwa go ratana ka bong bo bo tshwanang go santseng go le molato.[6] Go kapiwa ke babegadikgang ga tiragalo e, go ne ga baka diketsaetsego ka go ratana ga gagwe.[6]

Ditiragalo tse a di gasitseng

[fetola | Fetola Motswedi]
  • Bokopano jwa teemane (Diamond Conference) ke ba De Beers le Debswana
  • Dietsele tsa Light ka De Beers le Debswana
  • Dietsele tsa Yarona FM (YAMAS) le Bonang Matheba
  • Dietsele tsa BNSC
  • Dietsele tsa F&B
  • Dietsele tsa Standard Chartered
  • Dietsele tsa lephata la bašha
  • Go bulwa ga telebishine ya Now

Ditshedimosetso tse dingwe

[fetola | Fetola Motswedi]
  • Yarona FM
  1. 1 2 3 4 admin (2020-09-25). "THE COURAGEOUS & UNDISPUTED Loungo Andre Pitse -". Retrieved 2025-09-22.
  2. Mokgwathi, Leungo (2023-01-31). "The Big Brother Experience » TheVoiceBW". TheVoiceBW. Retrieved 2025-09-22.
  3. Youth, Botswana (2016-08-17). "Botswana's Top 30 Under 30 Inspirational Youth In 2016 [Part 2]". Botswana Youth Magazine. Retrieved 2025-09-22.
  4. 1 2 Youth, Botswana (2016-05-25). "10 Things You Didn't Know About Loungo Pitse". Botswana Youth Magazine. Retrieved 2025-09-22.
  5. admin (2023-04-12). "Botswana MC Andre Pitse returning to Vic Falls Carnival". herald. Retrieved 2025-09-22.
  6. 1 2 "PressReader.com - Digital Newspaper & Magazine Subscriptions". www.pressreader.com. Retrieved 2025-09-22.