Jump to content

Lucas Radebe

Go tswa ko Wikipedia

Lucas Valeriu Ntuba Radebe OIS ( o tshotswe ka 12 kgwedi ya Moranang 1969 ) ke motshameki wa pele wa kgwele ya dinao wa seporofešenale wa Aforika Borwa yo o neng a tshameka jaaka motshamiki wa mo gare.[1]

O simolotse go tshameka mo setlhopeng sa kgwele ya maoto ya Bophuthatswana [2]e e itsegeng thata (BOPSOL) a tshamekela Stocks Birds kwa Lefurutshe gaufi le Zeerust (Porofense ya Kapa Bophirima) pele ga a tlholwa ke Kaizer Chiefs kwa Aforika Borwa, pele ga a fudusediwa kwa Leeds United, kwa a neng a tshamekela Yorkshire metshameko e le 262 gone. Ka nako ya fa a ne a le kwa ditlhopeng tseno, o ne a bidiwa ka maina a sereo "Rhoo" le "The Chief". O ne a nna mokapotene wa setlhopha sa Leeds United le wa setlhopha sa bosetšhaba sa Aforikaborwa, segolobogolo kwa Sejaneng sa Lefatshe sa FIFA sa 2002. [3] Nelson Mandela o buile ka Radebe a re: "Yo ke mogaka wa me." O ne gape a nna mokapotene wa Kaizer Chiefs ka nako ya fa a ne a le kwa Chiefs.

  1. https://www.idiskitimes.co.za/local-news/safa-needs-change-in-leadership-radebe/
  2. https://www.thepresidency.gov.za/lucas-radebe-1969
  3. https://kids.britannica.com/students/article/Lucas-Radebe/609378