Jump to content

Lulama Xingwana

Go tswa ko Wikipedia
Lulama Xingwana
Tona wa basadi, bana le batho ba ba tshelang ka bogole
In office
Ngwanatsele a rogwa ngwaga wa 2010  Motsheganong a le masome mabedi le borataro ngwaga wa 2014
Pele Ga GagweNoluthando Mayende-Sibiya
Morago Ga GagwePaul Mashatile
Tona wa botaki le ngwao
In office
Motsheganong a le lesome le motso ngwaga wa 2009  Phalane a le masome mararo ngwaga wa 2010
Pele Ga GagwePallo Jordan
Morago Ga GagweTina Joemat-Peterson Gugile Nkwiti
Tona wa temothuo le ditsha
In office
2006–2009
Pele Ga GagweThoko Didiza
Mopalamente
Assumed office
1994
Ka Ga Ena
O tsetsweLwetse a le masome mabedi le boraro ngwaga wa 1955
MokgatlhoAfrican National Congress

Lulama "Lulu" Marytheresa Xingwana (o o tshotsweng ka Lwetse a le amsome mabedi le boraro ngwaga wa 1955) ke mopolotiki wa kwa Aforika Borwa o o berekileng e le tona wa bomme, bana le batho ba ba nang le bogole go tswa ka Ngwanatsele 2010 go tsena Motsheganong 2014.[1] Pele o ne a le mo maemong a mothusa tona wa ditswammung le kgothetso go tswa ka 2004 go tsena 2006, e ne e le tona wa temothuo le ditsha go tswa ka 2006 go tsena 2009, a tlhatlhama Thoko Didiza,[2] a nna tona wa botaki le ngwao ka 2009 go tsena 2010.

Xingwana o alogile ka dithuto tsa Bachelor of Science Degree go tswa kwa University of the Witwatersrand ka 1985 le diploma di le tharo, ya ntlha e le ya itsholelo go tswa kwa University of Limpopo ka 2002, le tse pedi tsa tlhabololo le ketelelo pele le tlhabololo magae go tswa kwa University of Zimbabwe kwa Zimbabwe.[3]

Tiro ya sepolotiki

[fetola | Fetola Motswedi]

Xingwana o nnile leloko la palamente morago ga ditlhopho tsa 1994. Gompieno ke modulasetilo wa lekgotla la Southern African Development Community (SADC) la bomme ba kgaolo le mookamedi wa khansele ya dikereke mo lephateng la mananeno a dilthabolo tsa bomme (1987). O nnile modulasetilo wa komiti e e elang tlhoko tokafatso ya seemo sa matshelo a bomme go tswa ka 2002 go tsena 2004, lekgotla la basadi ba palamente (1999 go tsena 2004), lekgotla la Malibongwe la basadi ka 1998 go tsena 2000, le komiti ya palamente ya metshameko le itloso bodutu (1994 go tsena 1999). O nnile morutuntshi wa babereki ba mo magaeng le Johannesburg, ga mmogo le Learn and Teach ka 1985. Go tswa ka 1999 go tsena 2004, o ne a le mo komiting ya tshireletso ya palamente. O ne gape a le mo khanseleng ya Gauteng ya ANC go tswa ka 1998 go tsena 2001 le komiti ya bojanala le tikologo ka 1996 go tsena 2004, tlhogo wa ditlhabololo tsa lekgotla la basadi ba ANC ka 1991 go tsena 1994, leloko la FEDSWA ka 1981 go tsena 1991. Boloko jwa gagwe kwa United Democratic Front bo nnile go tswa ka 1983 go tsena 1991, o nnile leloko la lekgotla la bomme ba ANC fa e sale ka 1993.

Xingwana o nnile kgatlhanong le kotlhao ya polao mo Aforika Borwa a re e kgatlhanong le ditshwanelo tsa setho le puso ya batho ka batho ya lefatshe leo.[4]

Dikganetsano

[fetola | Fetola Motswedi]

Mo go thapiweng ga gagwe e le tona wa temothuo le ditsha, Xingwana o ne a tsosa mekubukubu ka 2007 fa a supa balemi ba basweu ka monwana go bo ba le setlhogo mo babereking ba bone. O ne a re balemi ba dirisa babereki ba bone botlhaswa le go ba betsa. Mafoko a a ne a shakgatsa balemi, makgotla a mabedi a balemi a AgriSA le Transvaal Agricultural Union, a ne a mo gwetlha go ntsha bosupi jo bo tlaa rurifatsang mafoko a gagwe. Tona o ne a bitsa bokopano le makgotla, mme balemi ba ne na ba tswa mo bokopanong, e le tsela ya go supa go tlhoka gp itumela. Tautona wa pele Thabo Mbeki o ne a bidiwa go tla go rarabolola kgang.[5]

Ntlo ya boithomelo ya maemo

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka Moranang 2009, pego mo pampiring ya dikgang ya Rapport e ne ya boeletsa dintlha tse di bonweng ke mongwe wa babadi ba yone mo tokomaneng ya ditsebe tse tharo ya dikgang tsa ditsha ya ntlo ya boithomelo e e faphegileng e e rekilweng ka dikete di le makgolo a matlhano a di ranta, gore Xingwana a kgone go e dirisa fa a aba ditsha mo dikgaolong tsw difseologaneng tsa lefatshe leo. E ne e bolelwa fa e segetswe ka gouta, mme mmueledi wa ga Xingwana o ne a latosa kgang eo, are, le ntswa Xingwana a na le ntlo ya boithomelo e a e seegetsweng kwa thoko, ga e farologane le tse dingwe.[6]

Go nna kgatlhanong le batho ba ba ratanang ka bong jo bo tshwanang

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka Mopitlo 2010, Lulu Xingwana o ne a tswa kwa ditshupong tsa botaki tse a neng a di tseneletse ka maemo a gagwe a tona wa botaki le ngwao, are ga di a tlhamalala. Ditshwantsho tse di ne di akaretsa sa mokapa dinepe o o tlotliwang thata mo lefatsheng ka bophara, Zanele Muholi.[7] Go ne ga belaelwa ke mongwe wa ba ba neng ba le koo gore Xingwana o ne a sa rata go supiwa ga baratani ba bong jo bo tshwanang, mme lebaka la semmuso le le filweng ke mmueledi wa gagwe e ne e le gore go ne gole kgatlhanong le kago eo, go se ka fa tlhamalalong ebile go kgopisa.[8]

Theko ya didirisiwa tsa maemo a ntlha

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka Tlhakole 2013, go ne ga begiwa gore Xingwana o dirisitse madi a a kanang ka didikadike di le pedi le dikete di le lekgolo mo go rekeng didirisiwa tsa lephata la bomme, bana le batho ba ba nang le bogole.[9] Sephatlo sa madi ao se dirisitswe go dira didirisiwa tse di itiretsweng tsa ofisi ya gagwe.[10] Xingwana o ne a supiwa ka monwana ke diphathi tsa kganetso go dirisa madi a setshaba go ikgotsofatsa ka tse a di ratang le maeto a kwa moseja mo boemong jwa go sireletsa ditshwanelo tsaa Aforika Borwa a a sa babalesegang, selo se se tshwanetseng go diriwa ke lephata la gagwe.[9]

Dikakgelo tsa tiriso dikgoka ya Maburu mo babereking ba mo gae

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka Tlhakole a le masome mabedi le borataro ngwaga wa 2013, Xingwana o ne a supa mo dikganngyeng tsa Australia mo ABC fa banna ba Maburu ba godiseditswe mo tumelong e e dumelang gore mosadi, ngwana le sengwe le sengwe ke sa bone, ka jalo ba ka ba gapela botshelo ka ke jwa bone.[11]

Morago ga go bua jalo, o ne a lebosiwa molato ke lekgotla la ditshwanelo tsa selegae la AfriForum go bo a kgetholola batho ka lotso,mmala, bong le tumelo le gore se ke tlhaselo ya mafoko mo seriting sa Maburu.[11] Phathi ya Christian Democratic Party e ne ya re tautona a mo kobe. Afrikanerbond e ne ya re kakgelo ya gagwe ke tlhaselo mo seriting sa Maburu ya abelela gore o buile mafoko ao ka maiteko a go dira gore batho ba tswe mo go bueng ka go tlhoka go dirisa madi sentle ga gagwe.[12]

Letsatsi le le latelang Xingwana o ne a boela morago mafoko a gagwe a ikopa maitshwarelo mo setshabeng.[12]

  1. "Statement by President Jacob Zuma on the appointment of the new Cabinet". South African Government Information. 10 May 2009. Archived from the original on 13 May 2009. Retrieved 20 November 2025
  2. Our leaders - Ministers. Archived 28 February 2007 at the Wayback Machine
  3. "Events - Presidential inauguration". Archived from the original on 13 May 2009. Retrieved 20 November 2025
  4. "Minister rules out death penalty in SA". News24. Retrieved 20 November 2025
  5. "Married, for better or worse". secure.financialmail.co.za. Archived from the original on 14 February 2007. Retrieved 21 November 2025
  6. Scott, John (22 April 2009). "Other mobile loo ideas for Lulu to use". Cape Times.
  7. Adesina, Precious. "Zanele Muholi: Unflinching images that confront injustice". www.bbc.com. Retrieved 21 November 2025
  8. "'This is not art!': Lulu Xingwana". Archived from the original on 7 February 2011.
  9. 1 2 Lamoela, Helen (17 February 2013). "Xingwana spends R2.1m on designer furniture for her head office - DA". Politics Web. Retrieved 21 November 2025
  10. Bailey, Candice (17 February 2013). "How Lulu splurged R2.1m". IOL News. Retrieved 21 November 2025
  11. 1 2 "Afrikaners to blame for abuse - minister". IOL News. The Mercury. 26 February 2013. Retrieved 21 November 2025
  12. 1 2 SAPA (27 February 2013). "Xingwana apologises for 'racist' comments on Afrikaner men". Mail & Guardian. Retrieved 21 November 2025