Lydia Cheromei
Lydia Cheromei (o tshotswe ka kgwedi ya Motsheganong e le lesome le botlhano (15) ka ngwaga wa 1977, kwa Sedikeng sa Baringo) ke moatlelete wa Kenya yo o tsholetsweng mo lelapeng la baatlelete. O itsege thata ka go taboga sekgala se seleele. O ne a itsege thata fa a le dingwaga di le lesome le boraro ka go fenya mo lebelong la basha kwa Dikgaisanong tsa Lefatshe Lotlhe tsa IAAF tsa go Kgabaganya Naga. O ne a tsaya dingwaga di le mmalwa go tswa mo dikgaisanong, a umaka go lapa, mme a boa mo bogareng jwa dingwaga tsa bo 1990, a tlhagelela kwa Diolimpiking tsa ngwaga wa 1996 tsa Atlanta.
Cheromei o ne a itumelela katlego mo ditseleng, a fenya kwa Lebelong la Tsela la Saint Silvester mme a nna mo maemong a borataro mo tseleng kwa Diolimpiking tsa Selemo tsa ngwaga wa 2000. Ga a ka a gaisana go tloga ka ngwaga wa 2001 go ya go ngwaga wa 2004 ka ntlha ya mathata a gagwe a poraefete, mme o ne a foswa ke go gaisana dingwaga tse dingwe gape di le pedi morago ga go tlhatlhobiwa gore a o dirisa diokobatsi ka ngwaga wa 2006.
Cheromei o ne a boa ka ngwaga wa 2008 mme a simolola go gaisana mo dimarathoneng, mme a latelwa ke Mokatisi wa Moitadiana e bong Gabriele Nicola, yo o neng a fenya lekgetlo la ntlha kwa Mmarathoneng wa Amsterdam.[1]
Botshelo jwa motho ka namana
[fetola | Fetola Motswedi]Lydia Cheromei ke ngwana wa botlhano mo baneng ba le supa. O abelana lorato lwa gagwe lwa go taboga le batsadi ba gagwe le bomorwarraagwe e bong Joseph, Jeremiah le David. Mmaagwe o ne a tlwaetse go taboga dimaele tsa metsotso e le merataro, fa rraagwe ka ngwaga wa 2010 a ne a sa ntse a taboga dimaele tsa metsotso e le supa a le dingwaga di le 72. Bomorwarraagwe Joseph le Jeremiah ka bobedi ba emetse Kenya kwa Diolimpiking.[2]David Cheromei a re o ne a tlhotlhelediwa go tsaya mabelo tsia gore a se ka a tlhabiwa ke ditlhong ka go itewa ke kgaitsadie.[3]Moatlelete ka ene le motshodi wa rekoto ya lefatshe Paul Tergat ke ntsalae.[4]Ka kgwedi ya Lwetse ngwaga wa 2006 Lydia o ne a tshola morwadi, Faith Chelagat.[5]
Mokgwa wa go itshetsa le tswelelopele
[fetola | Fetola Motswedi]Junior le go lapa
Cheromei e ne e le mofenyi wa mmentlele wa boronse kwa Dikgaisanong tsa Lefatshe Lotlhe tsa Basha mme a fenya setlhopha sa basha sa Dikgaisano tsa Lefatshe Lotlhe tsa Basha ka ngwaga wa 1991 a le dingwaga di le lesome le boraro (13). O ne a fenya diteko tsa Kenya tsa Dikgaisano tsa Lefatshe Lotlhe tsa ngwaga wa 1991, mme o ne a tsewa a le monnye thata go ka gaisana kwa Tokyo. Ka nako eo o ne a katisiwa ke Kgaitsadi Christine Heverin wa Sekolo se Segolwane sa Basetsana sa Singore.[6]
O ne a sa dire sepe fa gare ga ngwaga wa 1994 le ngwaga wa 1997, ka gonne go bolelwa fa motabogi yo mmotlana yono a ne a fisitswe ke maatla.[7] O ne a boa mme a nna le boikhutso jo bongwe jwa dingwaga di le tharo go fitlha ka ngwaga wa 2004 ka ntlha ya mathata a gagwe.[8]
Go boela kwa go tabogeng le go thibelwa go dirisa diokobatsi
Cheromei o na le diphenyo di le tharo (1999, 2000 le 2004) kwa Lebelo la Tsela la Saint Silvester le le tshwarwang ngwaga le ngwaga kwa Brazil. O ne a fenya Zevenheuvelenloop ya ngwaga wa 2004 ka go taboga 47:02, e leng nako ya bobedi e e gaisang tsotlhe ya 15K.[8]
Ka ngwaga wa 2006 Cheromei o ne a bonwa molato wa go dirisa diokobatsi tsa clomiphene. Sampole e ne ya gorosiwa ka kgwedi ya Tlhakole e le masome a mabedi le bone (24) ka ngwaga wa 2005 mo tekong e e neng e dirwa kwa ntle ga kgaisano kwa Eldoret. O ne a emisiwa ke IAAF go tloga ka kgwedi ya Motsheganong ngwaga wa 2005 go fitlha ka kgwedi ya Motsheganong ngwaga wa 2007.[9]O ne a bolela fa a ne a nwa seokobatsi seno ka fa tlase ga taelo ya ngaka ya gagwe ka a ne a le mo kalafing ya go tshola bana ka nako ya diteko.[10]Thibelo e ne ya nna teng ka a ne a sa itsise bathati ba ba maleba ka tshedimosetso eo.[11]
Go taboga marathone
Cheromei o ne a fenya Mmarathone wa Halofo wa Rotterdam wa ngwaga wa 2008 ka rekoto ya khoso ya 68:35; rekoto e e fetileng (69:13) e ne e tlhomilwe ke ene ka ngwaga wa 2004 fa le ene a ne a fenya tiragalo eo.[12]
O ne a atlega mo mmarathoneng wa ntlha ka go fenya Mmarathone wa Amsterdam wa ngwaga wa 2008 le nako ya 2.25.27.Mo Mmarathoneng wa Rotterdam wa ngwaga wa 2009 o ne a nna wa bobedi morago ga Nailya Yulamanova wa Russia.[13]
O ne a taboga kwa Marathone wa Dubai wangwaga wa 2011 mme a bona maemo a bobedi morago ga Aselefech Mergia – nako ya gagwe ya 2:23:01 e ne ya supa tokafalo mo nakong ya gagwe e e gaisang ya pele ya metsotso e e fetang meraro.O ne a thuba rekoto ya khoso kwa Prague Half Marathon ka kgwedi ya Moranang mme nako ya gagwe ya phenyo ya 1:07:33 e ne ya tshwaya tokafalo ya tiro ya gagwe mo sekgaleng se se fetang motsotso.[14]Kgwedi e e latelang o ne a boela kwa toropong ka katlego, a fenya Marathone wa Prague ka nako ya rekoto ya 2:22:34, gape e le nako e e gaisang ya gagwe ka namana.[15]Ka kgwedi ya Diphalane o ne a fenya Marseille-Cassis Classic ka rekoto ya diura di le 1:08:23, mme a kgona go nna mo maemong a botlhano fela kwa Halofo ya Mmarathone wa Delhi kgwedi e e latelang.[16]
O ne a le gareng ga ba ba neng ba ratwa pele ga lobelo kwa Dubai Marathon ya ngwaga wa 2012 ka Ferikgong, mme a fetsa mo maemong a borataro. Le fa go ntse jalo, o ne a sa ntse a tokafatsa bokgoni jwa gagwe jwa go feta ka motsotso ka go taboga diura di le 2:21:30 mo lebaleng le le bofefo la basadi.[17] E ne e le ene yo o ratwang thata go sireletsa sekgele sa gagwe kwa Halofo ya Mmarathone wa Prague wa ngwaga wa 2012 mme o ne a dira diura di le 1:07:26, mme o ne a fenngwa ke Joyce Chepkirui.[18]Fa a boela kwa Prague Marathone, o ne a tsenela e le yo o ratiwang thata mme a tswelela ka lobelo lo lo bofefo go fitlha kwa 30K, mme kgabagare a tlogela dikilometara di le mmalwa go tswa kwa bokhutlong ka ntlha ya kgobalo ya leoto.[19]O ne a tsaya maemo a bone kwa Dikgaisanong tsa Lefatshe Lotlhe tsa Halofo ya Marathone tsa Lille le kwa Dikgaisanong tsa Lefatshe Lotlhe tsa Halofo ya Marathone tsa IAAF tsa ngwaga wa 2012, e leng lekgetlo la ntlha a tlhagelela kwa dinageng tse dingwe mo dingwageng di le robedi. O ne a taboga rekoto ya 2:23:07 go fenya Mmarathone wa Basadi wa Yokohama ka kgwedi ya Ngwanaitseele.[20]
O ne a tsenela Marathone wa Prague wa ngwaga wa 2013 ka tsholofelo ya go etsa phenyo ya gagwe dingwaga di le pedi tse di fetileng, mme bothata jwa letheka bo ne jwa mo tlogela mo maemong a borataro.[21]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "Lydia Cheromei Marathon Training Program | RunnerUniverse". Archived from the original on 18 May 2017. Retrieved 26 May 2020.
- ↑ "Born to run". SWVA Today. Retrieved 1 April 2016.
- ↑ "Running Free: Runner to share expertise through camp". Running Courier. 11 July 2010. Retrieved 1 April 2016.
- ↑ [title missing]
- ↑ Cross Country – Cheromei Blames Fertility Jabs for Ban. AllAfrica (17 January 2007). Retrieved 2 February 2011
- ↑ "TRACK AND FIELD; Kenyans on Informal Path to Success". The New York Times. 19 August 1991. Retrieved 6 May 2016
- ↑ "Bid to end waste of talent". The Tribune. 22 January 2000. Retrieved 6 May 2016
- 1 2 "Near World record misses at 15km for Sihine and Cheromei". IAAF. 21 November 2004. Retrieved 12 January 2007
- ↑ "Doping Rule Violation". IAAF. 11 January 2007. Archived from the original on 24 February 2007. Retrieved 27 November 2006.
- ↑ Cross Country – Cheromei Blames Fertility Jabs for Ban. AllAfrica (17 January 2007). Retrieved on 2 February 2011.
- ↑ [permanent dead link]
- ↑ "Double Kenyan victory, as six go sub-60 in Rotterdam". IAAF. 14 September 2004. Archived from the original on 16 September 2008
- ↑ "Kibet edges Kwambai as both clock 2:04:27 – Rotterdam Marathon report". IAAF. 5 April 2009. Retrieved 6 May 2016.
- ↑ Butcher, Pat (2 April 2011). "Limo and Cheromei shatter course records at Prague Half Marathon". IAAF. Retrieved 6 May 2016.
- ↑ Edwards, Andy (8 May 2011). "Cheromei smashes women's Prague Marathon course record". IAAF. Retrieved 6 May 2016
- ↑ Krishnan, Ram. Murali (27 November 2011). "In close races, Desisa and Kabuu prevail in New Delhi Half". IAAF. Retrieved 6 May 2016.
- ↑ Butcher, Pat (27 January 2012). "Abshero stuns with 2:04:23 debut, Mergia clocks 2:19:31 in Dubai". IAAF. Retrieved 6 May 2016
- ↑ Butcher, Pat (31 March 2012). "Tsegay's 58:47 shatters course record in 'very windy' Prague". IAAF. Retrieved 6 May 2016
- ↑ Edwards, Andy (13 May 2012). "Kiprop dashes Cheromei's hopes while Chimsa lives up to expectations in Prague". IAAF. Retrieved 6 May 2016
- ↑ Nakamura, Ken (18 November 2012). "Cheromei breaks course record in Yokohama". IAAF. Retrieved 14 February 2013
- ↑ Wenig, Jörg (12 May 2013). "Kemboi and Rotich claim good wins in Prague Marathon". IAAF. Retrieved 13 May 2013.