Lyle Chan
Lyle Chan ke motlhami wa Australia, yo o itsegeng ka mokgwa wa gagwe o o kgetlhegileng wa go kwala dibuka tse di kokoantsweng ka tiro e le nngwe fela mo mofuteng mongwe le mongwe. Memoir Quartet ya gagwe ya AIDS e kwala ka dingwaga tsa gagwe e le molweladitshwanelo tsa HIV/AIDS ka nako ya fa leroborobo le ne le le kwa godimo kwa Australia. John Cage e ne e le tlhotlheletso e tona mo tirong ya gagwe, mme o tsewa e le yo motona mo go tsa kopelo.
Botshelo jwa ntlha le thuto
[fetola | Fetola Motswedi]Lyle Chan o tsere Dikirii ya Physics go tswa kwa Yunibesithing ya Wisconsin, kwa Madison. O ithutile tsa kopelo le Conrad Pope, J. Peter Burkholder le Setlhopha sa Dithapo sa Pro Arte. E ne e le motsamaisi wa Bataki le Dipina tsa letshwao la direkoto la Australia la ABC Classics dingwaga di fetang lesome.[1]
Ditlhotlheletso tsa mmino
[fetola | Fetola Motswedi]Chan o amogetse John Cage le Morton Feldman gareng ga ditlhotlheletso tsa gagwe tsa konokono tsa mmino[2]mme ebile ene ka boene o amogetswe ele molaodi mo go Cage. Go nna motlhami wa ngwagakgolong ka ngwaga wa 2012 o ne a lalediwa ke John Cage Trust le Sydney Opera House go tla go neela thuto mo kagong eo e e botlhokwa ka ga pina ya ga Cage e e "didimetseng" ya 4′33′′.[3][4][5]E ne e beilwe nako ya go tsaya metsotso e le masome a mane le boraro le metsotswana e le masome a mararo, thuto e ne ya bidiwa "go batlisisa" ke makasine wa Limelight.[6]"Go tsere dingwaga di le nne gore Cage a kwale setlhogo seno, go itse bopelokgale le mabaka a se kwadileng", o ne a bolela jalo.[7]
Ditiro
[fetola | Fetola Motswedi]Chan o tlhalositse mmino wa gagwe gore o tshwana fela jaaka bukana ya Sephiri e e sobokang ditiragalo, bogolosegolo tsa maikutlo, mme o kwala ditiro tse di kokoantsweng ka tiro e le nngwe fela mo mofuteng mongwe le mongwe. Ditlhamo tse di kokoantsweng di na le ditlhogo tse di nang le boleng Jo bo ko teng Jo bo sa tlhaloganngweng motlhofo thata jaaka Okhestra e e nang le Diletso tsa Solo le Piano ya Solo, mme nngwe le nngwe ya tsone e dirilwe ka dikarolo tse di ikemetseng ka nosi tse di nang le ditlhogo tse di tlhalosang thata.Dibuka tsa gagwe tse dintsi tsa boikwadiso ke Solo Piano le String Quartet.
O e biditse "tiro e e tswelelang pele", a re "jaaka modiragatsi, o tlhama tiro e le nngwe, e e leng tiro e e tlhalosang ka botshelo jwa gago jo o bo tshelang le maitemogelo a o nang le one".[8]"Mmino e ne e le bukana tsame tsa sephiri, tsela ya go kwala maikutlo. Jaaka motlhami ke akanya ka mmino jaaka modumo o maikutlo a o dirang."[9]
Dikarolo tse di neng di ntse jalo di amogetse kgaso ya maemo a a kwa godimo a bobegakgang: Mmino wa Polase ya Phefo (O neng o kwaletswe Tony Abbott)[10], Kopano le Bokamoso[11],Kwatete ya Memoir ya AIDS[12]le Serenade ya Tenor, Saxophone le Okhestra.[13]
Piano e le nosi
[fetola | Fetola Motswedi]Dikarolo di le mmalwa fela tsa Solo Piano di golotswe phatlalatsa, kwa ntle ga kgatiso e e bitswang Forever #1, karolo e e tsayang motsotso o le mongwe e e kwaletsweng ngwaga wa bobedi wa ditlhaselo tsa borukhutlhi tsa 9/11 kwa lefatsheng la USA. E tshwana ka bomo le ya motsotso o le mongwe wa tidimalo o o lemogiwang kwa meletlong ya segopotso.[14][15][16]
Webosaete ya gagwe e na le ditlhamo tsa dikgopolo mo dikarolong tse dingwe di le mmalwa tsa Solo Piano,jaaka Untitled (ya ga Steve), Wisconsin Cowboy Lullaby le Nachtstück, mme ga go epe ya tsone e a e letleletseng go diragadiwa phatlalatsa go fitlha gompieno.[17]
Kwatete Ya Megala
[fetola | Fetola Motswedi]Dikarolo di le mmalwa tsa String Quartet di ile tsa gololwa phatlalatsa, segolobogolo dikarolo tse di akaretsang dingwaga tsa dingwaga tsa 1991 go ya go 1996, tse di bidiwang AIDS Memoir Quartet. Dikarolo tse dingwe di akaretsa Kgololesego,[18]e e leng tlotla ea e diretseng barutabana ba gagwe ba Pro Arte Quartet, le Tsamaya Molemo wa Me Ke Ruri,[19]le e e se nang Setlhogo (Thomas Brand gewidmet).[20]
[fetola | Fetola Motswedi]Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "Lyle Chan". Australian Music Centre. Retrieved 12 March 2017.
- ↑ Lyle Chan speaks to classikON about his musical influences". classikON. Retrieved 12 March 2017.
- ↑ John Cage Centenary Celebration (printed program for events 2 & 3 November 2012). Sydney Opera House. 2012
- ↑ "Cage Centenary Program_FINAL". Retrieved 12 March 2017 – via Scribd
- ↑ "100 years of John Cage – Classic Melbourne". Classic Melbourne. 5 September 2012. Retrieved 12 March 2017
- ↑ "Live Review: John Cage Festival – Bang On A Can". Limelight. Retrieved 12 March 2017
- ↑ "The Composers: John Cage Centenary Celebration". Megaphone Oz. Retrieved 16 March 2017
- ↑ "Queer Arts Festival composers venture into the perpetual and the textual". Georgia Straight Vancouver's News & Entertainment Weekly. 22 June 2016. Retrieved 12 March 2017
- ↑ "ABC Classic FM – Australian Music – String Quartet: An AIDS Activist's Memoir". ABC Classic FM. Retrieved 12 March 2017.
- ↑ Daley, Mick (19 August 2015). "Julian Burnside commissions classical ode to wind farms as rebuke to Tony Abbott". The Sydney Morning Herald. Retrieved 12 March 2017
- ↑ Burke, Kelly (2 April 2011). "I've got you, Abe … Carr channels his inner Lincoln". The Sydney Morning Herald. Retrieved 12 March 2017
- ↑ Westwood, Matthew (4 September 2014). "Composer Lyle Chan's musical reflections on an epidemic". The Australian
- ↑ Britten's letters with a teenage muse become a new song cycle". Limelight. Retrieved 12 March 2017
- ↑ Forever No. 1 : from 'Solo Piano' by Lyle Chan : Work : Australian Music Centre". australianmusiccentre.com.au. Retrieved 12 March 2017.
- ↑ Koehne, James (2004). Liner notes to Eternity: The Timeless Music of Australian Composers (sound recording) (PDF). Australian Broadcasting Corporation. p. 9.
- ↑ Forever No. 1 and Forever No. 13 from Solo Piano". Lyle Chan. 31 August 2010. Retrieved 12 March 2017
- ↑ solo piano". Lyle Chan. Retrieved 12 March 2017.
- ↑ Lyle Chan (8 March 2012), Liberty & The Pursuit by Lyle Chan – All Souls Church, Leichhardt, retrieved 12 March 2017
- ↑ Farwell My Good I. Forever : (excerpt from String Quartet) by Lyle Chan : Work : Australian Music Centre". australianmusiccentre.com.au. Retrieved 12 March 2017.
- ↑ "Untitled (2005, Thomas Brand gewidmet) : string quartet by Lyle Chan : Work : Australian Music Centre". australianmusiccentre.com.au. Retrieved 12 March 2017