Jump to content

Lynne McCarthy

Go tswa ko Wikipedia

Lynne McCarthy (o tshotswe ka 29 Ngwanatsele 1986) ke moitsanape wa mo Aforika Borwa, modiragatsi, mmotlelara, mokwadi, moabamaitlamo, mothusa batho, mogakolodi, moapei, le motsamaisi mananeo a thelebishene. O itsege thata ka tiro ya gagwe mo dibaesekopong tse di tumileng tsa Egoli: Place of Gold le Isidingo.[1]

Botshelo jwa gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

O tshotswe ka 29 Ngwanatsele 1977 kwa Aforika Borwa. O itsege thata ka tiro ya gagwe e e kwa godimo mo dibaesekopong tsa thelebishene tsa EGOLI le Isidingo. O alogile ka D.Phil., doctorate mo filosofing le mo thutong ya boitshwaro jwa setho (human behavioral psychology) kwa UCLA. Ntle le thuto ya tlhaloganyo, o ithutetse Dikamano tsa Botlhe le Maraka (Public Relations and Marketing), le Tsamaiso ya Kgwebo.[2]

Morago ga go aloga, o ithutetse botshameki kafa tlase ga Libbe Ferreira le rre Blaise Koch yo o tlhokafetseng kwa Sesani Studios kwa Johannesburg. Moragonyana a ithutela tlhagiso ya lentswe le botshameki le Johan van der Merwe kwa Katinka Heyns' Sonneblom Studios kwa Honeydew. Morago ga thupetso eo, a tlhatlhelwa ke W. Morgan Sheppard kwa Vincent Chase Workshop kwa Hollywood.[2]

Tiro ya gagwe ya ntlha ya botshameki mo thelebisheneng e ne e le mo sebaiskopong se se tumileng sa M-Net sa 1991, Egoli: Place of Gold. Mo sebaiskopong seo, o ne a tshameka karolo ya ga 'Zita'. Moragonyana ka 2008, a tshameka 'Elize' mo sebaiskopong sa thelebishene sa Isidingo. Ntle le botshameki, gape ke mmegadikgang le moanedi wa lokwaloditlhangwa lwa Children of Fire. Morago a nna motsamaelatedi wa lenaneo la maeto la Traveling Africa mmogo le lenaneo la gagwe la puisano la seyalemoya Radio Rippel kwa Pretoria.[2]

Jaaka mmegadikgang, o berekile e le mokwadi wa setshwantsho sa botshelo jwa batho ba ba itsegeng le ditiragalo tse dikgolo mo pampiring ya Citigaming mo lokwalodikgannyeng lwa The Citizen. Moragonyana a nna mokwadi wa kgolomo, le motsaa-ditshwenyego wa leruri mo makasineng wa FHM, a dirisa leina la tiriso la "MissHouston".[2] McCarthy ke mokwadi yo o gatisitsweng wa dibuka tse pedi tse e seng tsa nnete fela, e leng "The 5th date rule" le "Knowing Boundaries". Gape ke mokwadi wa buka ya dijo, mme buka ya gagwe ya bofelo e bidiwa "Lynne's family cookbook". McCarthy o dirile mmotlelara kwa Yuropa le Amerika a le sefatlhego se se ikanyeditsweng sa Ford Modelling agency kwa New York. Jaaka modiragatsi o emelwa ke Stark Raving Management morago ga go tlhagelela nakwana mo sebaiskopong sa thelebishene sa Big Brother.

Difilimi tse a di tshamekileng

[fetola | Fetola Motswedi]
Ngwaga Filimi Karolo e e tshwamikilweng Mofuta Metswedi
2002 Egoli: Place of Gold Zeta Letoto lwa thelebishene
2004 Isidingo Elize Letoto lwa thelebishene
  1. "No wilting wall flower". Sunday Times. 26 November 2020. Retrieved 26 November 2020.
  2. 1 2 3 4 "Lynne McCarthy career". tvsa. 26 November 2020. Retrieved 26 November 2020.

Dikgolagano tsa kwa Ntle

[fetola | Fetola Motswedi]