Jump to content

Mabolwe

Go tswa ko Wikipedia

Mabolwe ke motse o o mo kgaolong ya Bogare jwa Botswana mo ntlheng ya botlhaba jwa molelwane wa lefatshe la Botswana le Zimbabwe. Go simolola ka ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le borobabongwe, motse ono o na le sekolo se le sengwe se se potlana, mme ebile banni ba le masome a mararo go tswa mo go ba le dikete tse tharo ba a bereka.[1] Tshedimosetso e nngwe ya dipalo tsa mo bosheng e ka bonwa go tswa mo Dipalopalo tsa Botswana.[2]

Molelwane wa Mabolwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka ngwaga wa dikete tse pedi le borobabobedi , puso ya Botswana e ne ya dumela gore go nne le molelwane kwa Mabolwe Mmamabaka, o o golaganyang Botswana le Zimbabwe ka bobedi. Poso ya molelwane e ne ya bulwa ka ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le borataro .[3]

Baagi ba ntlha ba Mabolwe ke batho ba Bobirwa ba ba neng ba tsamayatsamaya pele ga ba bona bonno jwa sennela ruri mo mafelong a bone a bogompieno. Bobirwa ke lefelo le le fa gare ga Noka ya Shashe le mola wa bokone–borwa o o ka nnang 28 0 15 ' E. Lefelo le, le akaretsa metse ya Bobonong, Gobojango, Mabolwe, Lentswe-Ie-Moriti, Mathathane, Molaladau, Mothabaneng, le Tsetsebjwe.

Morafe wa Babirwa o simolotse kwa Nareng, e e mo borwa jwa Bolobedi mo lefatsheng la Letswalo go dikologa Phalaborwa. Go nna teng ga merafe ya Babirwa kwa Nareng go simolotse magareng ga dingwaga tsa bo sekete,makgolo a matlhano le lesome le ngwaga wa sekete,makgolo a matlhano le masome arobabongwe le borobabongwe. Babirwa ba ne ba fuduga go tswa kwa Nareng ka fa tlase ga kgosana ya bone, Tshukudu, go ya kwa kgaolong ya Bloubergstrand kwa Transvaal ya maloba. Ke fa ba le kwa Blaauwberg fa ba simolola go kgaogana ka dingwaga tsa bo sekete,makgolo a robabobedi le masome a mabedi . Setlhopha se se neng se tswa kwa Bloubergstrand se ne sa leba kwa Zimbabwe ka fa tlase ga Dauyatswala le morwarraagwe e bong Makhure. Setlhopha se se ne se sa amogelwe mo nageng ya ga Mambo.

Bakaulengwe bano ba babedi ba ne ba tsaya tshwetso ya gore ba tsamaye ba ye go batla botshabelo kwa lefelong le lengwe. Kwa bofelong,Makhure a gana go tsamaya le Dauyatswala. Dauyatswala mmogo le balatedi ba gagwe, ba boela kwa Transvaal. Makhure o ne a fiwa setsha kwa Zimbabwe gore a nne le balatedi ba gagwe. Ba ne ba tshela lobaka pele ga ba tla tlhaselwa ke MaNdebele a ga Mzilikazi, ba ba neng ba tshaba puso ya ga Shaka ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabobedi le masome a mararo le bosupa. Ba tshabela kwa Botswana wa gompieno ba eteletswe pele ke Sekoba, mongwe wa barwa ba ga Makhure. Sekoba o ne a patilwe ke bomorwarraagwe Makala, Mbalane, le Bolamba, ba, mo dingwaong di le dintsi, ba umakiwang go bapa le Sekoba jaaka moeteledipele wa setlhopha. Mo setlhopheng seo gape go ne go na le borangwaneagwe Sekoba, Serumola, Legong, Mphago, le Maunatlala. Ga go tlhaloganyesege go tswa mo metsweding gore a banna bano e ne e le bomorwarraagwe Makhure tota kgotsa e ne e le bomorwarraagwe Makhure ka mmaagwe. Setlhopha se se ne sa kgaogana le Sekoba le balatedi ba gagwe ba nna kwa Lephokwe, fa setlhopha sa ga Bolamba se ne sa nna kwa Tuli Block.

Ke gone kwa Babirwa ba simolotseng go anama le kgaolo e gompieno e bidiwang Bobirwa, go akaretsa le Tuli Block. Babirwa ga ba a ka ba tshela lobaka ka fa tlase ga taolo ya ga Sekoba. Ba ne ba kgaogana le Sekoba mme ba nna mo mafelong a a kgaoganeng. Go ne ga sala le ene fela ba ba ikanyegang mo go Sekoba. Setlhopha sa ga Sekoba se ne sa ya go nna kwa dithoteng tsa Majweng. Bolamba le balatedi ba gagwe ba ne ba nna kwa Zembefonyi gaufi le Lentswe-le-Moriti la gompieno. Maunatlala o ne a aga le batho ba gagwe kwa dithabeng tsa Lepoko kwa karolong e e kwa bokone jwa Bobonong. Serumola o ne a fudusa batho ba gagwe mme a nna kwa lentsweng la Lephale mo Tuli Block, mme Makala ene, a nna kwa Botlhaba jwa Mapungubwe. Batho ba Kgwatalala le Mbalane ba ne ba thibelela mo thoteng e e bidiwang Lekhubu-la-Mbalane ko go bidiwang Semolale gompieno. Mo mafelong a bonno a bone, Babirwa ba ne ba tlhaselwa ke masole a MaNdebele. Ka dingwaga tsa bo 1860, Khama o ne a romela mophato wa gagwe wa dingwaga o o neng o sa tswa go tlhamiwa wa Mafolosa le Matshosa kwa Bobirwa. Mephato eno e ne e tshwanetse go kgobokanya Babirwa mo lefelong le le lengwe. Ka ntlha ya ditlhaselo le go tenega ga puso ya ga Khama, Babirwa ba ne ba fudugela kwa Transvy mme ba ikopanya le Babirwa ba bangwe go ne koo. Ba ne ba nna mo Transvaal go fitlhelela ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabobedi le masome a robabongwe le bone, fa Maburu a ne a ba tlhasela, morago ga moo Babirwa ba boela kwa mafelong a bone a bonno mo Botswana. Setlhopha sa ga Sekoba se se neng se eteletswe pele ke morwawe Madikwe se ne sa thibelela kwa lentsweng la Majweng kwa bokone botlhaba jwa Bobonong gompieno.

Ka dingwaga tsa bo sekete,makgolo a robabobedi le masome a robabongwe , Malema o ne a nna moeteledipele wa batho ba Bolamba ba ba neng ba nna kwa Tuli Block kwa Zembefonyi; go bapa le bone go ne go le Mmadema kwa Pitseng gaufi le Ghadi Pan, mme mo teng ga kgaolo eo Serumola le balatedi ba gagwe ba nna kwa Lentsweng la Lephale. Gompieno, ba santse ba busiwa ke setlogolo sa ga Serumola, Richard Serumola. Pele ga ba gapa Mathathane, batho bano ba ne ba le mo gare ga batho ba ga Malema ba ba neng ba patelediwa go tswa mo Tuli Block ke Khama III ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le masome a mabedi . Ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le borataro , Khama III o ne a roma mokgweetsi wa gagwe Modisaotsile Mokomane jaaka moemedi yo mogolo go phutha morafe wa Bobirwa le go ba baya mo motseng o le mongwe. Modisaotsile o ne a tlhoma Bobonong wa gompieno ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le borobabongwe mme a kopanngwa ke ditlhopha tse dingwe tse di neng di ikanyega mo go Khama III.

Ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le lesome le borobabongwe , Khama o ne a romela Modisaotsile go ya go tlosa batho ba ga Malema mo Tuli Block go bulela baagi ba basweu ba Komponi ya Aforika Borwa ya Borithane tsela. Khama o ne a neela puso ya Boritane lefelo la Tuli Block ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabobedi le masome a robabongwe le botlhano, le le neng la fetisediwa kwa komponeng ya BSA. Malema a gana go tswa mo lefelong leo, a ntsha mabaka a gore o setse a lemile, mme Modisaotsile a araba ka dikgoka. Mephato ya gagwe ya masole e ne ya fisa masimo a batho ba ga Malema. Nako nngwe, Malema a bilediwa kwa Serowe a tsentse dikeetane, dikgomo tsa Bobirwa le tsone tsa gapiwa. Malema o ne a atlholelwa loso mme mongwe le mongwe a laelwa gore a mmolaye ka segai fa a ka mmona.

Malema o ne a tlhatlhela kgetsi kwa kgotlatshekelong ya molao a batla gore a busediwe lefatshe la gagwe la bagologolwane le go kopa madi a a kanang ka $40,000 a ditshenyegelo. O ne a emetswe ke mmueledi yo o nnang kwa Mafikeng yo o bidiwang Glucksman, yo Malema a neng a mo solofetsa dikgomo di le sekete jaaka tuelo fa a ka fenya. Khama III o ne a tlhokafala kgang e ise e rarabololwe, mme morwawe Sekgoma II o ne a tlhomiwa go nna kgosi, yo o neng a dumela gore rraagwe o ne a atlhola ka bogale. Kwa bofelong, dikgatlhego tsa Boritane di ne tsa kgona go kgaola kgetsi eno. Go ipelaetsa, Malema o ne a tshaba le batho ba gagwe kwa Transvaal pele a boela go nna kwa Molaladau ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabongwe le masome a mane le bone.

Batho ba Mabolwe, fela jaaka Bobirwa ba bangwe, ba bua Sebirwa, puo e e tswang mo lelapeng la Bantu e e nang le babui ba ka nna dikete tse lesome kwa Botswana le Aforika Borwa.[4]

  1. "Georgetown Student Worked to End Poverty in Mabule, Botswana". Georgetown College. 2019-11-05. Retrieved 2021-07-19
  2. "Statistics Botswana". 2022
  3. Motsaathebe, Manowe (2019-11-15). "Botswana: Mabolwe Border Post Placid Yet Challenged". allAfrica.com. Retrieved 2021-10-23.
  4. "The Sebirwa language: a synchronic and diachronic account". ResearchGate. Retrieved 2021-07-19.