Jump to content

Macheng

Go tswa ko Wikipedia
Macheng
Kgosi wa BaNgwato
Reign1857 go tsena 1858 1866 go tsena 1872
PredecessorSekgoma I
SuccessorSekgoma I Khama III
Tsalo1830
Leso1873
RraagweSedimo
MmagweBobjwale

Macheng (1830 - 1873) e ne e le kgosi ya morafe wa BaNgwato go tswa ka ngwaga wa 1857 go tsena 1858 le go tswa ka 1866 go tsena 1872. O ne a tlhatlhama motsalwa le ene Sekgoma I e le mojwaboswa wa boammaruri, mme Sekgoma o ne a tsaya bogosi gabedi mo botshelong jwa ga Macheng.

Botshelo jwa a sa le mmotlana

[fetola | Fetola Motswedi]

Macheng o tshotswe pele ga ngwaga wa 1830, a tsholwa ke Sedimo, kgosi ya morafe wa BaNgwato le Bobjwale, moswagadi wa kgosi ya ga mma Ngwato kgosi Kgari.[1] O ne a lemogwa e le ngwana wa ga Kgari,[1] e bile e le mojaboswa wa ga Kgari, go nna kgosi.[2] Macheng e ne e le motsalwa le bana ba ga Kgari le Bobjwale: Khama II le Mokgokong.[1]

Macheng o ne a tsewa ke batho ba lotso lwa Ndebele ba kwa bokone e le ngwana,[2] a golela kwa Matebeleland.[1] Morwa Kgari o mongwe, ebong Sekgoma, o ne a bewa kgosi mo boemong jwa gagwe.[2]

Macheng o ne a nyala mosadi a bidiwa Kwenayagae.[1]

Kgosi ya BaNgwato

[fetola | Fetola Motswedi]

Macheng o ne a boela kwa ga mma Ngwato ka ngwaga wa 1857, a tlhatlhama Sekgoma go nna kgosi. Sekgoma o ne a ya kwa morafeng wa BaKwena, go belaesega e le ka a ne a tshaba gore Macheng o tlaa mmolaya, a kopa kgosi Sechele I go mo direla mophato wa sesole.[3] Macheng o ne a busa ka kgatelelo jaaka go ne go dirwa kwa Matebeleland, se sa dira gore a seka a ratega mo bathong ba maemo ba BaNgwato.[2] Sekgoma o ne a boa le masole a BaKwena ka ngwaga wa 1958, a tsaya bogosi mo go Macheng.[3] Macheng o ne a ya Lerala kwa a neng a fiwa botshabelo ke BaTswapong, ba ba neng ba le ka fa tlase ga puso ya BaNgwato. Sekgoma o ne a bolotsa letsholo go ya Lerala, se sa fedisa taolo ya BaTswapong mo kgaolong eo.[4]

Macheng o ne a nna kgosi gape ka ngwaga wa 1866 morago ga go thankgola Sekgoma. Puso ya gagwe e ne ya fela ka ngwaga wa 1872 fa a thankgola ke morwa Sekgoma ebong Khama III, o a neng morago a rolela rraagwe marapo. [1]Thankgolo e ne e engwe nokeng ke mokgatlho wa barongwa wa London Missionary Society.[5]

Loso le boswa

[fetola | Fetola Motswedi]

Macheng o ne a tlhokafala ka ngwaga wa 1873. Khama III o ne a thankgola rraagwe ebong Sekgoma ka ngwaga wa 1875. Mosadi wa ga Macheng Kwenayage morago o ne a nyalwa ke kgosi Sechele I wa morafe wa BaKwena.[1]

  1. 1 2 3 4 5 6 7 Williamson, David (1977). Burke's Royal Families of the World. Vol. II: Africa & the Middle East. Burke's Peerage. ISBN 978-0-85011-029-6.
  2. 1 2 3 4 Gulbrandsen, Ørnulf (1995). "The King is King by the Grace of the People: The Exercise and Control of Power in Subject-Ruler Relations". Comparative Studies in Society and History. 37 (3): 415–444. ISSN 0010-4175.
  3. 1 2 Gulbrandsen 1995, p. 422.
  4. Motzafi-Haller, Pnina (1993). "The Duiker and the Hare: Tswapong Subjects and Ngwato Rulers in Pre-colonial Botswana". Botswana Notes and Records. 25: 59–71. ISSN 0525-5090.
  5. Chirenje, J. Mutero (1976). "Church, State, and Education in Bechuanaland in the Nineteenth Century". International Journal of African Historical Studies. 9 (3): 401–418. doi:10.2307/216845. ISSN 0361-7882