Jump to content

Madagascar

Go tswa ko Wikipedia

Lefatshe la Madagascar, le semmuso le bidiwang Republic of Madagascar, ke lefatshe le le mo setlhaketlhakeng, le akaretsa setlhaketlhake sa Madagascar le ditlhaketlhake tse dingwe tse dipotlana. Lefatshe le le kwa borwa-botlhaba jwa lotshitsi lwa Aforika, ke setlhaketlhake sa bone ka botona mo lefatsheng ka bophara le sala morago Greenland, New Guinea le Borneo, ke lefatshe la bo masome a mane le borataro ka botona mo lefatsheng lotlhe.[1] Toropokgolo ya lone ebile e le yone e tona mo lefatsheng ke Antananarivo.

Morago ga go kgaogana ga kontinente ya Gondwana, Madagascar o ne a tswa mo Aforika dingwaga di le dimilone di le lekgolo le boferabobedi tse di fetileng, mme la kgaogaogana le ya Indian dingwaga di le dimilone di le masome a ferabongwe tse di fetileng. [2]Kgaogano e e ne ya letla go tlhoga ga ditlhare tsa naga e le go nna teng ga diphologolo.

Ka puo ya Malagasy, setlhaketlhake sa Madagascar se bidiwa Madagasikara mme batho ba koo ba bidiwa Malagasy.[3][4] Kwa leina le le tlholegang teng ga go itsiwe,[5] go belaesega e le la puo ya kwa ntle le simolotswe ke batho ba Yuropa.[6] Fa se e le boammaruri, ga go itsewe gore leina leo le simolotse go dirisiwa leng ke banni ba setlhaketlhake se.

Pelaesego ya ntlha e amanya Madagascar le lefoko Malay, le le rayang tshimologo ya batho ba Malagasy kwa Indonesia. Mmepe o o tshwantshitsweng ke Muhammad al-Idris o o tswang kwa ngwageng wa 1154, setlhaketlhake se se bidiwa Gesira Malai ka se Arabea. Leina la Malay morago le ne la bolelwa e le se Latin se se reng Malichu.

  1. "Island Countries of the World". WorldAtlas.com. Archived from the original on 7 December 2017. Retrieved 04 March 2025.
  2. Raval, U.; Veeraswamy, K. (1 July 2003). "India-Madagascar Separation: Breakup Along a Pre-existing Mobile Belt and Chipping of the Craton". Gondwana Research. 6 (3): 467–485. Bibcode:2003GondR...6..467R. doi:10.1016/S1342-937X(05)70999-0. ISSN 1342-937X. Archived from the original on 28 November 2022. Retrieved 04 March 2025.
  3. National Geographic. "Style Manual". Archived from the original on 25 May 2013. Retrieved 04 March 2025.
  4. Raveloson, Andriamiranto (25 March 2020). "Malagasy? Or is it Madagascan? Our research provides the answer". theconversation.com. Archived from the original on 13 June 2020. Retrieved 04 March 2025.
  5. Voarintsoa, Ny Riavo G.; Raveloson, Andriamiranto; Barimalala, Rondrotiana; Razafindratsima, Onja H. (July 2019). "'Malagasy' or 'Madagascan'? Which English term best reflects the people, the culture, and other things from Madagascar?". Scientific African. 4: e00091. Bibcode:2019SciAf...400091V. doi:10.1016/j.sciaf.2019.e00091. S2CID 187807236.
  6. Cousins (1895), pp. 11–12