Jump to content

Maemelo a diterena a Usakos

Go tswa ko Wikipedia
Maemelo a diterena a kwa Usakos
maemelo a diterena kwa Usakos
General information
Location22°00′01″S 15°35′17″E / 22.0002°S 15.5881°E / -22.0002; 15.5881Coordinates: 22°00′01″S 15°35′17″E / 22.0002°S 15.5881°E / -22.0002; 15.5881
OpeningDingwaga tsa 1900 di simologa
Technical details
Structural systemmaemelo a diterana
Design and construction
OwnerTransNamib

Maemelo a diterena a Usakos ke maemelo a diterena kwa Namibia a a direlang motse wa Usakos. Ke bontlha jwa mafaratlhatlha a TransNamib a seporo. Kago ya maemelo a e phutlhame, mme diterena tsa bapagami di santse di ema kwa Usakos.[1]

Maemelo a a tlhamilwe ka dingwaga tsa 1900 di simologa, e le kwa go emiwang teng ka nakwana, go nosediwa gape e le kwa go berekiwang mo tseleng ya Swakopmund go ya Tsumeb,[1] tsela e tshesane e e neng e le mo taolong ya Otavi-Minen le Eisenbahngesellschaft (Otavi Mining and Railway Company,OMEG), ya boleele jwa dikhilomithara di le makgolo a matlhano, masome a marataro le bosupa.[2]

Fa tsela ya Windhoek - Swakopmund e agiwa ka 1902 ka nako ya puso ya kgatelelo ya bokolone ya Germany, e ne e ya kwa Usakos. Ka 1914, tsela e e ne ya anamisediwa kwa Walvis Bay.[3]

Usakos o kopane le ditoropo di le mmalwa kwa bokone jwa Namibia ka makopanelo a seporo gaufi le Kranzberg, le kwa borwa le botlhaba jwa Namibia go fetwa ka Windhoek.[3]

  1. 1 2 von Schmettau, Konny (28 February 2013). "Usakos-Kurze Blüte, schneller Fall" [Usakos-Short Rise, Fast Fall]. Allgemeine Zeitung (in German). "Tourismus Namibia" monthly supplement. p. 9.
  2. Shaw (1958), pp.37-38.
  3. 1 2 Dierks, Klaus. "The Development of the Namibian Railway Network. The Rail History Until the 1990s". klausdierks.com. Retrieved 20 October 2025.