Mafuduo a bogologolo le digelelo tsa setswana

Bogologolo,motlakase o ise o itsiwe,batho bane ba dirisa molelo wa dikgong kgotsa wa magala go dira ditiro tsago itshedisa,jaaka go apaya.Gone go dirisiwa dipitsa tsa tshipi tse eleng gore le gompieno santse di dirisiwa le masokwane a maleele a legong.Masokwane a,a diretswe go fudua se se apeilweng ka dipitsa tsa tshipi,jaaka gompieno jaana di dirisetswa mosola o.
Gompieno jaana masokwane a dirisetswa go dira bojalwa jwa setso go nne motlakase kgotsa tiriso ya gase eteng go dira tiro kgotsa ditiro tsago itshedisa.E setse ele tlwaelo gore bojalwa jwa setso bo apeelwa kwa molelong wa ko ntle.Masokwane le digo tsa metsi tsa bojalwa ke didiriswa tse di dirilweng ka legong,ka mosola wa gore di seke tsa nna bolelo fa ntse di dirisiwa kwa molelong di dirisege bonolo.Sego sa metsi se dirisetswa go tshela kgotsa goga metsi le bojalwa.[1]