Maggie Resha
Maggie Resha | |
|---|---|
| Tsalo | Matebello Magdeline Tsiu Motsheganong a le malatsi a matlhano ngwaga wa 1923 |
| Leso | Lwetse 2003 Ramohlakoana Kapa Botlhaba |
| Thuto | Setlankana sa booki |
| Tiro | mooki, mopolotiki, molwela ditshwanelo |
| O itsegi ka | go lwela ditshwanelo tsa sepolotiki |
| Political party | African National Congress |
| Board member of | Federation of South African Women |
| Mosadi | Robert Resha |
| Bana | Nosipho Malie-Resha |
| Batsadi(s) | Tsekiso Tsiu (Rraagwe) Moselantja Mokhele (mmaagwe) |
| Masika | Caiphus Tsiu (kgaitsadie), Ruth Molly Mpati Tsiu-Tlhangwane (monnawe wa mosadi) |
Matebello Magdeline Resha, o o itsegeng gape e le Maggie Resha (o o tshotsweng ka Motsheganong a le malatsi a matlhano ngwaga wa 1923 a tlhokafala ka Lwetse 2003) e ne e le mooki gape e le leloko la African National Congress (ANC) le leloko la lekgotla la basadi ba African National Congress. O ne a rulaganya dikopano tsa go tlhomamisiwa ga lekgotla la kgololesego ka 1955.
Botshelo jwa a le mmotlana
[fetola | Fetola Motswedi]Resha o tsholetswe kwa Matatiele, kwa Kapa Botlhaba ka ngwaga wa 1923, e le ngwana wa bobedi mo go ba le barobabongwe. Matebello ke leina la Sesotho le le rayang tsholofelo. Leina la gagwe la bobedi la Magdeline, o le filwe fa a kolobediwa. O ne a reeletswe ka mosadi wa ga mogolowe rraagwemogolo. Maggie Resha e ne e le morwadie Tsekiso Tsiu le Moselantja Mokhele. Rraagwe Resha ebong Tsekiso Tsiu e ne e le morwa Moselantja Mokhele. Moselantja Mokhele ebong nkukuagwe Matebello, e ne e le morwadie molemimorui wa tlhwatlhwa kwa Kapa Botlhaba a nyetse morongwa wa Anglican. Rraagwe nkukuagwe Matebello, ebong Tsekiso Tsiu, o ne a sikana le lolwapa lwa bogosi lwa kwa Lesotho.
Morago ga Resha a sena go nna le ngwaga mo lefatsheng, o ne a neelwa mogolowe mmaagwe o a neng a sa nyalwa, ebong Maylia, gore a godisediwe kwa masimong a ga rraagwe kwa La Grange kwa Pontseng, kwa go neng go le di mile di le supa go tswa kwa St. James. Maylia, o e neng e le mothusi wa mo lolwapeng, o godisitse Maggie mo botshelong jwa gagwe a sale mmotlana. Morago o ne a boela kwa lolwapeng lwa gagwe kwa Klein Jonas kwa go tlwaelesegileng ka temo.[1]
Losika lwa segosi
[fetola | Fetola Motswedi]Fa a le mmotlana, o ne a ithuta ka dipolelo tse di neng di fitisiwa ke borraagwemogolwagolwane ba Bafokeng. O ne a amana le Moshoeshoe I, ka rraagwemogolo RaTsiu le rraagwe kgosi Ntsukunyane. Lolwape lwa gagwe lo ne lo dumela gore RaTsiu o ne a tlhatlhame rragwe e bong Ntsukunyane go nna kgosi. Le fa go ntse jalo, setlogolo sa ga Ntsukunyane, Moshoeshoe, o ne a itshupile fa a tshwanelwa ke bogosi go ya ka ngwao. RaTsiu o ne a tsaya tshwetso ya go tlola ngwana wa gagwe Tsiu, a neela maemo ao Moshoeshoe go etelela pele basotho. Le fa go nste jalo, RaTsiu o ne a nna mo lolwapeng lwa bogosi a bereka e le mogakolodi wa ga Moshoeshoe ka a ne a sale mmotlana. Basotho ba ne ba etelelwa pele ke diltogolwana tsa ga Moshoeshoe go tsweng foo go ya pele eseng ba ga RaTsiu. Rraagwemogolo Resha, ebong Rantsiuoa, o ne a na le ngwana wa mosetsana a le mongwe a bidiwa Ntsuoa, o bana ba gagwe ba babedi ba basimane ba neng ba nna bajwa boswa. Mongwe wa bana ba ebong Malitse, e ne e le raagwemogolo Maggie. Malitse o ne a nna leloko la lolwapa loo wa ntlha go fetogela kwa Sekereseteng. O fetogetse kwa tumelong ya SeKeresete fa ene le monnawe ebong Mosoue ba ne ba bereka kwameepong ya diteemane kwa Kimberley. Malitse e ne ele raagwe raagwe Maggie, Tsekiso Tsiu.[1]
Thuto
[fetola | Fetola Motswedi]Maggie Resha o simolotse sekolo a le dingwaga di supa kwa Pontseng. Sekolo se sebotlana se a neng a se tsena se ne se na le matlo a borutelo a le mabedi fela a a neng a amoganwa ke ditlhopha tse tlhano. O ne a rutelwa go bala, go kwala, go aga mafoko, dipalo, maboko le mmino ga mmogo le go roka, go loga dimmete le mebanki. Fa a le dingwaga di le lesome, o ne a boela kwa batsading ba gagwe go tsena sekolo koo sa Ramohlakoana Primary, se se neng se bonwa se le botoka mo go sa Pontseng.
O ne a simolola go ithutela setlankana ka 1939 kwa Welsh High School kwa East London. Maggie e ne e le mongwe wa basetsana ba ba mmalwa ba ba ithutetsenf setlankana seo ka nako eo, ka bontsi jwa basetsana ba ne ba nna kwa malwapeng ba dira ditiro tsa mo gae. Batsadi ba gagwe ba ne ba se bitsa setlankana sa basimane e le motlae. O ne a ya go ithutela go nna mooko kwa sepateleng sa Holy Cross. Ka 1946, o ne a kwala ditlhatlhobo tsa gagwe tsa bofelo kwa sepateleng sa King Edward VIII kwa Durban, tse a neng a di pasa a amogela setlankana sa sepatela sa maemo a ntlha. O ne a ya go bereka kwa sepateleng sa Pretoria ka 1947.
Tiro ya sepolotiki
[fetola | Fetola Motswedi]Resha o itsile ka African National Congress go tswa mo pampiring ya dikgang ya Bantu World ka 1944 fa a ikatisetsa booki kwa Holy Cross. O nnile leloko la ANC ka 1948 fa a nna kwa Sophiatown, South Africa. Koo o ne a bereka e le mokwaledi le modulasetilo wa African National Congress. O ne a nna leloko la komiti ya Federation of South African Women ka 1954. Go tswa ka 1955 go tsena 1959 o ne a bereka e le lesole la ANC ka nako ya diphuduso ts dikgoka kwa Sophiatown.
Ka 1959 Sophiatown e ne e le matlotla a a thubilweng fela, dikago tsa boithomelo di wetse tlase ka seemo. Tlhaselo ya mapodisi, go tshwarwa ga batho le go tlhoka magae go ne go gorogile koo. Go bo go diragalela rona, Robert Resha o ne a ile Pitori jaaka gale go tsenelela tsheko ya go thankgola puso, ke ne ka ya tirong oura morago ga gagwe. Fa re boa maitseboa, re ne ra fitlhela bana, ga mmogo le dithoto tsa rona fa fatshe. Lekgotla la diphuduso le ne la goroga moragonyana ga re seba go tswa, ba simolola go thuba ntlo ya rona ba ise ke ba re bolelele pele ga nako.
- Maggie Resha, Mangoana o Tsoara Thipa Ka Bohaleng (My Life in the Struggle, 1991)[2][3]
O ne a rulaganyetsa go tlhomamisiwa ga lekgotla la kgololesego dikopano kwa Kliptown la 1955. Ka nako ya sebaka sa tshoganyetso ka 1960, Maggie o ne a isiwa kwa tlase ga lefatshe ka a ne a tshabelelwa ke go botsolosiwa ke mapodisi. Ka 1962 ene le bana ba gagwe ba ne ba tshabisiwa ke ANC go ya kwa monneng wa gagwe. O nnile kwa Tanzania dkgwedi di le thataro ka 1969 a tloga a fudugela kwa Algeria kwa monna wa gagwe a neng a bula ofisi ya ANC ka 1963. Ka nako eo ba ne ba gatisa dipampitshana ba di anamisa gore ba bone kemo nokeng ya tlhopho. O tseneletse dikopano tsa mafatshefatshe a emetse basadi ba ANC a etela mafatshe a mangwe a tshwana le Russia le China. O ne a nna mothusa moemedi wa ANC kwa bokone jwa Aforika ka 1966. Go tswa ka 1968 go tsena 1974, e ne e le moemedi wa ANC kwa ofising ya bokwaledi ya International Pan African. O tseneletse dikopano tse dingwe go leka go tsibosa batho ka sepolotiki sa kwa Aforika Borwa. Dikopano tse e ne e le tsa Women's International Federation, Organization of African Union le Afro-Asian Solidarity. O ne a fudugela kwa London ka 1975 a bereka e le mothusa modulasetilo wa lekalana la London la ANC le la bomme.
O boetse Aforika Borwa ka 1999 morago ga monna wa gagwe a sena go tlhokafala kwa London.[4] Ngwaga one oo o ne a kwala buka ya botshelo jwa gagwe ya "My Life in the Struggle: Mangoana o Tsoara Thipa ka Bohaleng".[2]
O nnile kwa kgaolong ya Ramohlokana gaufi le Kapa Botlhaba go filthelela a tlhokafala ka Lwetse 2003. O tlogetse kgaitsadie Caiphus Tsiu, monnawe wa mosadi Ruth Molly Mpati Tsiu-Tlhagwane, morwadie Nosipho Malie-Resha le bana ba bana Nomonde, Malie, Mwelisi, S'busiso, Nobubele le Buhle Mkhwanazi.[5]
Ditlotla
[fetola | Fetola Motswedi]Ka Moranang a le masome mabedi le bobedi ngwaga wa 2008, o ne a atswiwa ka Order of Luthuli ya selefera ka seabe sa gagwe se se gaisang mo kgaratlhong kgatlhanong le puso ya tlhaolele kwa Aforika Borwa le go lwela tekatekano ya bong mo setshabeng.[6]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 Pamela E. Brooks. Boycotts, Buses, and Passes: Black Women's Resistance in the U.S. South and South Africa. Univ of Massachusetts Press, 2008
- 1 2 Maggie Resha (1923-2003): Quotation, Sophiatown Renaissance, 1952-1960. New African Movement. Accessed 02 December 2025
- ↑ Resha, M. (1991) ‘Msngoana O Tsoara Thipa Ka Bphaleng’: My Life in the Struggle. Great Britain: SA Writers
- ↑ Women Marching Into the 21st Century: Wathint' Abafazi, Wathint' Imbokodo. HSRC Press, 2000 Page 40-41
- ↑ Maggie Resha (1923-2003): Intellectual Sketch, Sophiatown Renaissance, 1952-1960. New African Movement. Accessed 02 December 2025
- ↑ The Order of Luthuli in Silver: Profile of Magdalene Maggie Resha. Accessed 02 December 2025