Jump to content

Mahalapye

Go tswa ko Wikipedia
Mahalapye
Mahalapye is located in Botswana
Mahalapye
Mahalapye (Botswana)
Kgaolo
Legare
Setshaba
41,316
Elevation
1,009 m (3,310 ft)

Mahalapye Ke motse toropo oo mo kgaolong ya Legare ya Botswana. Motse o o na le banni ba ka tshwara dikete di le masome a mane le bongwe[1] mme o bapile le tsela e kgolo e e fa gare ga toropo kgolo ya Gaborone le toropo ya bobedi e e nang le batho ba bantsi Francistown. Mahalapye o na le maemelo a dibese, matimela, dihotele di le pedi le lefelo la marekisetso le le nang le marekisetso a le mantsi le marekisetso a dijo tse di bofefo, Water Shed mall ke selo sa bosheng se se ngokang ba ba tsamayang go tswa Gaborone go ya Francistown. Gape e na le diteišene di le mmalwa tsa leokwane, dingwe di bulwa diura di le masome a mabedi le bone ka letsatsi. Ka gonne toropo eno e le mo ntlheng ya sekaka sa Kalahari, le ditsela tsa yone tsa metsi tsa lefelo leo di omile thata, kwantle ga ka nako ya dipula. Mo dinakong tsa bosheng, e fetogile toropo e e siametseng maemelo a batsamai ba ba yang le go boa Gaborone.

Dikgotla tse di ka fitlhelwang mo Mahalapye ke; Botalaote, Madiba, Flower Town, Boseja, Bokaa, Thomadithotse,Tshikhinyega, Mowana, Dilaene. Motse o o dikaganyeditswe ke metse ya Shoshong mo bophirima tsatsi,le Palapye ko bokone.

Motse ono o mo Tropic ya Capricorn. Ka jalo mo e ka nnang ka diura tsa 13:11 ka Sedimonthole 21, kgotsa ka nako ya sethoboloko sa letsatsi ka letsatsi la Selemo , letsatsi le tla bo le le kwa godimo ga tlhogo ka tlhamalalo mo lefelong leno. Go tshwaya karolo eno ya thutafatshe go na le sefikantswe se sennye fela kwa ntle ga toropo mo phalale ya bo 23 , kgotsa dikirii di le 23 kwa Borwa jwa ekhweitha. Ka nako e letsatsi le tlhamaletse fa godimo ga sefikantswe seno kwa letsatsi le fitlhang kwa ntlheng ya lone e e kgakala thata kwa Borwa. Mo nakong eno ga go na moriti mo sefikantsweng. Thempheretšha e e kwa godimo e e kileng ya kwadisiwa kwa Mahalapye e ne e le 41.9 °C (107.4 °F).[2] Themphereitšhara e e kwa tlase thata e e kwadisitsweng kwa Mahalapye e ne e le −6.0 °C (21.2 °F).[2]

Ba Tirelo ya Dikgolegelo tsa Botswana (BPS) ba tsamaisa Kgolegelo ya Mahalapye.[3]

Batho ba ba Itsegeng

[fetola | Fetola Motswedi]

Modiragatsi, mokwadi le mokwadi wa diterama Donald Molosi o tsholetswe kwa Mahalapye ka ngwaga wa 1985.[4]

Duma Boko, tautona wa lefatshe la Botswana o tsholetswe kwa Mahalapye ka ngwaga wa 1969.

Ditlhabololo Tsa Motse

[fetola | Fetola Motswedi]

E rile mo bosheng dikago tsa sepatela le sepodise tsa mahalapye di ne tsa fudusediwa kwa bophirima jwa motse oo, kwa Parwe gaufi le letamo .

Motse o, o na le dikole tse di mmalwa, tse di potlana di le lesome le boraro, tse dikgolwane dile tlhano le se setona se le sengwe.

Tse di Potlana

[fetola | Fetola Motswedi]

Tse Dikgolwane

[fetola | Fetola Motswedi]

Se setona

[fetola | Fetola Motswedi]
  1. "2011 Census". Archived from the original on 11 January 2013
  2. 1 2 Botswana's Climate". Meteorological Services Botswana. Archived from the original on 3 December 2008. Retrieved 18 July 2021
  3. Prisons and Rehabilitation." (Archive) Government of Botswana. Retrieved on 26 March 2013
  4. "Interview with Donald Molosi | indieactivity". indieactivity. 28 February 2016. Retrieved 6 February 2018.