Maharero
| Maharero | |
|---|---|
| kgosikgolo ya BaHerero | |
| Reign | 1863 go tsena Phalane a le malatsi a supa ngwaga wa 1890 |
| Successor | Samuel Maharero |
| Tsalo | Maharero waTjamuaha 1820 Okahandja |
| Leso | 1890 Okahandja |
Maharero kaTjamuaha (o tshotswe ka ngwaga wa 1820 a tlhokafala ka Phalane a le malatsi a supa ngwaga wa 1890) e ne e le kgosikgolo ya ntlha ya morafe wa BaHerero, go tswa ka 1863 go fitlhelela a tlhokafala ka 1890. O ne okametse go kgaogana ga BaHerero mo bathong ba morafe wa Oorlam Afrikaners ga mmogo le dikgotlhang gareng ga merafe e mebedi eo, le bokolone jwa Namibia wa gompieno ke magosi a Germany.
Botshelo jwa a le mmotlana
[fetola | Fetola Motswedi]Maharero kaTjamuaha[1] o tshotswe ka ngwaga wa 1820 kwa Okahandja. Ka ngwaga wa 1843 o ne a ya le rraagwe Tjamuaha kwa Windhoek go nna le Jonker Afrikaner, kgosi wa Oorlam Afrikaners. Tjamuaha e ne e le tsala ya ga Jonker Afrikaner go fitlhela a tlhokafala ka 1861, a le mo maemong a a kwa tlase.[2]
Dikgotlhang tsa Herero-Orlam
[fetola | Fetola Motswedi]Fa Jonker Afrikaner a tlhokafala, o ne a tlhatlhamiwa ke Christian Afrikaner. Ka ntlha ya se, Maharero o ne a tsuologa kgatlhanong le Maburu. Ba ne ba tlhasela Maharero le banna ba gagwe kwa Otjimbingwe ka Seetebosigo a le lesome le botlhano ngwaga wa 1863, ntwa e mo go yone Christian Afrikaner a neng a bolawa.[3]
Motlhatlhami wa ga Christian, Jan Jonker Afrikaner o ne a sa batle go letla BaHerero go tswa mo taolong ya gagwe, ka jalo dikgotlhang di ne tsa tswelela dingwaga di le mmalwa.
Bagwebi bangwe kwa Otjimbingwe, bogolo jang Charles John Andersson le Frederick Thomas Green, ba ne ba re ntwa e ga e a siamela kgwebo, ba nna le seabe mo go rulaganyeng le go etelela pele sesole sa BaHerero. Green o ne a etelela pele sesole se se neng sa tshwara bontsi jwa dikgomo tsa morafe wa Oorlam, ka Seeteboisgo a le masome mabedi le bobedi ngwaga wa 1864 go ne ga nna le ntwa e mo go yone masole a ga Jan Jonker Afrikaner a neng a fenngwa.

Mo dingwageng tse di lesome tse di latelang, bagwebi ba basweu ba le bantsi ba ne ba goroga kwa Damaraland, go tswa kwa koloneng ya Kapa. Maharero o ne a ikuela kwa mogoging wa kolone eo. Puso ya Kapa e ne ya romela komiti morago ya gapa Walvis Bay ka 1878, le ntswa e ne e se bontlha jwa lefelo la Maharero.
Ka ngwaga wa 1880, go ne ga nna le dintwa gape gareng ga Maharero le Jan Jonker Afrikaner. Se se simolotseng e le ntwa ya mafelo a phulo e ne ya fetoga go nna ntwa kgatlhanong le Ba Nama ba ba neng ba nna mo kgaolong ya Maharero, ba le makgolo mabedi ba ne ba bolawa. Mongwe o a neng a falola ke Hendrik Witbooi, o morago a neng a etelela pele go nna kgatlhanong le Maharero.
Ba bangwe ba ba neng ba itemogela ditlhaselo ke Ikhowesin, morafe wa khoekhoe ka fa tlase ga ga Hendrik Witbooi, Maharero o ne a baya tumalano ya tshireletso monwana, a dumalana le mogogi wa Germany Heinrich Ernst Goring ka Phalane a le masome mabedi le motso ngwaga wa 1885, mme o ne a seka a neela BaHerero lefatshe. Ka ntlha ya go tlhoka go ema kgatlhanong le Witbooi ga ma Jeremane, Maharero o ne a boela morago tumalano e ka 1888 a simolola dipuisano le puso ya kolone ya Kapa. Ka nako eo go kgaratlhela Aforika e ne e tsweletse, puso ya Kapa e sena thata ya go tsenelela, le fa e ne e batla, ka bagogi ba Yuropa ba ne ba lemogile fa South West Africa e rotloediwa ke Germany. Maharero o ne a tlhomamisa tumalano le ma Jeremane ka Motsheganong ngwaga wa 1890.[4]
Maharero o tlhokafetse ka Phalane a le malatsi a supa ngwaga wa 1890 kwa Okahandja. Moitseanape wa ditso Heinrich Vedder o supa fa mosadi wa gagwe Kataree a ne a mo jesa botlhole go mo itsa go fetola kakanyo ka o o tlaa mo tlhatlhamang. Morwaagwe wa ntlha Samuel Maharero o ne a mo tlhatlhama go nna kgosi ya Ba Herero.[5]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ Shampapi, Shiremo (14 October 2011). "Maharero kaTjamuaha: The Consolidator of the Ovaherero Polity (1820-1890) Part II". New Era.
- ↑ Dierks, Klaus. "Biographies of Namibian Personalities, T. Entry for Ua Tjirwe Tjamuaha". Retrieved 03 October 2025.
- ↑ Dierks, Klaus. "Biographies of Namibian Personalities, A. Entry for Christian Afrikaner". Retrieved 03 October 2025.
- ↑ Dierks, Klaus. "Biographies of Namibian Personalities, M. Entry for Maharero". klausdierks.com. Retrieved 03 October 2025.
- ↑ Vedder, Heinrich (1997). Das alte Südwestafrika. Südwestafrikas Geschichte bis zum Tode Mahareros 1890 [The old South-West Africa. South-West Africa's history until Maharero's death 1890] (in German) (7th ed.). Windhoek: Namibia Scientific Society. ISBN 0-949995-33-9