Maitsholo
Tsosoloso ya boitsholo ke eng?
[fetola | Fetola Motswedi]E, ke tsela kgotsa mokgwa wa go tshola kgotsa go boloka meono le maitsholo a a rileng a a agang Loago, thata morago ga paka e e rileng ya kwelotlase le ya poelo-morago. Ke go dira ka natla ga mekgwa ya loago e e sa siamang le go aga setšhaba se se nang le meetlo le maitsholo a a siameng le se se tlhokomelang. Ka Setswana, re a re TSOSOLOSO YA BOITSHOLO ke GO THANTSHA LE GO KIKITLOLOSA MAITSHOLO A A SIAMENG. Motswana o tswa kgakala le go aga botho jwa ngwana, e le gore e re a gola, a gole a siame mme a siametse go tsena mo setšhabeng.
MAITSEO
[fetola | Fetola Motswedi]Maitseo ke eng?
[fetola | Fetola Motswedi]Maitseo ke tsela kgotsa mokgwa o motho a itsholang ka one, go raya gore ke boitsholo jo motho a itsholang ka jone.
Ke mokgwa o motho a itsayang ka one fa a le mo gare ga bathokgotsa a le mo setšhabeng.
Ke mokgwa o motho a itsayang ka one fa a le nosi, gonne fa a itsaya sentle a le nosi, o tlaa itsaya sentle le mo gare ga batho.
Sekapuo sa Setswana se a re ka ga Maitseo se a re:-
Maitseo namane ya moroba: Maitseo ke selo se se botlhokwa thata mo go ageng botho jwa motho. Gore motho a kgone go tshela sentle le batho ba a nnang le bone, a kgone go dula sentle le batho, o tlhoka go nna le maitseo. Ga se foo fela, gape gore motho a kgone go atlega mo botshelong, o tlhoka maitseo. Setlhokwa sa go tshela mo nakong ya gompieno, ke go nna le maitseo mme fa o rile jalo, o tlaa tsena le go tshela mo gare ga batho.
Sekai se segolo thata sa maitseo ke BOTHO
[fetola | Fetola Motswedi]Mongwe le mongwe o tlhoka BOTHO go nna le MAITSEO. Botho ke semelo sa motho, ke gore motho o tlhoka botho go nna motho.
Kana re ka se re phologolo kgotsa semela ga se na botho kgotsa se na le botho, ga se selo se se kayang kgotsa se se supang phologolo.
Botho ke sesupo sa motho, go raya gore motho mongwe le mongwe o tshwanetse go nna le botho. Fa re bua ka ga botho, re tlhalosa semelo sa motho se se rileng, mme semelo se se rileng se, ke sone mokgwa kgotsa tsela e motho a tshelang ka yone. Maitseo e tshwanetse go nna motheo wa kgodiso ya ngwana mongwe le mongwe mo lapeng (ke bua le bagolo le batho ba ba godisang bana)
Batsadi ba rwala maikarabelo a go ruta bana maitseo gore ba kgone go amogelesega mo setšhabeng. Ngwana yo o senang maitseo, ga a kgone go amogelesega sentle mo setšhabeng. Gonne fa a se na maitseo kwa thoko fa a kopana le setšhaba o ronkga setšhaba, o a se kokonela. Fa a tsena mo setšhabeng, setšhaba ga se mo tseye sentle ka ntlha ya gore ga a na maitseo. Maitseo ke KGARE, e e garelang ngwana go nna sentle kgotsa go tlabama sentle mo setšhabeng. Kana fa o rwalela dikgong, o di direla kgare gore di nne sentle mo tlhogong di seka tsa go kokonela tlhogo. Nako dingwe e bile o ka nna wa se ka wa di tshwara le go di tshwara fa o itse go garela sentle.
Maitseo ke kgare e e bayang ngwana gore a kgone go amogelesega mo setšhabeng. O ruta ngwana gore mogolo monge le mongwe yo a kopanang le ene mo setšhabeng ke Mme kgotsa Rre. Rre ga se Rraagwe le Mmaagwe fela. Ga a tshwanela gore fa a le kwa thoko a itshole ka tsela e e rileng, mme fa a tsena mo bathong a be a fetoga. Motho a ke a itebale, ya re a itshwere ka tsela e e ntseng jaana, ya re a kgopana le batho, a lebale gore kana o tshwanetse go itshola jang. Go tshwana le go bitsa batho ka maina, ngwana o tlaa bitsa Rangwanagwe a re Kabelo go nne a utlwile ka Rraagwe fa a bitsa monaawe. A ke re re kwa Family Gathering, o tlaa tlhabisiwa ditlhong ke ngwana gonne o tlaa dira jaaka o mo rutile.
Re le bagolo re rute bana go re ana:-
[fetola | Fetola Motswedi]- Lore lo ojwa lo sa le metsi
- Bogwera go rupa jwa thupa
- Ga e gate lore lo kgopo
- Ntšwanyana ya maiteelwa-sebatana, e bonwa mabotobotong.
- Maoto a nong ke phofa
- Phufudufu ga e tlhaletlhaleelwe, mme lemipi la yone le fetwa ke la podi, e yone e tlhatlheelwang.
- Ngwana yo o sa utlwe molao wa batsadi, o tlaa utlwa wa manong
- Pelo e ntle leswalo
- Mphemphe e a lapisa, motho o kgonwa ke saagwe
- Sa monna ga se tshabelwe, gatwe ke mono wa koto
- Maru a senang tladi malematsa
- Motlhapisa pudingolwana, ga se mo e anywi
Re dirisa dikai tse go godisa bana ba rona. Bothata ke go re, gompieno re latlhile motlhala o re neng re godisa bana ba rona ka one maloba, mme re tshwaragane le mokgwa wa seeng go godisa bana ba rona. Re ba godisa ka setaele sa Seeng se re sa itseng gore se tswa kae, se tlhamilwe ke mang a se tlhamela eng? Re ikgatholositse Ditheo tsa maloba tse di neng di re rutela bana molao e leng tsa Bogwera le Bojale, mme re di tlogeletse batho ba ba sa itseng mosola wa tsone. o Re di tlogeletse batho ba ba bolayang bana ba rona ba ba utswa e bile fa ba ba tlhatlheetse jalo, ba ba tsaya jaaka makgoba a a sa tsalwang a a setsweng mo nageng. Ø Maitseo a bonwa ka seabe sa gago mo setšhabeng, kgr seabe sa gago mo setšhabeng se kgona go lemosa maitseo a gago
Ke jaaka re re :
[fetola | Fetola Motswedi]Motho ke motho ka batho
Moroto wa o esi ga o ele
Fifing go tshwaranwa ka dikobo
Diatla di a tlhapisana.
Mabogo dinku a a thubana
Re latlhile mosele wa thuto mme re latlhegile, e bile re o latlhetse mo mosetlhong o mosetlha mme ga re kitla re tlhola re o bona bonolo. Re latlhile tsela le motlhala o re o tlogeletsweng ke mabutswa-pele a thuto ya tlhago ya maloba. Bana ba rona ba tsene mo sekgweng se se leshuthu jaaka sa sutlhe wa Mogopela. Go bosula go tlogela bana ba rona ba le mo ba leng teng gonne ba mo tatlhegong e e seng kana ka sepe tota, mme fa ba ka lemoga se, ba tlaa re tlhoboga, gonne ba tsene mo taatlheng e e seng ka na ka sepe. Re lebetse gore Motswana a re “Leroba le duleng kgomo ga le kijwe ka bobi”, re tlogetse setso sa rona. Mogapi a re, "Ga go twe re boele kwa matlalong, ditshega le makgabe, go bopelelwe ka mmu le boloko maloba, dipaka di fetogile”.
A re age setšhaba se se mosola, e seng se se rutegileng mme thutego ya sone, e sa se tswele mosola. Thutego e e leng ya boikgatsi, e o ikgantsetsang batho ba bangwe, gongwe e bile, o ba ikgantsetsa ka dithoto tsa bogodu, o ba ikgantsetsa ka dikhumo tsa bogodu o ba ikgantsetsa ka madi a bogodu, o ba ikgantsetsa ka khumo ya matsogo a a tletseng madi, o bolaile batho, malapa a sena bagolo a sena bana ka ntlha ya gago, mme o tsaya gore o humile. Kgaa! Ga o a huma, o humanegile. Ga go bontshe maitseo fa e le gore o humile, khumo ya madi, mme pelo le mowa wa gago di humanegile di sena kagiso. Lekalekanyetsa botshelo jwa gago o ithute o bo o itlwaletse go rata se e leng sa gago, mme o se tlhoe sa ga ope.
Kana mme Rona re a re “Re thetha ka Puo”