Jump to content

Makaba II

Go tswa ko Wikipedia

Makaba II (c. 1760-1824) e ne e le kgosi ya Bangwaketse go tloga ka c. 1790 go fitlha a tlhokafala ka ngwaga wa sekete makgolo a robabobedi, masome a mabedi le bone(1824). Fa a sena go tlhatlhama rraagwe e bong Moleta, ditlhaselo tsa dikgomo tsa ga Makaba kgatlhanong le merafe e mengwe di dirile gore Bangwaketse e nne morafe o o nonofileng go gaisa mo gare ga baagisani ba one. O ne a bolawa ka nako ya tlhaselo ya Bakololo mme a tlhatlhamiwa ke ngwana-wa ngwana wa gagwe Gaseitsiwe.

Kgosi wa Bangwaketse

[fetola | Fetola Motswedi]

Makaba o belegwe ka c. 1760 ke Moleta, kgosi ya Bangwaketse. O ne a tlhatlhama rraagwe ka c. 1790[1]. Makaba o ne a nna a le mo dikgotlhang le merafe e mengwe mo kgaolong eo[2]. O ne a dira ditlhaselo tse dintsi tsa dikgomo kgatlhanong le merafe e e bapileng le ene, segolo thata Bakwena, Barolong, le Batlhaping[3]. Gape o ne a tlhasela Mmanaana Kgatla, eo a neng a e laola go tloga ka 1820 go ya go 1824. Ditlhaselo tse di ne tsa letla Bangwaketse go nna morafe o o maatla go gaisa mo dikgaolong tse di e dikologileng. Makaba o ne a dirisa leruo la morafe go rotloetsa bofaladi mo nageng ya bone.[4]

Makaba o ne a na le bana ba le bararo. Ka mosadi a le mongwe o ne a tshola Tshosa le Segotshane, mme ka yo mongwe o ne a tshola Sebego. Fa dikgotlhang tsa Difaqane di simologa ka dingwaga tsa bo sekete makgolo a robabobedi, masome a mabedi (1820,) taolo ya Makaba mo Bangwaketse e ne ya wela fa barwa ba gagwe ba ne ba dira le Bakwena go mo koafatsa. Tshosa o ne a tsogologela rraagwe ka ngwaga wa sekete makgolo a robabobedi, masome a mararo (1823 ) mme a bolawa[5]. Segotshane, yo le ene e neng e le leloko la lekoko leno, o ne a tshabela kwa Barolong morago ga go fenngwa ga bone. Makaba o amogetse Robert Moffat wa London Missionary Society kwa Kgwakgwe ka kgwedi ya Phukwi kgotsa Phatwe ngwaga wa sekete makgolo a robabobedi le masome a mabedi le bone (1824.)

Loso le tatelano

[fetola | Fetola Motswedi]

Makaba o ne a bolawa ka ngwaga wa sekete makgolo a robabobedi, masome a mabedi le bone (1824) fa a ne a lwa kgatlhanong le tlhaselo ya Bakololo go tswa kwa borwa. Go ne ga akanngwa gore Sebego o ne a na le seabe mo losong lwa ga rraagwe. Jaaka moruaboswa wa ga Makaba e bong Tshosa a ne a tlhokafala, Makaba o ne a tlhatlhamiwa ke morwa wa ga Tshosa, Gaseitsiwe. Sebego le Segotshane ka bobedi ba ne ba direla jaaka babusi ba Gaseitsiwe. Loso lwa ga Makaba ne ya nna tshimologo ya motlha wa dikgotlhang mo gare ga Ba-Bangwaketse

  1. urke's Royal Families of the World. Vol. II
  2. Williamson, David (1977). Burke's Royal Families of the World. Vol. II: Africa & the Middle East. Burke's Peerage. ISBN 978-0-85011-029-6.
  3. Historical Dictionary of Botswana (5th ed.).
  4. Morton & Ramsay 2018, Introduction
  5. Morton & Ramsay 2018, Tshosa Makaba (d. 1823)