Jump to content

Makgadikgadi pans

Go tswa ko Wikipedia

Ga e a tshwanela go thakathakanngwa le letsha la Makgadikgadi.

Makgadikgadi Pans ke lefelo la matsha a letswai le le mo gare ga naga ya mafulo e e omeletseng le le kwa bokone-botlhaba jwa Botswana,ke nngwe ya diphaphati tsa letswai a matona mo lefatsheng lotlhe. Letsha le ke lone fela le le setseng la Letsha la Makgadikgadi, la pele le le neng le le legolo thata, le le kileng la bo le akaretsa lefelo le legolo go feta Switzerland, mme le ne la kgala dingwaga di le diketekete tse di fetileng. Dipatlisiso tsa bosheng jaana tsa DNA ya mafelo a a dirang maatla mo seleng ya mmele ya motho di bontsha gore Homo sapiens e simolotse go nna teng mo kgaolong e dingwaga di le dikete tse makgolo a mabedi tse di fetileng, fa e ne e le lefelo le legolo le le nonneng thata la matsha, dinoka, mekgobo ya metsi, dikgwa le mafulo a a neng a siametse gore batho ba ka nna mo go one bogolo jang batho ba ba neng ba santse ba fetoga le diphologolo tse dingwe tse di amusang.[1]

Lefelo le Tlhaloso

[fetola | Fetola Motswedi]

Makgadikgadi, e e leng kwa borwabotlhaba jwa Okavango Delta mme e dikologilwe ke Sekaka sa Kalahari, ga se lekadiba le lengwe fela, mme ke makadiba a le mantsi a a nang le sekaka sa motlhaba fa gare, a magolo go gaisa ke a Sua (Soa), Ntwetwe le Letsha la Nxai. Letamo le legolo la lone le ka nna khutlonne tse pedi tsa dikilometara tse dikete tse nne le makgolo ale borobabongwe (le khutlonne ya maele ya sekete se le sengwe le makgolo a le borobabongwe. Dikgapetla tse di omeletseng, di na le letswai ebile di dirilwe ka letsopa mo e ka nnang ngwaga otlhe, mme ka dinako dingwe di khurumediwa ke metsi le bojang, mme ke botshabelo jwa dinonyane le diphologolo mo karolong eo e omeletseng thata ya lefatshe. Seemo sa bosa sa teng se mogote ebile se omeletse mme pula e na ka metlha ngwaga le ngwaga.

Motswedi o mogolo wa metsi ke noka ya Nata e e boleele jwa dikilometara di le makgolo a mararo le masome a mararo , e e bidiwang Amanzanyama kwa Zimbabwe, e e simololang kwa Sandown e e ka nnang dikolemetara di le masome a marataro go tswa kwa Bulawayo. Noka ya Boteti e e tswang ko Okavango Delta e tlisa metsi a mannye.[2]

Metsi a a letswai a akaretsa dikhutlonne tsa kilometara di le dikete tse lesome le borataro (16 000) mo Mokgatsheng wa Kalahari mme ke one a dirang letsha la bogologolo la Makgadikgadi, le le neng la swafala dingwaga di le diketekete tse di fetileng. Go ribololwa ga dilo tsa bogologolo kwa Makgadikgadi Pan go supile go nna teng ga batho ba pele ga ditso ka go bona didirisiwa tse dintse tsa matlapa; dingwe tsa didirisiwa tseo e ne e le tsa nako e e fetileng go tlhomamisa gore di simologile pele ga motlha wa Homo sapiens.[3] Badisa ba ne ba fudisa diruiwa tse di neng di fula fa fa metsi a ne a le mantsi kwa tshimologong ya Holocene.[4]

Lefelo le le kwa tlase mo sedibeng ke Sua Pan e e nang le bogodimo jwa dimetara di le makgolo a borobabobedi le masome a le borobabongwe (boleele jwa leoto bo le dikete tse pedi le makgolo a borobabongwe le masome a mabedi).[5]

Thutafatshe

[fetola | Fetola Motswedi]
Metsi a a Wang a Victoria a na le ditso tse di tshwanang le ya Makgadikgadi le Kalahari

Fa letsha la Makgadikgadi la bagologolwane le ntse le ngotlega, le ne la tlogela mabopo a masalela, a a bonalang thata mo karolong e e kwa borwabophirima jwa mokgwatsha.[5] Fa letsha leno le ntse le ngotlega go ne ga bopega makadiba a le mantsi a mannye a a nang le mabopo a mannye ka iketlo. Dithapo tsa masalela tse di kwa bogodimong jwa dimetara di makgolo a le borobabongwe le masome a le mane ( boleele ja leoto bo le dikete dile mararo le lekgolo) le dimetara di le makgolo a le borobabongwe le masome a mabedi ( boleele jwa leoto bo le dikete tse tharo le masome mabedi le borobabobedi) di ka bonwa motlhofo thata mo mokwatleng wa Gidikwe , kwa bophirima jwa Noka ya Boteti.[5]

Dithulaganyo tsa thutafatshe tse di bakileng go bopega ga mokgwatsha ga di tlhaloganngwe sentle. Go fopholediwa gore go ne go na le go sokama mo go bonolo ga legogo, ka go sutega ga dikarolo tsa lefatshe mo go iketlileng e e tsamayang le go thubega ga lefatshe le le amanang le yone; le fa go ntse jalo, ga go na diphoso tse di botlhokwa tsa molelwane wa dijana tse di supilweng.[5][6]Molagare e kgolo ya mokgatsha wa go wela ga tlase lefatshe e e golang e tsamaya bokonebotlhaba go ya kwa borwabophirima.[7]

Lefelo le le itsege ka ditlhare tsa bo-Baobab (moana) le mosepele o motona wa diphologolo jaaka dipitsi (zebras).[8] Seteisane sa diterena sa Gweta ke sone se gaufi le go tsena mo matsheng a.Fa dipula di sena go na, matsha a a tlala metsi mme a gogele dipalo tse dintsi tsa dinonyane jaaka bo-flamingo. Gape, go na le mosepele o motona wa dipitsi (zebras) le dikokong (wildebeest) tse di tlang go fula bojang bo bo talana.[9]

Mowana (Adansonia) mo Lefelong la Bosetšhaba la letsha la Makgadikgadi

Matsha a ka botsone ke sekaka se se letswai se botshelo jwa sone fela jwa dimela e leng boalo jo bo tshesane jwa bolele bo bo botala jwa loapi le botala jwa tlhaga. Le fa go ntse jalo dintlha tsa letsha ke mekgobo ya metsi a letswai mme go ya kwa ntle tse di dikologilwe ke naga ya bojang mme morago ga moo mafulo a ditlhatshana. Ditlhare tsa bogologolo tsa baobab tse di fitlhelwang mo lefelong le di bereka ele matshwao a lefelo leo. Nngwe ya tsone, e e bidiwang ka James Chapman, e ne e le poso e e seng ya semmuso ya batlhotlhomisi ba lekgolo la lesome le borobabongwe la dingwaga. [10]

Diphologolo

[fetola | Fetola Motswedi]
Go fuduga ga megolori kwa letsheng la Makgadikgadi

Diphologolo tse potlana ka palo tsa naga di ka nna teng fa ka paka e e bogale ya komelelo ya diphefo tse di maatla tse di mogote le metsi a a letswai fela, fela morago ga pula, letsha le nna bonno jo bo botlhokwa jwa diphologolo tse di fudugang go akaretsa dikgokong le nngwe ya dipalopalo tse dikgolo tsa dipitse tsa naga mo Aforika, le diphologolo tse dikgolo tse di jang diphologolo tse dingwe . Paka ya dipula gape e tlisa dinonyane tse di fudugang jaaka dipidipidi, dikgantshe le di-pelican tse dikgolo tse ditshweu. Letsha ke legae la nngwe ya dipalopalo tse pedi fela tse di tsalang tsa megolori e megolo kwa borwa jwa Aforika, mme fela mo letsheng la Soa, e e leng karolo ya dipane tsa Makgadikgadi. Palo e nngwe e e tsalang e kwa Etosha, kwa karolong e e kwa Bokone jwa Namibia. Dinonyane fela tse di leng teng fano ka paka ya komelelo bo mtshwe, dinonyane tse di nang le dithapo tse i mmala o borokwa jo bohibidu (Charadrius pallidus) le dinonyane tsa Kittlitz (Charadrius pecuarius). Dikgaolo tsa bojang tse di mo dintlheng tsa letsha ke legae la digagabi jaaka dikhudu, motlhokomedi wa matlapa (Varanus albigularis), dinoga le mekgantitswane go akaretsa le agama e e naleng mmitlwa e e fitlhelwang mo Makgadikgadi (Agama hispida makgadikgadiensis). Metsi a letswai a kgaolo eo ke legae la setshedi se se bidiwang Moina belli se se bidiwang cladoceran.

Matshosetsi le tshomarelo

[fetola | Fetola Motswedi]

Matsha a letswai ga a amogele baeng mme go tsenelela ga batho go nnile go nnye, ka jalo di sala di sa kgorelediwe gotlhelele, le fa lefatshe le le dikologileng matsha le dirisiwa go fula mme mafelo mangwe a terateletswe, go thibela go fuduga ga diphologolo tsa naga. Ditiro tsa kgwebo tsa segompieno tsa go ntsha letswai le molora wa soda di simolotse kwa Sua Pan ka ngwaga wa1991, mme gape go na le dithulaganyo tsa go faposa metsi go tswa mo Nokeng ya Nata go ya go nosetsa, se se neng se tla baka tshenyo e e masisi mo thulaganyong ya tikologo ya letsha la letswai. Matshosetsi a mangwe ke go dirisa dibaesekele tsa maoto a mane le dikoloi tse di sa tsamayeng ka tsela ke bajanala, e leng se se tshwenyang ditlhopha tse di tsalang tsa megolori. Go tsoma go se ka fa molaong momafelong a bosetšhaba ke bothata jo bo tswelelang pele.[citation needed]

Go na le mafelo mangwe a a sireleditsweng mo teng ga lefelo la Bosetšhaba la Makgadikgadi le letsha la Nxai . Lefelo la Diphologolo la matsha a Makgadikgadi le na le dipitse tsa naga le dikgokong go tswa kwa Nokeng ya Boteti go kgabaganya go ya kwa Ntwetwe Pan, fa lefelo la Tshireletso la Nata kwa Sua Pan e le lefelo la go bona diphologolo tsa dinonyane le lekganyane. Kwa letsheng la Nxai mewana tse di takilweng ke motaki wa lefatshe la Britain wa lekgolo la lesome le borobabongwe ka dingwaga e bong Thomas Baines di santse di bonala. Lefelo le le ka fitlhelelwa fa gare ga toropo ya Nata le Maun, kgotsa go tswa kwa toropong ya Gweta.

Ditshwantsho

[fetola | Fetola Motswedi]
Colony of meerkats (Suricata suricatta)

Bona gape

[fetola | Fetola Motswedi]
  1. ↑ Chan, E. K. F., 2019. Human origins in a southern African palaeo-wetland and first migrations. Nature doi: 10.1038/s41586-019-1714-1
  2. ↑ The Lake That Completely Disappeared In Botswana | Our World, retrieved 15 August 2022
  3. ↑ C. Michael Hogan (2008) Makgadikgadi, The Megalithic Portal, ed. A. Burnham
  4. ↑ Chris McIntyre (2008) Botswana: Okavango Delta, Chobe, Northern Kalahari, Bradt publishers, 502 pages ISBN
  5. 1 2 3 4 Helgren, David M. (1984) "Historical Geomorphology and Geoarchaeology in the Southwestern Makgadikgadi Basin, Botswana" Annals of the Association of American Geographers 74(2): pp. 298–307, page 299
  6. ↑ Cooke, H. J. (1980) "Landform evolution in the context of climatic change and neo-tectonism in the Middle Kalahari of north-central Botswana" Transactions, Institute of British Geographers 5: pp. 80–99, pages 83-84
  7. ↑ Cooke, H. J. (1980) "Landform evolution in the context of climatic change and neo-tectonism in the Middle Kalahari of north-central Botswana" Transactions, Institute of British Geographers 5: pp. 80–99, page 85
  8. ↑ https://www.worldwildlife.org/ecoregions/at0908
  9. ↑ https://www.botswanatourism.co.bw/explore/makgadikgadi-pans
  10. ↑ Sissons, Mark (31 October 2010). "Makgadikgadi Pans - Kalahari safari stirs the soul". Hearst Communications Inc. Retrieved 31 October 2010.

Dikgokagano tsa kwa ntle

[fetola | Fetola Motswedi]