Makoti
Ponalo
Makoti ke lereo la Borwa jwa Aforika, le dirisiwa thata mo dipuong tsa SeNguni, le kaya monyadiwa, mosadi yo o sa tswang go nyalwa, kgotsa ngwetsi.[1] Lereo le gantsi le dirisiwa ke monna kgotsa lelapa la monyadi le morafe wa bantsho ka kakaretso go kaya monyadiwa. Go tsenngwa ga makoti mo bokaong go supa setso se se fetang kgakala.
Hisetori
[fetola | Fetola Motswedi]Go tloga kwa tshimologong ya dinako
[fetola | Fetola Motswedi]Go tloga fela kwa tshimologong ya nako, lenyalo e ntse e le selo. Go tswa mo malatsing a borraaronamogolo ba ba neng ba nyala le go tsaya basadi mo lenyalong go tlhomama go ikaegilwe ka taelo e e neetsweng ke Modimo ya gore motho o tshwanetse go nna le bana le go ata.
Go tswa mo baebeleng
[fetola | Fetola Motswedi]Ka jalo, molawana, molao le taelo ya lenyalo di tswa mo Baebeleng go tswa kwa tshimologong ya nako. Seo se mo go Genesise kgaolo 1 temana 28. [2]