Malatsi a boitapoloso mo Botswana
Malatsi a boitapoloso mo Botswana a laolwa ke babereki ba puso ba ba neelwang nako ya boitapoloso e e duelelwang. Lenaneo la malatsi a boitapoloso la puso le solegela molemo thata babereki ba puso le dikgwebo tse si laolwang ke puso. Malatsi a mangwe a boipuso a tshwana le letsatsi pele ga Matsalo a Morena, ke a a tlwaelesegileng go dirwa letsatsi le le duelelwang, go tswa mo mohiring.
Malatsi a boitapoloso a Sekeresete jaaka letsatsi la matsalo a ga Jeso Keresete le Labotlhano o o molemo a a ketikiwa, o tsaya malatsi a boitapoloso go a letlelelwa mo malatsing a mangwe a sedumedi. Sekai, bana ba sekolo ba bangwe le babereki ba tsaya malatsi go ipelela malatsi a boitapoloso a tumelo ya Islam, Hinduism kgotsa a mangwe. A le fa go sa tswalwe dikgwebo a a ipelelwa: letsatsi la baratani, letsatsi la bomme le letsatsi la borre.
Malatsi a boikhutso a setšhaba
[fetola | Fetola Motswedi]Malatsi a boikhutso mo Botswana a laolwa ke palamente ya Botswana. Bontsi jwa babereki, ba puso le ba ba ikemetseng, ba na le tshwanelo ya go tsaya letsatsi ba le duelelwa.[1] Le fa go ntse jalo, bahiri bangwe ba kgona go tlhoka gore babereki ba bereke ka letsatsi leo, mme mmereki o tshwanetse go amogela letsatsi a sa theogela go emeletsa letsatsi leo kgotsa a duelwe sephatlo kgotsa madi a gagwe a kgwedi gabedi.[2]
Malatsi a boikhutso mo Botswana
[fetola | Fetola Motswedi]| Letsatsi | Leina | Kakgelo |
|---|---|---|
| 1 - 2 Firikgong | Ngwaga o mošha | Go ipelela letsatsi la ntlha la ngwaga mongwe le mongwe |
| Mopitlo kgotsa Moranang | Labotlhano o o molemo | Go ikgopotsa papolo ya ga Jesu Keresete |
| Mopitlo kgotsa Moranang | Mosupologo o o molemo | Go ipelela go tsoga ga ga Keresete mo baswing [3] |
| Motsheganong a rogwa | Letsatsi la babereki | go ipelela dikatlego tsa babereki [4][5] |
| Motsheganong kgotsa Seetebosigo | Tlhatlogo ya Morena | go ikgopotsa go tlhatlogela kwa legodimong ga ga Jeso Keresete.[6][7] |
| Phukwi a rogwa | Letsatsi la ga Sir Seretse Khama | Go ipelela matsalo a ga tautona wa ntlha wa lefatshe[8] |
| Mosupologo wa boraro le Labobedi wa Phukwi | Letsatsi la bo tautona | letsatsi le lengwe la boitapoloso le le tshwarwang ka Mosupologo wa boraro le Labobedi ka Phukwi.[9] |
| Lwetse a le masome mararo | Letsatsi la Botswana | Go ipelela boipuso jwa lefatshe la Botswana go tswa mo United Kingdom ka Lwetse a le masome mararo ngwaga wa 1966.[10] |
| Morule a le masome mabedi le botlhano | Letsatsi la matsalo a ga Jeso Keresete | Go ipelela matsalo a ga Keresete. |
| Morule a le masome mabedi le borataro | Letsatsi la dimpho | le sala morago la matsalo a ga Keresete, ke letsatsi le batlhanka le babereki ba diatla ba amogelang dimpho tse di bidiwang bokose ya matsalo a ga Keresete mo bahiring ba bone le bareki.[11] |
Malatsi a boitapoloso a tumelo le ngwao
[fetola | Fetola Motswedi]Malatsi a boitapoloso a tumelo le ngwao mo Botswana a supiwa ke pharologanyo ya ditumelo le ditiro.
Malatsi a Sekeresete
[fetola | Fetola Motswedi]Dikgwebo dingwe tse di ikemetseng le metheo e mengwe e a tswala ka letsatsi la Labotlhano o o molemo. Mmaraka wa madi le thekiso o a tswalwa ka letsatsi le. Bontsi jwa mabentlele a tswelela a butswe le ntswa mangwe a tswalwa pele ga nako e e tlwaelesegileng. Dikolo tsa puso di a tswalwa, ka letsatsi leo kgotsa e le bontlha jwa malatsi a boitapoloso a paka eo. Poso e a bula, dibanka tse di laolwang ke puso ga di tswale ka letsatsi le.
Dikompone di le dintsi, di akaretsa dibanka, marekisetso, le mabentlele a a ikemetseng a a bulang ka Tshipi a a tswala ka letsatsi le.
| Letsatsi | Leina | Kakgelo |
|---|---|---|
| Tlhakole a le lesome le bone | Letsatsi la baratani | |
| Tlhakole, Mopitlo (ka malatsi a a farologaneng) | ||
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "Botswana Public Holiday Act" (PDF).
- ↑ "BSE - Public Holidays and None Trading days". www.bse.co.bw. Retrieved 19 August 2016.
- ↑ Vicki K. Black (1 July 2004). The Church Standard, Volume 74. Church Publishing, Inc. ISBN 9780819225757. Retrieved 25 September 2025.
In parts of Europe, the eggs were dyed red and were then cracked together when people exchanged Easter greetings. Many congregations today continue to have Easter egg hunts for the children after the services on Easter Day.
- ↑ Marsh, James H. "Origins of Labour Day". Retrieved 25 September 2025
- ↑ "History of Labour Day". National Labour Day 2008. Jamaica Information Service. Archived from the original on 25 September 2025
- ↑ "Feast of the Ascension of Our Lord and Savior Jesus Christ". Greek Orthodox Archdiocese of America. 2015. Retrieved 25 September 2025.
The Feast of the Ascension of our Lord God and Savior Jesus Christ is celebrated each year on the fortieth day after the Great and Holy Feast of Pascha (Easter). Since the date of Pascha changes each year, the date of the Feast of the Ascension changes. The Feast is always celebrated on a Thursday.
- ↑ "Rules to Order the Christian Year". Church of England. 2015. Retrieved 25 September 2025
Rogation Days are the three days before Ascension Day, when prayer is offered for God's blessing on the fruits of the earth and on human labour. The nine days after Ascension Day until Pentecost are days of prayer and preparation to celebrate the outpouring of the Spirit.
- ↑ Mmegi Online :: A glimpse of Seretse Khama's legacy". 26 April 2007. Retrieved 25 September 2025
- ↑ "Botswana Presidents Day". aglobalworld.com. Retrieved 25 September 2025
- ↑ "Botswana profile - Timeline". BBC News. 5 August 2016. Retrieved 25 September 2025
- ↑ (pseud.), Peter Parley (1 January 1838). Tales About Christmas. Thomas Tegg and Son.