Maleke(Kwena)
Ponalo
Maleke(Kwena) | |
|---|---|
| Title | Regent of the Bakwena |
| Term | Began c. 1798 |
| Predecessor | Legwale |
| Successor | Tshosa (regent) |
| Batsadi(s) |
|
Maleke e ne e le molaodi wa morafe wa Kwena. E ne e le ngwana wa ga kgosi Seitlhamo e bile e le monnawe yo mmotlana wa ga kgosi Legwale. Maleke
o ne a nna mmusi wa Bakwena morago ga gore Legwale a tlhokafale c. 1798. Jaaka kgosi, Maleke o ne a etelela pele tlhaselo kgatlhanong le motse mongwe wa Bangwaketse kwa Kanye go ipusolosetsa loso lwa ga rraagwe.[1] O ne a fisa motse, mme go bolelwa fa a bolaile Tawana, malome wa moeteledipele wa motse, Makaba.[2]Morago ga nako e khutshwane, Maleke o ne a bolawa ke bolwetse jwamatsetse morago ga go longwa ke ntša. O ne a tlhatlhangwa jaaka molaodi ke monnawe yo mmotlana e bong Tshosa go fitlhela morwa Legwale e bong Motswasele II a nna kgosi c. 1805.[1]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- Schapera, I. (1942). "A short history of the Bangwaketse". African Studies. 1 (1): 1–26. doi:10.1080/00020184208706566. ISSN 0002-0184.
- Schapera, I (1980). "Notes on the early history of the Kwena (Bakwena-bagaSechele)". Botswana Notes and Records. 12: 83–87. ISSN 0525-5090. JSTOR 40980796
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 Schapera 1980, p. 84.
- ↑ Schapera 1942, pp. 3–4.