Mame Bineta Sane
Mame Bineta Sane (o belegwe ka 3 Tlhakole 2000), gape a itsiwe jaaka Mama Sané, ke motshameki wa difilimi wa kwa Senegal.[1] O itsege thata ka go tshameka karolo ya Ada mo filiming ya marato ya Atlantics.
Botshelo jwa gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]O goletse kwa Thiaroye, e leng motse o o gaufi le Dakar, kwa Senegal. Ga a ka a tsena sekolo ka metlha. O ne a simolola go dira jaaka moithuti wa go roka kwa Thiaroye. [2][3]
Tiro ya gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]O ne a ise a ke a tshameke mo terameng epe pele fa a ne a tlhophiwa go tshameka karolo ya konokono mo filiming ya Atlantics ya 2019 e e neng e tsamaisiwa ke Mati Diop e le filimi ya gagwe ya ntlha. [1][ 4] Sane le ene o ne a sa tsene sekolo tota fa Diop a mo laletsa go tshameka karolo eo. Mo filiming e, Sane o ne a tshameka karolo ya 'Ada', yo o neng a bogisiwa ke moratiwa wa gagwe, Souleiman, mmogo le mokoro wa banna ba bangwe ba basha, o ne a latlhega kwa lewatleng.[ 1]
Filimi eno e ne ya bontshiwa la ntlha kwa Dakar pele ga e gololwa kwa Senegal. Filimi e e ne e na le ditshwaelo tse di siameng go tswa go batshwayadiphoso mme e ne ya bontshiwa kwa meletlong e le mmalwa ya difilimi. Moragonyana filimi e ne ya fenya Grand Prix Award kwa 2019 Cannes Film Festival.[ 5] Ka ntlha ya seabe sa gagwe, Sane o ne a tlhophiwa ke César mo kgaisanong ya Most Promising Actress mo kgaisanong ya 2020 César Awards[6] mme gape o ne a tlhophiwa mo kgaisanong ya Lumière Award for Best Female Revelation mo kgaisanong ya 2020 Lumière Awards[7] le mo kgaisanong ya Black Reel Award for Female Outstanding Breakthrough Performance mo kgaisanong ya Black Reel Awards ya 2020.[ 8]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi][1] "'Atlantics' director's touch of the supernatural is just reality for many Senegalese". Los Angeles Times. 27 December 2019. Retrieved 24 October 2020.
[2] Harding, Michael-Oliver (26 November 2019). "Meet the cast of Atlantics, Mati Diop's ghostly love story". Dazed. Retrieved 24 October 2020.
[3] Sotinel, Thomas (2 October 2019). "Mama Sané, la princesse de Thiaroye qui illumine le film « Atlantique »" [Mama Sané, the princess of Thiaroye who lights up the film "Atlantic"]. Le Monde (in French). Retrieved 24 October 2020.
[4] Qureshi, Bilal (29 November 2019). "'Atlantics' Is A Haunting Refugee Story — Of The Women Left Behind In Senegal". Northwest Public Radio. Retrieved 24 October 2020.
[5] "Cannes: à Dakar, la joie de la jeune héroïne d'«Atlantique», Grand Prix 2019" [Cannes: in Dakar, the joy of the young heroine of "Atlantic", Grand Prix 2019] (in French). Radio France Internationale. 26 May 2019. Retrieved 24 October 2020.
[6] "45th Cesar Awards (French Academy) (2020) - Films from 2019". Film Affinity. Retrieved 3 November 2021.
[7] Goodfellow, Melanie (3 December 2019). "'Les Misérables' leads nominations in France's Lumière awards". Screen Daily. Screen International. Retrieved 3 November 2021.
[8] Neglia, Matt (11 December 2019). "The 2019 Black Reel Awards (BRAs) Nominations". Next Best Picture. Retrieved 3 November 2021