Jump to content

Mandume ya Ndemufayo

Go tswa ko Wikipedia
Mandume ya Ndemufayo
Kgosi ya bofelo ya bogosi jwa Oukwanyama
Mandume ya Ndemufayo (1915)
Reign1911 go tsena 1917
SuccessorOpe
Tsalo1894
Oukwanyama
LesoTlhakole a le malatsi a marataro
Namibia

Mandume ya Ndemufayo ( o o tshotsweng ka 1894  a tlhokafala ka Tlhakole a le malatsi a marato ngwaga wa 1917) e ne e le kgosi ya bofelo ya Oukwanyama, morafe o mmotlana wa morafe wa Ovambo wa kwa Borwa jwa Angola le bokone jwa Namibia. Ya Ndemufayo o ne a tsaya bogosi ka 1912, bogosi jwa gagwe jwa nna go fitlhelela ka 1918 fa a ne a tlhokafala ka go ipolaya kgotsa go thunya ga tlhobolo fa a le mo tlhaselong go tswa mo baeteledi Pele ba kolone ba Aforika Borwa.[1] Ya Ndemufayo o tlotlomadiwa e le mogaka wa Angola le Namibia.[2]

Tse di diragetseng Pele

[fetola | Fetola Motswedi]

Bogosi jwa Oukwanyama bo ne jwa kgaoganngwa ke bokopano jwa Berlin jwa 1884 go nna dikgaolo tsa Portuguese West Africa le German South West Africa.

Fa a santse a le ngwana

[fetola | Fetola Motswedi]

Ya Ndemufayo o godile ka nako e botsuolodi bo neng bo le lwa godimo kwa bogosing jwa Oukwanyama ka ntlha ya go nna teng ga bagwebi le barongwa ba Yuropa. E le wa boraro mo lenanenong la go tlhatlhama bogosi jwa Kwanyama, kgosana o ne a nna ka letshogo la go bolawa go tswa kwa dingwageng tsa a le mmotlana.

1911 go tsena 1915

[fetola | Fetola Motswedi]

Ya Ndemufayo o ne a tsaya bogosi ka kagiso go ya ka tlwaelesego ya Kwanyama a fudusetsa bonno jwa bogosi kwa Ondjiva (kwa e leng Angola gompieno). Ya Ndemufayo o ne a koba bagwebi ba maPotokisi kwa Kwanyama go fokotsa go ya godimo ga ditlhwatlhwa. Mo gae o ne a ntsha dikitsiso le melao e e kganelang go bapalwa ga maungo a sa butswa go sireletsa kgatlhanong le komelelo le tiriso ya dibetsa e e neng e sa tlhokafale, e e neng e dirwa mo bagwebing ba Yuropa. O ne a baya le kotlhao e e gagametseng ya tlolo molao ya petelelo a letla basadi go nna le dikgomo, mo pele go neng go se ka fa molaong. Kgosi Mandume o ne a batla go busetsa khumo le katlego ya Pele ya Kwanyama kgatlhanong le tsamaiso e e bolang ya baeteledipele.[1]

Botsalano le Sekeresete

[fetola | Fetola Motswedi]

Ya Ndemufayo o ne a itsege ka go koba BaKeresete mo bogosing jwa Oukwanyama. Bontsi jwa malwapa a Sekeresete a ne a tshabela kwa bogosing jwa Ondonga kwa morafeng wa Ovambo. Ya Ndemufayo o ne a sa batle ma Katoliki a ma potokisi le maJeremane a Rhenish mo bogosing jwa gagwe.[1]

Ntwa le loso

[fetola | Fetola Motswedi]

Ga gona ope wa bakolone ba Yuropa o o kileng a gwetlha magosi a Ovambo a a nang le dibetsa go fitlhelela ka 1915 le tshimologo ya ntwa ya ntlha ya mafatshe e e neng e ntse ka nako ya lenyora. Ka nako ya ntwa ya Omongwa, ya Ndemufayo le morafe wa Kwanyama ba ne ba gana tlhaselo ya mapotokisi malatsi a le mararo. Masole a Aforika Borwa a ne a fenya  bontlha jwa bogosi jwa Oukwanyama kwa e neng e le South West Africa. Ka ntlha ya ditatlhegelo tse di kalo, ya Ndemufayo o ne a patelediwa go fudugela kwa toropokgolo ya Kwanyama kwa kgaolong ya South West Africa. Ka Tlhakole ngwaga wa 1917, morago ga gore Ndemufayo a gane go neela Aforika Borwa taolo, o ne a tlhokafala mo ntweng kgatlhanong le ma Aforika Borwa. Se se bakileng loso  se a belaelwa; mekwalo ya Aforika Borwa e supa loso lwa gagwe lo bakilwe ke tlhobolo, fa ditso tse di tlwaelesegileng le tsa molomo di supa loso lwa gagwe lo bakilwe ke go ipolaa.[1]

Bogosi jwa Oukwanyama bo ne jwa emiswa morago ga loso lwa gagwe ka 1917 go fitlha ka Tlhakole 1998 fa Cornelius Mwetupunga Shelungu o ne a nna kgosi.

  1. 1 2 3 4 Order out of Chaos: Mandume ya Ndemufayo and Oral History by Patrica Hayes in the Journal of Southern African Studies, 19.1, March 1993]
  2. Mandume ya Ndemufayo's memorials in Namibia and Angola Archived 2012-02-15 at the Wayback Machine