Marabasetata

From Wikipedia
Jump to navigation Jump to search

Marabasetata (gape e bitswa Asiatic Bazaar) ke lefelo la kgwebo le le gaufi le bogareng ba motsesetoropo wa Pitoria, Aferika Borwa. Mathonong motse wa Maraba, o ne o le go ya borwa ga mo Marabasetata, o ne wa tlhomiwa/thaiwa le go buswa ke kgosi ya Matebele, Kgosi Maraba. Leina le la Marabasetata ke la Seburu le le kayang Motse wa Maraba. 

Semotheo [baakanya | edit source]

Marabasetata e ne e le lefelo la baagi ba ditso tse di farologaneng, ka Hindu Mariamman Temple motlhomongwe e le yona letshwao tshupo le le tlhagelelang segolo setonna. Jaaka badudi ba mafelo mangwe a merafe e e farologaneng mo Aferika Borwa, jwalo ka District Six, "Fietas" and Sophiatown, banni ba Marabasetata ba ne ba hudusetswa kwa makeisheneng a semorafe-mongwe kgakala le bogare ba motsesetoropo. Dikhuduso tse di tlhotswe ke melao ya Kgethololo ya go tshwana le wa Group Areas Act. E seng jaaka Sophiatown, Fietas le District Six, yona ga ya ka ya rutlumololwa, e ile ya sala ka meago ya mathomo e mentsi, ya ya ba sediko sa bogwebi, ka mabenkele a sa ntse a le a maIndia ba e ne e le badudi ba mo pelepele.  Dikago dingwe, le ga go le jwalo, di ne di le tsa lekgotla la motsetoropo le mmuso, se sa tlisa tswelopele e e bonya.  Go tlaleletsa, lebenkele le legologolo le ile la agilwa mabenkele a a leng a maIndia.

Badudi batho batsho ba Marabasetata ba ile ba hudusetswa Atteridgeville (1945), ba maKhalathi (Coloured people) kwa Eersterus (1963), ba maIndia kwa Laudium (1968). Go na le maano a go tsosolosa once-picturesque Marabastad, le go busetsa morago tshenyego le go se tlhokomele metsesetoropo, e fela bonyanyane bo setse bo simolotswe go tloga ka 2005.

Hisitory[baakanya | edit source]

Marabasetata e theletswe ka letona la motsana o o kwa bodikela ba Steenhoven Spruit. Mo mengwageng ya di-1880s o ne a dula kwa Schoolplaas a dira jaaka toloki. Mo nakong eo maAferika a mangwe a ne a dula mo difamong/dipolaseng mo ba neng ba thapilwe e bile ba ikgethetse go dula mo nageng mo go sa agiwang teng. Schoolplaats e ne e ka se kgone go tshwara bahudugi ba botlhe, se se ile sa tlhola go ba ga baipei.  

Batho ba ile ba  tloga kwa Schoolplaats ba tshologela  leboa-bodikela, mme motsana waMaraba wa tlholega. Ka kgwedi ya Phatwe mo ngwagerng wa 1888 naga e e ile ya lekolwa ke mmuso. Lekeishene la Marabasetata le ne la tlhongwa, lona le magareng ga noka ya Apies ka mo leboa, molatswana wa Skinner ka bodikela, molatswana wa Steenhoven ka botlhaba le mmila wa De Korte ka borwa. Go ne go na le distene tse 67 tsa bolekano ba 1400 and 2500 square metera sengwe le sengwe. Badudi ba ne ba sa dumelelwa go ka ba beng ba distene, ba ne ba tshwanetse go di hira mo mmusong ka diponto tse 4 (nne) ka ngwaga. Ba ne ba dumeletswe go ikagela matlo a bona le go byala dijalo mo dipolotong tse di se nang sepe. Metsi ba ne ba akga mo dinokeng tse fapaneng tse di neng di ba dikaneditse le mo di dibeng tse di neng di le mo tulong eo. 

Lekeishene le le ne le se la poraebete, le ne le ka fa tlase ga taolo ya Transvaal Boer Republic. Ge go runya ntwa ya bobedi ya maBuru ka ngwaga wa 1899 go ne go se na melawana le metheo ka ga Marabasetata. MaAforika a a tshologetseng kwa Pitoria ka nako ya ntwa ba ne ba dula mo dikampong tsa baipei gaufi le dibaraks tsa ntwa, mo boforomelong ba ditena le mo boema setimela.  Se se feleleditse se tlhotse  ‘Marabasetata  e mphya’ mo magareng a Marabasetata le Asiatic Bazaar ka ngwaga wa 1900 ke balaodi ba masole a maBritish. ba ne ba dutse mo motsesetoropo wo go tloga ka Seetebosigo 1900  mme ba dudusa bafaladi mo lefelong/tulong le/eo.  Ka  1901 distene tse 392 kwa New Marabastad di ne di setse di na le badudi  ebile go ne go se na kgethololo e e bonagalang magareng ga maAferika, maAsia and maCalathi.

Le ge New Marabasetata e ne e tserwe jaaka bodulo jwa nakwana ba tsa masole ba ne ba fa badiredi ba bona tetla ya go ka ikagela matlo a ditena. Se se ile sa tlhola go agiwa ga meago ya le ruri jaaka dikolo le dikereke.  Kansele e ntshwa ya Teropo e ile ya thlongwa ka 1902 ebile go ne go amogetswe gore badudi ba New Marabaestata ba tla hudusetswa go mangwe a makeishene a mo lenaaneng. Ka 1903 New Marabasetata  e ne e godile e na le distene tse 412 ge Old Marabastad yona e sa na le tse 67. Yona le lekeishene la Cape Location, le le neng le le ntlheng ya borwa ba Asiatic Bazaar, e ne e wela ka fa tlase ga molao-puso ya Kansele ya Motsesetoropo ya ngwaga o o. Bothata bjo bogolo e ne e le kabelano ya metsi mme se se ile sa tsewa tsia ka mo morage ga ntwa. Ka ntlha ya go tshaba malwetsi didiba tse tsotlhe di ile tsa thibiwa/tswalelwa ka nako ya ntswa, mme thepe e le nngwe ya emela tlhagiso yotlhe ya metsi. New Marabasetata yona e ne e se na didiba goba dithepe. Go ne go na le maiteko a go lokisa se ka 1903 ka go abelana ka dithepe tse dintshi,  e fela palo e e ne e sa lekana.

Ka 1906 New le Old Marabasetata di ile tsa ba lekeishene le lenngwe. Dirate di ile tsa beiwa metheo ya matlwana le  meago di ile tsa tsengwa mo taolong. Metheo e ga ya fitlhelela ditshweetso ka ntlha ya tsamaiso e sa siamang ya masepala le gore ma Aferika a ne a sa tshwanela go ka ba beng ba naga/lefatshe ba be ba kgona go ka aga matlu a le ruri a a agegileng sentle.   Mibila e ntse e sa paviwa/ ritelwa, kabelano ya metsi e ne e sa lekana, le gona go ne go sena tsa kelelo-ditshila tse di ka kaiwang. Mekutwana e mentsi-ntsi e ne ya tlhagelela. Ka1907 maemo a ile a tlhabologa gannyane,  e fela mebila e ne ya tlogelwa mo seemong se sa kgatlhiseng mme le ka 1910 maemo a ne a sa le ka mokgwa o le a sa tswewa tsia.  Departmente ya Native Affairs e ile ya baa Kansele ya Teropo ya Pretoria molato wa tsamaiso e e sa tlhamalalng, e dirileng gore boemo bo/bjo.

Removals[baakanya | edit source]

Go hudusiwa ga badudi ba Old Marabasetata go ntse go le mo lenaane la Kansele ya Teropo go tloga ka 1903 ka 1907, ge Kansele e tsaya tshoetso  ya go aga famo e ntshwa yo go tsholola-tshila, se se ile sa diragala. Go tserwe tshoetso ya go tlosa badudi botlhe ba tulo e go ba isa lekeisheneng le le ntshwa kgakala le bogare ba mostesetoropo le go thuba/rutlomolola lekeishene la kgale. Jaanong ga latela bothata ba go bona lefelo le le siameng. Lefelo le le kwa borwa mo motheogeng wa Daspoortrand ke lona le neng go tsewa tshoetso ka lona ka 1912 mme ka Ferekgong/Janubary lenaane-kago ya lekeishene le le ntshwa ‘New Location’ le ile la simolola. le ne la akaretsa palo ya matlu a ditena a a neng a ka hirisiwa go tswa go masepala. Ka Lwetsi/Setemere mo ngwageng o na oo dikhuduso tsa mathomo di ne tsa simolola le go rutlomolola meago ya kgale le gona go ne ga simololwa.  Se e ne e le tsele e e bonya mme Old Marabasetata e ne ya thubiwa/senngwa gotlhelele ka 1920.

Go tlhokega ga phatlha-tulo ebile bothata se sa dira gore New Marabasetat (Marabasetata e ntshwa) e ne ya iphitlhela e le mo kgatakanong e e seng ka na ka sepe. Ka1923 dintlo tsa mafelelo tsa projeke ya bobedi ya mmasepala e ne e feditswe kwa lekeisaneng le le ntshwa 'New Location' le la Marabasetata. badudi ba ba neng ba exposed mo maemong a a masisi ba ile ba dumelelwa go hudugela pele ka mo go tsona. Ka 1934 ntlha nngwe ya Schoolplaats baagi ba ne ba hudusetswa Marabasetata, se se ne sa dira gore bothata ba baipei bo ate go fetisa. Go ne go se na le sebaka sa kgolo ka ntlha ya go tlhokega phatlha-tulo.

Maiteko a go rarabolola mathata a go ile gwa itlhagisa ka go thaiwa ga  Atteridgeville ka 1939. Baagi ba Marabasetata ba ne ba tlo hudusetswa moo ebile tuelelo pusetso e ne e tlo duelwa beng ba pele ba dithoto/matlo ka go ba naa dintlo tse ba ka di hirang go ba go erenta, e seng go ba beng. Ntwa e le ya dira gore tswelelo e e be bonya tota, fela ka 1949 boraro-bonne ba baagi ba Marabasetata go ya Atteridgeville, ka 1950 diphetogo di ne di konoseditswe.