Margaret Jean Redcliffe-Maud
Margaret Jean Redcliffe-Maud, Baroness Redcliffe-Maud (née Hamilton; o tshotswe ka ngwaga wa 1904 – o tlhokafetse ka kgwedi ya Ngwanatsele e tlhola malatsi ale marataro ka ngwaga wa 1993), ene ele motshameki wa piano wa Borithane.[1]
Tsa Botshelo
[fetola | Fetola Motswedi]Jean Hamilton o ne a tsene sekolo se segololwane sa Somerville College, Oxford.O ne a nyetswe ke John Maud, yo ne a tla nna Morena Redcliffe-Maud, ka kgwedi ya Seetebosigo e tlhola malatsi ale masome a mabedi ka ngwaga wa 1932 mo Oxford.[2]Ka kgwedi ya Phukwi ngwana one oo,ba ne ba tsaya loeto ka sekepe go ya Afrika Borwa ebile one a boloka bukana ya gagwe ya Sephiri e a neng a kwala ka loeto lwa gagwe mo Aforika e e rileng kwa morago ya gatisiwa jaaka buka ya phatlalala le sechaba.
Hamilton ene ele motshameki wa piano wa tlhwatlhwa. Mo bogompienong go na le seetsele sa "John le Jean Redcliffe Maud prize" mo dikgaisanong tsa diletso tsa piano kwa sekolong sa Diletso tsa mmino wa Segosi kwa Lontone.[3]
Hamilton o ne a tlhoma Mokgatlho wa Mmino wa Kholetšhe ya Yunibesithi mmogo le molekane wa gagwe wa nako eo, John Maud.[4]Konsata ya ntlha e e neng e rulagantswe ke mokgatlho ono e ne ya tshwarelwa mo ntlwaneng ya borutelo kwa 90 High Street, nngwe ya matlo a kholetšhe, ka kgwedi ya Seetebosigo e simolola ka ngwaga wa 1930. Hamilton o ne a tsamaya le seopedi sa tenor ebong Steuart Wilson.
Kaelo ya monana mo ga tsa mmino, opus 34, ke kgoboko ya mmino ya ngwaga wa 1946 e e kwadilweng ke Benjamin Britten e ka mafoko a motlhami "e kwadilweng ka lorato e kwalelwa bana ba ga John le Jean Maud: Humphrey, Pamela, Caroline le Virginia, go ba aga le go ba ntsha bodutu".[5]
E ne e le mosadi wa mong kwa Kholetšheng ya Yunibesithi, kwa Oxford, go tloga ka ngwaga wa 1963 go fitlha ka ngwaga wa 1976.[6]O ne a diragatsa dipina tsa piano mme a tlhagelela mo Univ Revue gone koo. O ne a tlogela tiro go ya go nna mo Woodstock Road kwa North Oxford le monna wa gagwe mme a tlhokafala ka kgwedi ya Ngwanatsele e tlhola malatsi ale marataro ka ngwaga wa 1993.[7]
Jean Redcliffe-Maud o boloketswe kwa mabitleng a Holywell, kwa Oxford, le monna wa gagwe.[8]
Dibuka
[fetola | Fetola Motswedi]- Redcliffe-Maud, Jean (1989). From the Cape to Cairo 1932.
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ Darwall-Smith, Robin, A History of University College. Oxford University Press, 2008, pages 460, 473, 486, 501. ISBN 978-0-19-928429-0.
- ↑ Redcliffe-Maud, John, Experiences of an Optimist: The Memoirs of John Redcliffe-Maud. London: Hamish Hamilton, 1981. ISBN 0-241-10569-2. (Dedicated to Jean Redcliffe-Maud.)
- ↑ http://www.guildmusic.com/artists/pdkeicrl.htm
- ↑ Darwall-Smith, Robin, A History of University College. Oxford University Press, 2008, page 460
- ↑ "The Young Person's Guide to the Orchestra". BBC. 7 August 2019.
- ↑ Darwall-Smith, Robin, A History of University College. Oxford University Press, 2008, pages 460, 473, 486, 501. ISBN 978-0-19-928429-0.
- ↑ Colleges, Halls, and Societies Archived 2004-12-27 at the Wayback Machine, Oxford University Gazette, Vol. 124, No. 4321, 17 March 1994.
- ↑ "Holywell Cemetery". WikiPalApp.com. Retrieved 7 August 2019.