Margaret Kenyatta
| Margaret Kenyatta | |
|---|---|
Mohumagadi wa Kenya Margaret Kenyatta | |
| Mohumagadi wa Kenya | |
| In office Moranang a robabongwe ngwaga wa 2013 – Lwetse a le lesome le boraro ngwaga wa 2022 | |
| Pele Ga Gagwe | Lucy Kibaki |
| Morago Ga Gagwe | Rachel Ruto |
| Ka Ga Ena | |
| O tsetswe | Moranang a robabobedi ngwaga wa 1964 |
| Mo/Bakapelo | Uhuru Kenyatta |
| Bana | Ba bararo |
Margaret Gakuo Kenyatta ( o o tshotsweng ka Moranang a le malatsi a robabobedi ngwagagwa 1964) ke morutuntshi wa kwa Kenya o o berekileng e le mohumagadi wa Kenya go tswa ka 2013 go tsena 2022. O nyetswe ke Uhuru Kenyatta, tautona o o sa tswang go tswa mo setilong sa botautona kwa Kenya.
Botshelo jwa gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]Maragaret Wanjiru Gakuo o tshotswe ka Moranang a le malatsi a robabobedi ngwaga wa 1964, a tsholwa ke rre wa mo kenya, Njuguna Gakuo, mookamedi wa pele wa koporase ya diterena ya Kenya, le mme wa mo Jeremane, Magdalena.[1] O tsene sekolo kwa Kianda School, St. Andrews School kwa molo, Kenya, a amogela Bachelor of Education go tswa kwa Kenyatta University.
Go lwela ditshwanelo
[fetola | Fetola Motswedi]Kenyatta o supile maikutlo a gagwe ka palo ya dikgang tsa selegae kwa Kenya, tse di akaretsang botsogo jwa bomme le bana.[2][3] Go na le lephata la bomme le bana kwa sepateleng se se reeletsweng ka ene.[2]Kenyatta o rotloeditse balwetsi go lwantsha kankere ka go tlhatlhobiwa go sale nako, ba itlhatlhobele kankere ya mabele le ya popelo[4], le go lwantsha sukiri ka go tshela botshelo jo bo siameng. Kenyatta ke mo ema nokeng wa dithulaganyo tsa thuto le bopelotlhomogi kwa Kenya, o tsere karolo mo go bulweng ga sekolo sa WE Charity kwa Narok,[5] le go rotloetsa go sirelediwa ga mafelo a ditso le digopotso.[6]
Batho ba Kenya fa ba bua ka ene gantsi ba itebaganya le kapari le maitshwaro a gagwe, ba kgala go nna bonolo ga gagwe. Fa asale a tlhomiwa, Kenyatta o eteletse pele letsholo la Beyond Zero[7], go fokotsa dipalo tsa mase a a tlhokafalang ka nako ya pelegi. Ka Phalane a le masome mabedi le bone ngwaga wa 2014, o ne a fiwa tlotla ya motho wa Kenya wa ngwaga.[8] O tsena kereke ya katoliki, gape ke moithuti wa pele wa sekolo sa basetsana sa katoliki sa Kianda.[9]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ Muriuki, Benjamin (2017-05-22). "Margaret Kenyatta, Ida Odinga and Rachel Ruto Are Teachers by Profession". Kenyans.co.ke. Retrieved 2025-10-28
- 1 2 Kahenda, Mercy. "Margret Kenyatta Mother baby unit to boost maternal health in Nakuru and environs". The Standard. Retrieved 2025-10-28
- ↑ "Kenya to take UHC lessons from Barbados, First Lady Margaret Kenyatta says". Capital News. 2019-08-09. Retrieved 2025-10-28
- ↑ "Margaret Kenyatta calls for lifestyle change to combat disease". hivisasa.com. Retrieved 2025-10-28
- ↑ Kiplagat, Robert. "First Lady roots for education in eradicating poverty". The Standard. Retrieved 2025-10-28
- ↑ Kamunde, Muraya (2019-08-10). "First Lady calls for cooperation in conservation of archaeological sites". KBC | Kenya's Watching. Retrieved 2025-10-28
- ↑ "Unveiling UHURU MUIGAI KENYATTA's wife.. Mama MARGARET WANJIRU KENYATTA". Daily Post (Kenya). March 2013. Retrieved 28 October 2025
- ↑ "Margaret Kenyatta is the 2014 UN in Kenya Person of the Year - Daily Nation". www.nation.co.ke. Retrieved 2025-10-28
- ↑ Home page of school