Margaret Okayo
Margaret Okayo (o tshotswe ka kgwedi ya Motsheganong a le masome a mararo(30) ka ngwaga wa 1976) ke motabogi wa marathone wa kwa Kenya. O fentse dikgaisano di le nne tsa World Marathon Majors ka go fenya New York City Marathon (ga bedi), Boston Marathon le London Marathon, a tlhoma direkoto di le tharo tsa tsela. Rekoto ya ga Okayo ya ngwaga wa 2003 ya New York ya 2:22:31 e ne ya nna e eme go fitlha ka ngwaga wa 2025, le fa go na le dikgwetlho tsa bangwe ba batabogi ba ba gaisang ba lefatshe ba ba nang le mosola wa thekenoloji e e tokafaditsweng ya ditlhako.[1] Gape o fentse San Diego Marathon gabedi.
Hisitori
[fetola | Fetola Motswedi]Margaret Okayo o ne a simolola go taboga fa a ne a le kwa sekolong sa poraemari. O ne a aloga kwa Sekolong se Segolwane sa Itierio, se se gaufi le toropo ya Kisii, ka 1993. O ne a thapiwa ke Kenya Prisons Service, legae la batshameki ba marathone ba basadi ba ba gaisang mo nageng, ka ngwaga wa 1995 koo a godisitseng tiro ya gagwe ya go taboga.[2]
Kwa Metshamekong ya Commonwealth ya 1998 o ne a fetsa a le wa botlhano mo metshamekong ya dimetara di le 10 000. O ne a fetsa a le lesome le boraro kwa IAAF World Half Marathon Championships ka ngwaga wa 1999.
Gareng ga dikgaisano tsa gagwe tse di atlegileng thata ke go fenya New York Marathon ka 2001 le 2003, Boston Marathon ka ngwaga wa 2002 le London Marathon ka ngwaga wa 2004. O sa ntse a na le rekoto ya go taboga ka lobelo lo logolo mo New York Marathon le kwa Boston Marathon.
Ditshelo tse dingwe tsa marathone tse Okayo a di fentseng di akaretsa Milan ka ngwaga wa 2003, San Diego ka ngwaga wa 2000 le ngwaga wa 2001. O ne a emela naga ya gaabo ya Kenya kwa Metshamekong ya Diolimpiki ya Selemo ya ngwaga wa 2004 kwa Athene, kwa Gerika, mme ga a ka a fetsa marathone. Ngwaga le ngwaga o fetsa dikgwedi di le tharo a thapisiwa kwa Italy.
O ne a fenya halofo ya marathone ya Udine ka ngwaga wa 2003 mme a fetsa a le wa boraro ka ngwaga wa 2008 kwa Roma-Ostia Half Marathon.[3][4]
Okayo ke wa lotso lwa Gusii. O laolwa ke Federico Rosa mme o katisiwa ke Gabriele Rosa.
Diphelelo
[fetola | Fetola Motswedi]| Year | Competition | Venue | Position | Event | Time |
|---|---|---|---|---|---|
| 1999 | Chicago Marathon | Chicago, IL, United States | 2nd | 2:26:00 | |
| 2000 | Rock 'n' Roll San Diego Marathon | San Diego, CA, United States | 1st | 2:27:05 | |
| New York City Marathon | New York, NY, United States | 3rd | 2:26:36 | ||
| 2001 | Rock 'n' Roll San Diego Marathon | San Diego, CA, United States | 1st | 2:25:05 | |
| New York City Marathon | New York, NY, United States | 1st | 2:24:21 | ||
| 2002 | Boston Marathon | Boston, MA, United States | 1st | 2:20:43 | |
| Milan Marathon | Milan, Italy | 1st | 2:24:59 | ||
| 2003 | Boston Marathon | Boston, MA, United States | 4th | 2:27:39 | |
| New York City Marathon | New York, NY, United States | 1st | 2:22:31 | ||
| 2004 | London Marathon | London, United Kingdom | 1st | 2:22:35 | |
| Olympic Games | Athens, Greece | — | DNF | ||
| New York City Marathon | New York, NY, United States | 4th | 2:26:31 | ||
| 2005 | London Marathon | London, United Kingdom | 4th | 2:25:22 | |
| 2006 | London Marathon | London, United Kingdom | 9th | 2:29:16 |
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ Turnbull, Simon (16 April 2023). "Ndereba and Okayo – the marathon greats who blazed a trail for Kenyan women". World Athletics. Retrieved 16 April 2023.
- ↑ "Kenya: Athletics - Prisons Staff Line Up for National Meet". Daily Nation. AllAfrica. 31 May 2007. Retrieved 20 April 2010
- ↑ "Italian road race season off to flying start with Bekele and Okayo". IAAF. 30 September 2008. Retrieved 9 May 2016
- ↑ "Women's course record goes at Rome-Ostia Half Marathon with 1:09 run". IAAF. 28 February 2008. Retrieved 9 May 2016