Margaret Wright
Margaret F. Wright (née Nusom; ka kgwedi Sedimothole a le lesome le botlhano (15), ka ngwaga wa 1921- go ya ko kgwedi Motsheganong e le lesome le bongwe (11) ka ngwaga wa 1969)[1][2][3][4]e ne e le moemedi wa mokgatlho wa boraro wa Moporesitente wa United States mme e le molweladiphetogo wa setšhaba kwa Los Angeles, California.
Wright e ne e le modiri wa kwa lefelong la go dira dikepe ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II, mme e ne e le mongwe wa batshameki ba ba neng ba tshameka mo filiming ya The Life and Times of Rosie the Riveter. Mo ditlhophong tsa ngwaga wa 1976 tsa boporesidente tsa United States, Wright o ne a emela People's Party, mme molekane wa gagwe e ne e le Benjamin Spock, yo o neng a le mokgethisi wa bone wa botautona ka ngwaga wa 1972. Setlhopha sa Kagiso le Kgololesego le sone se ne sa tshegetsa tekete ya bone. Di-sticker tse di neng di pegilwe mo ditseleng tsa dikoloi di ne di mo itsise gore ke "Mosošalise yo o Tla Tlhophang go Nna Poresidente". Tekete e amogetse diboutu di le 49,016 (0.06%).[5] Wright gape e ne e le mosimolodi le molweladiphetogo wa Women against Racism kwa karolong ya Watts kwa Los Angeles.
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "Rosie the Riveter for President: Margaret Wright, the People's Party, and Black Feminism". November 8, 2016
- ↑ "Grandma tosses bonnet in ring". Star-News. Wilmington, N.C. United Press International. October 9, 1975. Retrieved October 17, 2010.
Margaret Wright ... the 52-year-old black activist from Los Angeles
- ↑ "New Look at White House Vowed". Toledo Blade. AP. August 8, 1976. p. A-3. Retrieved October 17, 2010.
Margaret Wright, of Los Angeles, launched her presidential campaign this weekend .... The 54-year-old grandmother accepted the nomination of the radical People's party Friday ...
- ↑ "Margaret F. Wright". California, U.S., Death Index, 1940–1997. Retrieved March 14, 2023.
- ↑ "Election results". uselectionatlas.org. 1976