Jump to content

Mariam Sultan

Go tswa ko Wikipedia

Mariam Sultana ke mmantswitswidi wa tsa lowapi wa kwa Pakistan.

Sultana o weditse dithuto tsa gagwe tsa bongaka ka astrophysics kwa University of Karachi ka fa tlase ga tlhokomelo ya Nuritdinov Salohitdin Nasritdinovich ka 2012. Ke mosadi wa ntlha go bona Ph.D. mo astrophysics kwa Pakistan. Sultana o ruta jaaka mothusa moporofesa kwa Federal Urdu University of Arts, Science and Technology. [2]

Kitso ka gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Mariam Sultana o tswa kwa Karachi, toropo e kgolo go di feta tsotlhe kwa Pakistan. O ne a amogela dithuto tsa gagwe tsa Masters of Sciences in Applied Mathematics kwa Yunibesithing ya Karachi ka 2004. O simolotse dithuto tsa gagwe tsa Ph.D. ka 2006 ka fa tlase ga kaelo ya Salakhutdin Nuritdinov.[ 3] O ne a ithutetse mo lefapheng la astrophysics mme a fetsa Ph.D. ya gagwe ka 2012. O dira mo thutodinaledi ya kwa ntle ga galase mme dipatlisiso tsa gagwe di remeletse mo go tlhaloganyeng tlhomamo le go bopega ga lowapi. Thesis ya gagwe ya bongaka e ne ya tlhatlhobiwa ke James Binney le Ana Katrin Schenk.[ 4]

Mariam o fentse Coca-Cola Beverages Pakistan Limited (CCBPL) Savvy and Successful Award ka 2015.[1] O gatisitse dipampiri tsa patlisiso di le 34 mo makwalopakeng a boditšhabatšhaba mme tiro ya gagwe e tsopotswe makgetlo a le 64.[ 6]Ke mosadi wa ntlha wa moitseanape wa thutodinaledi go tswa kwa Pakistan.

[1] "One Doctorate Too Many". Newsline.

[2] "Department of Mathematics – FUUAST". fuuast.edu.pk.

[3] Siegel, Ethan (3 September 2015). "Throwback Thursday: Pakistan's First Female Astrophysics Ph.D." Medium.

[4] Siegel, Ethan (3 September 2015). "Throwback Thursday: Pakistan's First Female Astrophysics Ph.D." Medium.

[5] "Coca-Cola holds 'S&S Awards'". Business Recorder. 4 October 2015.

[6] "Mariam Sultana".