Marie-Antoinette Mobutu
| Marie-Antoinette Mobutu | |
|---|---|
![]() Marie-Antoinette kwa Kinshasa, Morananang 1977 | |
| Mohumagadi wa Zaire | |
| In office Ngwanatsele a le masome mabedi le bone ngwaga wa 1965 – Phalane a le masome mabedi le bobedi ngwaga wa 1977 | |
| President | Mobutu Sese Seko |
| Morago Ga Gagwe | Bobi Ladawa Mobutu |
| Ka Ga Ena | |
| O tsetswe | 1941 Banzyville Belgian Congo |
| O Tlhokafetse | Phalane a le masome mabedi le bobedi ngwaga wa 1977 Genolier Switzerland |
| Mo/Bakapelo | Mobutu Sese Seko |
| Bana | Ba robabongwe ba akaretsa Kongulu Mobutu |
Marie-Antoinette Mobutu (Marie-Antoinette Gbiatibwa Gogbe Yetene o o tshotsweng ka 1942 kwa Banzyville, a tlhokafala ka Phalane a le masome mabedi le bobedi ngwaga wa 1977 kwa Genolier, Switzerland), o o itsegeng gape ka leina la Mama Mobutu, e ne e le mosadi wa ntlha wa ga Mobutu Sese Seko, gape e le mohumagadi wa Zaire.
Botshelo jwa gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]Marie-Antoinette ke wa morafe wa Ngbandi a tsholetswe kwa Banzyville (kwa e leng Mobayi-Mbongo) kwa kgaolong ya Équateur ka 1941, fa lefatshe la Congo le santse le le mo taolong ya bokolone ya Belgium. O kopane a bo a nyalana le Joseph-Désiré Mobutu, o le ene e leng wa lotso lwa Ngbandi, o morago a neng a nna lesole le le sa neelwang maemo ape mo sesoleng sa lefatshe, ka ngwaga wa 1955 a le dingwaga di le lesome le bone.[1] Ngwaga oo, o ne a belega ngwana wa bone wa ntlha wa mosimabe, Jean-Paul "Nyiwa". O tsene dikolo tsa bodiredi jwa katoliki, a ema nokeng kereke ya katoliki le ntswa monna wa gagwe a ne a gotlhagotlhana le baruti ba kereke ya katoliki morago.[2][1]
Bana
[fetola | Fetola Motswedi]Marie-Antoinette o tshotse bana ba le bantsi go feta basadi ba bangwe ba ga Mobutu, bana ba ferabongwe:
- Jean-Paul "Nyiwa"
- Ngombo;
- Manda;
- Konga
- Ngawalu
- Yango
- Yakpwa
- Kongulu
- Le Ndagbia.
Loso lwa gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]Marie-Antoinette o tlhokafetse ka ntlha ya go lwala pelo ka Phalane a le masome mabedi le bobedi ngwaga wa 1977 kwa Genolier Switzerland, a le dingwaga di le masome a mararo le borataro. Morago ga a sena go tlhokafala, sefikantswe se setona se ne sa diriwa go mo fa tlotla. O bolokilwe kwa Gbadolite, kwa ntle ga kereke e a neng a boloketswe kwa go yone pele go bapa le monna wa gagwe. Masika a gagwe a ne a fudusa setopo sa gagwe go tswa kwa kerekeng ka e ne e sentswe dingwaga fela morago ga go bolokiwa ga ga Mobutu.
Dietsele
[fetola | Fetola Motswedi]Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 Rich, Jeremy (2014). "Mobutu, Marie-Antoinette". Oxford African American Studies Center. doi:10.1093/acref/9780195301731.013.50425. ISBN 9780195301731. Retrieved 2025-10-31
- ↑ "Destins de famille(s) – Jeune Afrique". JeuneAfrique.com (in French). 2007-09-10. Retrieved 2025-10-31
- ↑ "President Mobutu visits Taiwan". Taiwan Today. 1971-05-01. Retrieved 2025-10-31
