Jump to content

Marie Christina Kolo

Go tswa ko Wikipedia
Marie Christina Kolo
Tsalo1989
TiroMolwela ditshwanelo wa seemo sa loapi, molwela ditshwanelo wa bomme, mogwebi

Marie Christina Kolo (o o tshotsweng ka 1989) ke molwela ditshwanelo tsa seemo sa loapi, molwela ditshwanelo tsa bomme le mogwebi go tswa kwa Madagascar, o o tsibositseng batho lefatshe ka bophara ka ditlamorago tsa phetogo ya seemo sa loapi kwa Madagascar, a bo a kopa popagano ya mafatshe mo go rarabololeng ditlamorago tseo.

Botshelo jwa gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Kolo o tshotswe ka 1989 a golela kwa Ambodirano.[1] Fa a santse a le ngwana, o ne a etse tlhoko ditlamorago tsa tikologo tse di neng di bakiwa ke madirelo a matsela gaufi le lolwapa lwa ga bone, a bolotsa letsholo go emisa kgotlhelo e.[1] O tsene sekolo sa Catholic University of Paris kwa a alogileng ka masters degree ya ditiro tsa kutlwelobotlhoko le go okamela ditiro tsa ditlhabololo.[2] O ne fiwa sebaka sa go ya go ithutela tiro kwa Univesrity of Maine ka 2017.[2]

Kolo o simolotse go nna matlhagatlhaga mo tirong ya seemo sa loapi ka 2015, fa a bereka e le moithaopi wa United Nations kwa kgaolong e e tshabelelwang ke komelelo ya Androy.[3] Ka nako eo, Kolo o ne a tlhama magokanyane a lewatle la Indian e le serala sa go buisana ga banana ba ba lwelang ditshwanelo ba Madagascar, Mauritius, Réunion le Seychelles.[1][2][3][4] Serala se se ne sa rulaganya gore batho ba le dikete tharo ba kgone go tsenelela mogwanto wa seemo sa loapi wa ntlha kwa Madagascar ka 2015.[1]

Kolo o tlhamile kgwebo ya Green N Kool ka 2016.[5] Lekgotla le le aga mabala a metshameko le mafelo a itloso bodutu le dirisa didirisiwa tsa matlakala a a ntšhafaditsweng, le rekisa dithoto tse di siametseng tikologo go direla sekolo se sebotlana lefolo la setšhaba madi, kwa Antananarivo le kwa Nosy Be.[3][6] Go rarabolola segajaja sa COVID-19, Green N Kool e ne ya dira molora o o siametseng tikologo o o tlhapang diatla o o dirilweng ka mafura a a jewang.[7][8] Mo lenaneong la yone la Travel Without Fear, lekgotla le bereka go rarabolola go tlhorontshiwa ka tsa tlhakanelo dikobo mo dipalamong tsa setšhaba.[1]

Ka 2018, Kolo o ne a tlhama Ecofeminism Madagascar, serala sa maranyane se se itebagantseng le phetogo ya loapi le kamano ya yone le kgokgontsho ya bong.[9][10] Ngwaga o o, o ne a atswiwa ka maemo a bobedi kwa dietseleng tsa banana ba Aforika ba ba itebagantseng le tlholego.[11]

Ka ngwaga wa 2019, Kolo o ne a tsenelela bokopano jwa 2019 jwa United Nations jo bo neng bo bua ka phetogo ya seemo sa loapi, kwa a neng a lebana le tona wa Madagascar wa tikologo, Alexandre Georget.[3] O ne a fetola ka lokwalo lo lo mo pontsheng lo lo neng lo kwaletswe tautona, Andry Rajoelina, lo kgala maitsholo a ga Georget, lo botsa ka go tlhoka go akarediwa ga balwela ditshwanelo ba banana mo bokopanong, gape lo kgala go nyaletsa batho dingwaga tsa bone le bong ga matona a puso.[3][12]

Ka Morule 2020, Kolo o ne a etelela pele setlhopha se se neng sa atswiwa ka seetsele sa botlhami sa United States ka lenaneo la go thibela kgokgontsho ya tlhakanelo dikobo le tiriso dikgoka ya bong kwa Madagascar.[9]

Ka Moranang 2021, Kolo le Paloma Costa wa kwa Brazil, ba ne ba buisana le mokwaledi mogolo wa United Nations Antonio Guterres mo puisanong ya maranyane ka kgato ya banana mo seemong sa loapi.[10][13] O buile ka dtlamorago tsa COVID-19 le phetogo ya seemo sa loapi mo lefatsheng la gagwe, jaaka leuba la 2021 go tsena 2022 kwa Madagascar, a gwetlha lefatshe ka bophara go nna seopo sengwe le mafatshe a a setseng a amilwe ke phetogo ya seemo sa loapi.[10][13]

Kolo o tseneletse bokopano jwa 2021 jwa United Nations jwa phetogo ya seemo sa loapi e le bontlha jwa baemedi ba bomme le bong.[14]

Fa ngwaga wa 2022 o ya fifing, o ne a kaarediwa mo lenaneong la BBC la bomme ba ba lekgolo.[15]

  1. 1 2 3 4 5 "Marie Christina Kolo: La lucha para que Madagascar sobreviva". Columna Digital (in Mexican Spanish). 2022-03-17. Retrieved 2026-01-28
  2. 1 2 3 "Madagascar 2017 - UMaine Mandela Washington Fellowship - University of Maine". UMaine Mandela Washington Fellowship. Archived from the original on 2023-01-19. Retrieved 2026-01-28
  3. 1 2 3 4 5 "Portrait : Marie Christina Kolo, la révoltée de Madagascar". Vanity Fair (in French). 2020-10-07. Retrieved 2026-01-28
  4. "MARIE CHRISTINA KOLO". Emerging Valley. Retrieved 2026-01-28
  5. "La Green Team". Site de green-n-kool ! (in French). Archived from the original on 2022-11-13. Retrieved 2026-01-28
  6. "Nos activités sur Tana et Nosy be". Site de green-n-kool ! (in French). Archived from the original on 2023-01-19. Retrieved 2026-01-28
  7. "MADAGASCAR: Green'N'Kool introduces ecological soap to fight Covid-19". Afrik 21. 2020-04-29. Retrieved 2026-01-28
  8. "In Madagascar, young entrepreneurs go into action to fight against the coronavirus". www.unicef.org. Retrieved 2026-01-28
  9. 1 2 "U.S. Department of State Awards Malagasy Team $24,500 for "Women Break the Silence" Project". U.S. Embassy in Madagascar. 2020-12-23. Retrieved 2026-01-28
  10. 1 2 3 "Madagascar nears a first: Famine caused by climate rather than war". Christian Science Monitor. 2021-09-16. ISSN 0882-7729. Retrieved 2026-01-28
  11. "Social and green entrepreneurship is flying the colors of Madagascar". wwf.panda.org. Retrieved 2026-01-28
  12. "Marie Christina Kolo pointe du doigt "l'âgisme et la misogynie" du ministre de l'environnement lors de la COP 25". Koragna agny (in French). 2019-12-11. Retrieved 2026-01-28
  13. 1 2 "First Person: 'Youth won't stay silent' says Madagascar climate activist". UN News. 2021-04-22. Retrieved 2026-01-28
  14. "WEDO Travel Grantees to COP26". WEDO. 2021-11-01. Retrieved 2026-01-28
  15. "BBC 100 Women 2022: Who is on the list this year? - BBC News". News. Retrieved 2026-01-28